Poko
Dipotso tse di ka tswang mo potsong ya leboko
- Leka go araba ka diele tse di tlhomameng, le ka mafoko a gago.
- Simolola ka seele se se tlhalosang gore karabo ya gago e ya go akaretsa eng, i.e thesis
statement.
- Then explain each little answer, always referring each to the poem’s main subject or
message
- Use conjunctions like, ka jalo, ka gore, etc to vary your sentence structure
- Kwa bofelong, supa gore o arabile potso ka go goboka, i.e therefore this poet has used
these figures of speech to drive home the impact of the poem etc
1. Fa potso e re, supa gore mmoki o altegile jang mo lebokong le?Supa ka fa mmoki a
atlegileng ka teng fa a dirisa mothofatso (for eg) mo lebokong le.
- Mmoki o altegile ka go dirisa sekapuo sa… go supa/galaletsa/ruta/sedimosa (i.e
maikaelelo or intention)... mabaka ke a a latelang
- Mmoki o simolola ka go…
- Mmoki o tshwantshanya/ tshekaganyo… ka jalo o supa gore…
- Mmoki o dirisa mothofatso go gatelela…se se kaya gore…
- Mmoki o tlhalosa gape gore…a bo a tlaletsa ka go…
- Mmoki o tswelela a bua gore…
- Re ntse re tsweletse, re utlwa mmoki a re..
- Kwa bofelong mmoki o
- O fetsa ka gore…ka jalo, re bona gore ruri…(restate the beginning)
2. Ke ka goreng mmoki a dirisa diponagalo tsa puo mo lebokong?
- Tiro ya neeletsano/ngamelo mo lebokong lengwe le lengwe ke go gatelela kakanyo le
mabaka a go buiwang ka one mo lebokong gore moreetsi a se ke a lebala gore go totilwe
eng.
- Go natefisa lenko la puo
3. Supa maikutlo a mmoki mo lebokong
- Mo lebokong le mmoki o boka mogare wa corona a sa itumela ka o le setlhogo. Mmoki a re
mogare wa corona o setlhogo ka gore fa o tsena o tlogela batho ba lela ka lebaka la ka fa o
ba tlhokofatsang ka teng. Fa a riana o raya gore corona e setlhogo e ledisa batho. O gatelela
se ka go dirisa poeletso modumo a re “go sala kutlobotlhoko, go sala selelo.
- Boitumelo, kgalaletso, tumiso etc
Diponagalo tsa Poko:
1. Ngamelo / Neeletsano / Kgokagano
- Wa me mogopolo o tsholwa morago
O tsholwa morago, makgaritlha ke a abelwe;
- Boroko ena ga se wa ‘sika lwa me;
Ga se sika lwa me ke ngwana wa ga rraloso.
- Ke re o mphitlhele ke sa tletse
Ke sa metswa ke pelo ya bodutu
Ke sa ya le tlala ya pelo, lerato.
2. Tlogelo
- Tsatsi boemong ba Letsatsi
- ‘fatshe leno: boemong ba lefatshe leno
- ‘sika boemong ba losika
- Mong’a boemong ba Mong wa
3. Poeletsomedumo
- A pelo e kile ya etsa ya me ya phaphalala
ya nna ya re phaphe!
ya etsa ‘sigo jwa ngwedi mariga!
- “Bana ba Botswana ba batla kgololosego”.
4. Poeletsomedumo ya ditumanosi le ditumammogo
- Itlhokomeletseleng a kgalema mosong, makgakga a bo a kgala
- Setobetobe ke totoba ke totobisetsa morwamotho fano le fale
- Ke tlhalaretse maroo, hatshe ke latse motlhala setlhware
- Pitse di nonne tsotlhe ntshesane ke itshaletse
5. Tshekagano
- Ke re o mphitlhele ke sa tletse
Ke sa metswa ke pelo ya bodutu
Ke sa ya le tlala ya pelo, lerato.
- Ga ke dibelwe, batho, nna ga ke a ruiwa
Le ke utsulwe, nna ga ke na bosekelo,
6. Tlhatlhagano
- Se gotlhola segotlhola sa phefo ya mariga e e tsididi,
Se tlhoka le ena yo o pelonamagadi go se alafa
- Bajanala ba unyuloga jaaka ditshotshwane tsa letsatsi,
Ba bopelele jaaka masonya a letlhabula nageng
Ba rwaleletse gwenea jaaka dikammela sekakeng,
7. Tshwantshanyo
- Ba unyuloga jaaka ditshoswane tsa letsatsi
- Ba gwenea ekete dikammela sekakeng
- Sa etsa ntshe wa motsetsi se gopotse mamphorwana
8. Tshwantshiso
- Motho ke sebatana sebolai
- Monna yo ke noga
9. Maele
- Kwa ga mothakga > batho ba iketlile.
- E tshwere mala ka letsogo > Ke go rapela ka pelo gore o se ke wadiragalelwa ke
bobe/tlhagelwa ke kotsi.
- A ba dule dinaleng > ba tlile go tseelwa madi/go kgothosiwa.
- Dipelo di ile mafisa > Ba akantse kgakala/dilo tse dintsi.
Temana / Motshameko
Go Araba Dipotso
- Leka go araba ka diele tse di tlhomameng, le ka mafoko a gago.
- Break down the main plot events in a chronological manner, i.e this caused that, which
caused another thing, and finally…
- Di go botsa gore o supe fa seane e le nnete o ikaegile/lebile
botshelo/maitsholo/ditshwetso tsa moanelwa. Gape di ka go neela seane di bo di botsa
gore a o dumalana le seane se o lebile ditiragalo tsa temana/motshameko. Eg,
Q: Kgosi ke kgosi ka morafe wa yone. A o dumalana le seane se o lebeletse ditiragalo
mo Motswasele I?
A: Nnyaa ga ke dumalane le kakanyo ya gore…mabaka ke gore
A: Ee, ke dumalana le seane se bua nnete fa re lebile botshelo jwa moanelwa…
Makopanyi le Malomaganyi
Connect events to each other
● Se se baka/dira gore…
● Go kaya gore Motswasele o jele tlwae a tlwaela ..
● Ka jalo…
● Ka jaana…
Show cause and effect
● Ka ntlha ya gore Motswasele ke moipolai yo o sa lelelweng…
● Ka gonne Motswasele le .. ke diyathoteng di bapile
● Go tswelela…
Compare and Contrast two characters/ideas
● Le fa go ntse jalo…
● Ka fa letlhakoreng le lengwe…
Insert Figures of Speech
● Ka go tlhoka lesego/ kutlwisiso, re bona moanelwa a…
● Ka motho a sa itsewe e se naga…
Summarize and Conclude
● Ka kakaretso…
● Ka bokhutlo…
● O feletsa…
Motswasele Sample answer
Mo pading, Leetile Disang Raditladi o sekaseka bogosi le gore maikarabelo a kgosi ke eng ka baanelwa ba
babedi ba ba maatla, Moruakgomo le Motswasele, bobedi joo e ne e le baba ba lwela bogosi.
Raditladi o kgala mokgwa wa puso wa ga Motswasele, yo o busang ka letsogo la tshipi, a itseela dikgomo tsa
batho ba gagwe. Motswasele o itikagantse ka batho ba ba sa tshepagaleng e bile ba sa itse sepe ka
boeteledipele kgotsa sepe se se tsamaelanang le bogosi. Ka Setswana se re leina lebe seromo, malope a
gagwe a bidiwa Molotlhanyi, Leapeetswe le Diratsagae. Ka letlhakoreng le lengwe, Motswasele o ikgatlholosa
ba bogosi, ebong Moruakgomo le Sejo. Moruakgomo, ka fa go le lengwe, o tlhagelela e le moetapele yo o
pelo, wa segatlhamelamasisi, yo o botlhale, yo o ponelopele e bile a kgona go reetsa fa a gakololwa.
Mo terameng, Raditladi o lemosa kgosi go se kgopise batho ba e tlaa tsogang e ba tlhoka kamoso, le go se
letle dikoma tse a di iteelwang go mo ya tlhogong le go mo tlatsa maikgogomoso. Motswasele II e fatlhosa
babusi ka ga botlhokwa jwa setheo sa bogosi, le tlhokego ya kgosi go busa ka botlhale le go rarabolola
dikgotlang fa di runya.
Thulaganyo ya Ditiragalo
Fa o araba potso ya thulaganyo ya ditiragalo go solofelwa gore go fitlhelwe o di rulagantse ka
go ama kgwetlho, kgotlhang, setlhoa, mafologelo le go wela ga maikutlo fela jaaka di
tlhomagana. Supa dilo tse:
- Kgwetlho / Kgangkgolo
- Kgweetlhokgolo ya padi e ke go tlhoka go busa ka tlhomamo ga moanelwamogo,
Motswasele, you can use the phrase: Motswana o rile kgosi ke …
- Ditiragalo tsa padi/temana e di remeletse mo moanelwa mogolo ebong
Motswasele. E re ka a ne a busa ka letsogo la tshipi ebile a ikgatlholosa…E bile
o ineela malope a a sa tshepagaleng, a ikgatlholosa ba bogosi ebong
Moruakgomo le Sejo.
- Kgotlhang
- Tlhokakutwisisanyo fa gare ga padi ke ya motho le tikologo. Motswasele o dira
dilo tse di sa amogeleseneng mo tikologong. jaaka (give example.)
- Ditiragalo tse (examples) di re gogela kwa kgotlhangkgolo ya motho le tikologo, e
e senogang fa…
- Ditiragalo di kgokologa fa re mmona a (give a concise su,,ary of events, careful
not to include too many)
- Setlhoa
- Potso e re ipotsang re le babadi ke gore motswasele o tla felela kae; a ruri o tla
itlharabologelwa a buse ka molemo kgotsa o tla felela ka botlhoko. Re mmona a
tswelela ka mokgwa o le mongwe wa go laolwa ke bopelotshetlha ka go gapa
dikgomo tsa batho. )
- Re bona dipotso tse re neng re tla re di ipotsa di arabesegang fa Moruakgomo a
ipopa a bo a tlhasela mophato…se ke phelelo ya kgotlhang
- Mafologelo
- Events that occur after the climax
- Maikutlo a a wela
- Epilogue or closing remarks, here you can use seane or figure of speech
Bonus: Setlhoa example answer
Mo khutshweng ya Leruarua, setlhoa se bonala fa Bonolo a imang teng. Bonolo o ne
a iteseletsa go raelwa ke tsala ya gagwe e bong Gopolang morago ga go fiwa molao ke
nkukuagwe. Ga a reetse kgalemo ya ga nkukuagwe, o tlhopha go reetsa Gopolang ka e bile a mo
ntsha pelo ka selefoune.
Re ipotsa gore ka o dumetse go ratana le Roy go ya go diragala jang ka ene. Fa a ntse a
ngwega kwa lapeng ka mafelo a beke a re o ya go dira tiro ya sekole mme a ya go kopana le Roy, re
ntse re etse tlhoko go bona gore go tla tsala tsiang. Ditiragalo tse di tsholetsa maikutlo a rona re
swegaswega go bona gore go ratana ga ga Bonolo le Roy go ya go felela kae. Re ipotsa gape gore
a e ya go nna polelo ya ngwana yo o sa utlweng molao wa batsadi o utlwa wa manong kana ene
Bonolo o tla tswa ka tshoba la mogodu. Fa a ima re ntse re ipotsa gore ka o imile go ya go
diragalang ka ene, a o ya go tshola ngwana a ba a boela sekole kana jang.
Setlhoa re se bona/se senoga fa a tlhokafalang teng ka ntata ya jone boimana jo. Ke gone re
sa tlholeng re na le dipotso ka ene. Go raya gore ke sone setlhoa sa khutshwe e moithuti. Jaanong
ka Bonolo o tlhokafetse ga go na dipotso tse re sa ntseng re ka di botsa ka gore ke ene re ntseng re
setse botshelo jwa gagwe marago. Dipotso tsotlhe tse re tlang re di ipotsa fa re bala di arabesegile.
—--------