0% found this document useful (0 votes)
2K views106 pages

Setswana - LG - Grade 11

The document is a remote learning activity book (RELAB) for Grade 11 Setswana, designed to support learners during the pandemic with structured exercises and feedback mechanisms. It outlines various topics and subtopics for the term, emphasizing the importance of continuous learning and assessment despite challenges faced at home. The RELAB aims to enhance learners' understanding and application of language concepts while ensuring curriculum coverage is maintained.

Uploaded by

bophelomabula13
Copyright
© © All Rights Reserved
We take content rights seriously. If you suspect this is your content, claim it here.
Available Formats
Download as DOCX, PDF, TXT or read online on Scribd
0% found this document useful (0 votes)
2K views106 pages

Setswana - LG - Grade 11

The document is a remote learning activity book (RELAB) for Grade 11 Setswana, designed to support learners during the pandemic with structured exercises and feedback mechanisms. It outlines various topics and subtopics for the term, emphasizing the importance of continuous learning and assessment despite challenges faced at home. The RELAB aims to enhance learners' understanding and application of language concepts while ensuring curriculum coverage is maintained.

Uploaded by

bophelomabula13
Copyright
© © All Rights Reserved
We take content rights seriously. If you suspect this is your content, claim it here.
Available Formats
Download as DOCX, PDF, TXT or read online on Scribd
You are on page 1/ 106

DITIRWANA YA MORUTWANA

REMOTE LEARNING ACTIVITY BOOK


(RELAB)

SUBJECT: SETSWANA PUO YA GAE

KREITI YA 11
TERM 1
Setswana HL Grade 11 - LG

DITENG
TERM TOPIC SUBTOPIC/SECTION

POTSO YA 1: TEKATLHAOLOGANYO

GO BUISA LE GO LEBELELA POTSO YA 2: TSHOBOKANYO

POTSO YA 3: PAPATSO

DIPOPEGO TSA PUO LE POTSO YA 4: KHATHUNU


TERM ONE

MELAWANA YA TIRISO
POTSO YA 5: TIRISO YA PUO

POTSO YA 6: TLHAMO

GO KWALA LE GO TLHAGISA POTSO YA 7: SETLHANGWA SA TIRISANO

GO BUISA LE GO LEBELELA POTSO YA 8: DIKWALO: POKO/PADI/TERAMA

2
Setswana HL Grade 11 - LG

A. INTRODUCTION AND PURPOSE OF THE RELAB


The pandemic has forced schools to resort to the implementation of rotational timetables-
where learners who are at home during normal schooling must continue learning. Hence
RELAB as a strategy towards the deployment of remote learning.
The RELAB is underpinned by the following Legislative demands:
a) Responding to GDE Strategic goal 2 promoting quality education across all classrooms
and schools
b) DBE Circular S13 of 2020 the requires the GDE to support the implementation of the
Recovery Annual Teaching Plan (RATP)
c) GDE Circular 11 of 2020 requiring districts to issue Learning Activity Packs to support
schools for lockdown learning. Understanding learning constraints at home as majority
of learners do not have access to devices or data to use for online learning. Many
households are depending on schools to provide them with learning resources packs

RELAB is designed in a study guide format, where the content is briefly explained with
related concepts as revision, in the form of e.g. notes, mind-maps, concept progression
from the previous grade/s followed by exemplar exercises then practice
exercises/problems. The exercises are pitched at different cognitive levels to expose
learners at Grade 10 & 11 to these different cognitive levels of questioning. The NSC
diagnostic reports in different subjects have revealed that learners fail to analyse questions
and as a result fail to respond accordingly.

The RELAB is intended to ensure that learners work on exercises as per topics taught while
at school. These exercises must be completed at home, fully and learners will receive
feedback as groups or individually at school. It is therefore of paramount importance that
teachers mark the work with learners in class, as a way of providing feedback. Educators
must diagnose learner responses, remediate where necessary and plan further
intervention.

Educators are encouraged to create whatsapp groups to remind learners on what is


expected of them in a particular week/ day(s). There shouldn’t be a backlog on curriculum
coverage as content will be covered simultaneously. Feedback from learners at home will
confirm usage of the RELAB material.

RELAB further prepares learners for formal assessment.

3
Setswana HL Grade 11 - LG

Beke 1 - 4
Tirwana 1: Tekatlhaloganyo
Buisa temana e e latelang mme morago o arabe dipotso.
1 Motse wa Mahikeng o fatogantswe ka legare ke noka ya Molopo. Noka e ga
e ke e kgala gotlhelele. Gaufi le noka e go na le makgotlho a mafika ka fa
ditlhakoreng tsoopedi tsa yona, mme, ka ntlha ya makgotlho a, motse o ne
wa rewa leina la Mahikeng. Ofisi ya kgosi e gaufi le moratho o motho a
tshelang noka ka ona fa a tshelela moseja ole, a ya kwa dikolong tse pedi
tsa Barolong, gaufi le kgotla ya kgosi le ofisi ya motse, e baeng ba
tshwanetseng go tlhagisiwa mo go yona gore fa go ka direga gore ba
longwe ke dintšwa e be e le gore ba a itsiwe. Baagi ba a tle ba ye kwa
ofising eno go tlhola gore a ga ba na makwalo; ke gore ofisi e ne e ntse
jaaka mfama wa poso. 10

2 Ke ne ka gakgamalela matlo a Setswana. Fa pele ga ntlo go ka bonwa


lelapa le rethefaditswe fa fatshe, e bile le ageletswe ka lorako. Ka kwa
morago go bidiwa segotlo. Matlo a Setswana a agiwa ka setena se se sa
besiwang mme a diriwa modiko. Ditlhomeso di a lepelediwa gore di dire
mathudi ka fa ntle. Mathudi ano a belegwa ke maotwana a a tlhongwang go
potologa dipota. Maotwana a dirwa ka dikgong tsa morutlhware kgotsa 16
mosetlha, jalo le jalo.
3
Batho ba kgaogantswe ka dikgotla tsa bona. Fa go na le kgang mo bathong
ba kgotla nngwe, tlhogo kgotsa tona ya kgotla eo e tshwanetse go seka
kgetse eo, mme fa katlholo e se e e kgwedisang go na le go dira boikuelo
kwa kgotleng ya kgosi e potlana; fao tsheko e fetisediwa kwa kgotleng ya
kgosi tota. Mo lekgotleng la Setswana monna mongwe le mongwe yo o
leng teng mo lekgotleng leo ke tokololo ya lona. O na le go botsa dipotso 23
kgotsa go ntsha kgopolo ya gagwe.

Leba temana 1.
1 1.1. Kgotla ya kgosi ya motse wa Mahikeng e kwa kae? (1)
1.2 Leina la Mahikeng le tlile jang? (2)
1.3 Ke ka ntlha ya eng baeng ba tshwanetse go isiwa kwa ofising? (2)
1.4 Go ya ka temana e, a ke ntlha kgotsa kakanyo gore kgosi e ne e
itse baeng ba motse? Tshegetsa ka lebaka. (2)
Leba temana 2.
1.5 Matlo a Setswana a ne a agiwa ka eng kwa Mahikeng? (2)
Leba temana 3.
1.6 Ke mang yo a letleletsweng go nna tokololo mo kgotleng ya
Setswana? (1)
1.7 Motho o ne a dira eng fa a sa kgotsofalela katlholo? (2)
12

4
Setswana HL Grade 11 - LG

Tirwana 2: Leboko le le sa tlhaolwang (Dipotso tse dikhutshwane)


Diponagalo tsa poko
Buisa leboko le le latelang mme morago o arabe dipotso

Ntwa ya 1939–1945 – LD Raditladi


1 Go kile ga tsoga leruuruu maloba,
2 Leruuruu la marumo la dikanono,
3 Bana ba Yuropa ba ipetsa dihuba,
4 Komano ya bone ya utlwala le kwano;
5 Ba re, lefatshe leno ope ga a na a le sema
6 Banna ba Yuropa botlhe ba a le lema.

Majeremane ba tswa modutla wa kgetse,


7
Ba itshema maruarua ba kometsa batho,
8
Le Mapolare ba ba meletsa metse,
9
10 Le kwa Austria le gone ba phura batho,

11 Merafe ya etsa diphologolo sekgweng

12 Di utlwile lerumo la batsomi nageng.

13 Bana ba thebe e setsibasehibidu,

14 Sesweu, setala, se motshe wa godimo,

15 Ba ara, bana ba motlhaba o morodu,

16 Ba duma, ba etsa tladi ya legodimo:

17 Lentswe la bona la utlwala kwa Amerika,

18 Le rona ra le utlwa re le mono Aferika.

19 Majeremane ba rutla kwa Dankeke,

20 Marumo a bone a atlolola lenaga,

21 A thuba matlo a mantsi le dikereke;

22 Batho ba aga mesimeng ba se dinoga,

5
Setswana HL Grade 11 - LG

23 Fa nonyane tsa baba di kala marung,


24 Di latlha mae a tsone bogorogorong.
2.1 Ke ponagalo efe ya poko e e tlhagelelang mo meleng 1 le 2? (2)

2.2 Ntwa e mmoki a buang ka ga yona e tsere dingwaga di le kae? (2)

2.3 Tlhalosa bokao jwa mela 23 le 24. (2)


2.4 Neela ponagalo e e tlhagelelang mo moleng wa 23. (2)

2.5 Neela morumo wa temana ya 4. (1)


2.6 Nopola mola go tswa mo temaneng ya 4 o o kayang gore batho ba (2)
ne ba iphitlha.

2.7 Go ya ka wena, a go siame gore merafe e lwe? Tshegetsa ka (2)


lebaka.

2.8 Leboko le, ke la segompieno. Tshegetsa tlhagiso e, ka dintlha di le (2)


PEDI.
15

Tirwana 3: Lekwalo la botsalano


Kwala lekwalo la mafoko a a ka nnang 180 -200 ka NNGWE fela ya ditlhogo tse o di
neilweng
3.1 Kwalela tsala ya gago lekwalo o mmolelele ka maikutlo a gago morago ga
go robala kwa bookelong malatsi a le matlhano. [25]

3.2 Mo dikgweding di le tharo tse di fetileng o ne o le kwa sekolong sa go ithuta


go kgweetsa. O kgonne go bona lekwalo la go kgweetsa e bile batsadi ba
gago ba go reketse sejanaga. Kwalela tsala ya gago o mo itsise ka ga se.
[25]

3.3 Kwalela tsala ya gago lekwalo o e itsise ka dikgwetlho tse o nang le tsona
mo go tsweletseng dithuto tsa gago pele. [25]

Tirwana 4: Tiriso ya Puo - Maina


Buisa temana e e fa tlase mme morago o arabe dipotso
Rebone Molebeledi wa dingwaga di le 21 o itsege mo sekolong jaaka
moithuti yo o gorogang thari. “Mosetsana yo o goroga thari letsatsi le
letsatsi fela re tlhaloganya bothata jo a leng mo go bona”, ga bua
morutabana wa gagwe Sebete. Morutabana yo o rutile dingwaga di le 20
kwa sekolong se segolo sa Thutoboswa kwa dipolaseng tsa Tshing. Fela
jaaka baithuti ba bangwe ba dikolo tsa dipolasi, Rebone o tsamaya sekgala
sa dikilometara di le 40 ka maoto go ya le go bowa.
4.1 Bolela gore maina a a thaletsweng a dirisitswe jang mo dipolelong tse di

6
Setswana HL Grade 11 - LG

latelang:
4.1.1 Mosetsana yo o goroga thari letsatsi le letsatsi. (1)
4.1.2 Morutabana yo o rutile dingwaga di le 20 kwa sekolong. (1)
4.1.3 Fela jaaka baithuti ba bangwe ba dikolo tsa dipolasi, Rebone o
tsamaya sekgala sa dikilometara di le 40. (1)
4.1.4 Dikolo tsa dipolasi. (1)
4.1.5 Rebone o tsamaya sekgala sa dikilometara di le 40 ka maoto go ya (1)
le go bowa
Rebone o tsamaya sekgala sa dikilometara di le 40. (1)
4.2 Dirisa leina mosetsana mo dipolelong tse o di itlhametseng jaaka:
4.6 Tlhalosi la kopanelo (2)
1.7 Sedirwa (2)
1.8 Thui (2)
12

Tirwana 5: Tekatlhaloganyo
Buisa temana e e latelang mme morago o arabe dipotso

Ka kgwedi ya Phukwi 2012 Aforikaborwa e ne ya nna e nngwe ya dinaga tse


di neng di tsaya karolo mo metshamekong ya Diolimpiki e e neng e
tshwaretswe kwa London. Balatedi ba metshameko ba ne ba supa lorato ka
go kgatlhantsha batshameki kwa boemelafofaneng ba O.R. Tambo. Tona ya
tsa metshameko rre Fikile Mbalula o ne a bontsha boitumelo le kgatlhego fa a
ne a naya batshameki dikabelo go tlotlomatsa seo ba se diretseng naga ya
Aforikaborwa kwa London.

Aforikaborwa e ne ya kgaolwa mo metshamekong e ka ntlha ya tlhaolele, ka


ngwaga wa 1964 fa metshameko e, e ne e tshwaretswe kwa Tokyo. Mafatshe
a ne a boela a amogela Aforikaborwa kwa Seoul mo lefatsheng la Borwa jwa
Korea ka ngwaga wa 1988. Batshameki ba Diolimpiki ba ba sa itekanelang
mo mebeleng ba ne ba kgaolwa ka 1976. Tiragalo e, e ne ya dira gore
batshameki le barati ba metshameko ba nne maphata a le mabedi. Zola Budd
e ne e le moagi mo Aforikaborwa yo o tumileng ka go siana, mme o ne a
lemoga gore o latlhegelwa ke tšhono ya go tsenela dikgaisano tsa lobelo tsa
Diolimpiki. Zola Budd o ne a tsaya lekwaloitshupo la Amerika gore a tle a
kgone go tsweletsa talente ya gagwe pele.

Go ne ga nna botoka fa mafatshe a simolola go fokotsa thupa e ba neng ba


otlhaile Aforikaborwa ka yona. Aforikaborwa e ne ya retelelwa ke go fenya
metshameko kwa St. Lucia. Morago ga dingwaga di le nne ke fa Reggie
Walker a fenya dikgaisano tsa lobelo lwa dimetara di le lekgolo (100 m) kwa
London mme a bona mentlele wa Gouta le Selefera, Charles Hefferon, ena, o
ne a bona maemo a bobedi. Aforikaborwa e ne e na le dimentlele di le
masomeamatlhano le bongwe (51) pele e kgaolwa mo metshamekong. Ka
1920 Aforikaborwa e ne ya bona dimentlele di le lesome kwa Antwerp mme
seno sa e baya mo maemong a lesome le bongwe (11). Batshameki ba ba
beileng Aforikaborwa mo maemong a, ke Bevil Rudd mo lobelong lwa borre

7
Setswana HL Grade 11 - LG

lwa dimetara di le makgolo a mane (400 m), Clarence Walker mo maboleng le


Louis Raymond mo motshamekong wa thenese.

Aforikaborwa e tsere karolo lwa bofelo mo metshamekong e, ka 1960 kwa


nageng ya Roma mme ya boela gape e tletse mafolofolo ka ngwaga wa 1992
kwa Barcelona. Elana Meyer o ne a siana lobelo lwa bomme lwa dimetara di
le dikete di le lesome (10 000 m), Wayne Ferreira le Piet Norval ba ne ba
ntsha ga tshwene mo motshamekong wa thenese mme ba gapa dimentlele di
le pedi tsa gouta.

Ka ngwaga wa 1996 le 2000 Aforikaborwa e ne ya supa bokgoni ka go gapa


dimentlele di le tlhano kwa metshamekong ya Sydney le Atlanta, fa ka 2004
ba ikgapetse dimentlele di le thataro kwa Anthens. Metshameko kwa Beijing e
ne ya tshwarwa ka ngwaga wa 2008 mme batshameki ba le 156 ba ne ba
retelelwa ke go fenya kwa ntle ga Tshepo Mokoena yo o kgonneng go bona
mentlele wa selefera mo motshamekong wa go tlola. Penny Heyns o ne a
ikgapela dimentlele di le pedi tsa gouta mo motshamekong wa go thuma.
Josiah Thungwane o ne a bona mentlele o le mongwe mo lobelong lwa
marathone.

Aforikaborwa e ne e na le dingwaga di le lesome le borobedi (18) e tsenela


metshameko ya Diolimpiki. Dingwaga di le supa tse Aforikaborwa e di ntseng
e sa tsenele dikgaisano ga di a ka tsa dira gore batshameki ba ineele e bile
gape ba tlhoke le kgatlhego. Batshameki ba lekile ka bojotlhe le botswapelo
go emela naga ya bona mo metshamekong yotlhe ka go farologana.

5.1 Naya leina la lefelo leo metshameko ya Diolimpiki tsa 2012 e neng
e tshwaretswe kwa go lona. (1)
5.2 Balatedi ba metshameko ba bontshitse tshegetso ya Diolimpiki (2)
jang?
5.3 Goreng Aforikaborwa e ne ya kgaolwa mo metshamekong? (2)
5.4 Ditlamorago tsa go kgaolwa ga Aforikaborwa mo metshamekong e (2)
nnile dife?
5.5 Naya maina a le MABEDI a bafenyi ba metshameko ya kwa (2)
Barcelona.
5.6 Penny Heyns o itsege ka motshameko ofe? (1)
5.7 A go ne go siame gore Aforikaborwa e ilediwe go tsena mo
dikgaisanong tsa Diolimpiki? Tshegetsa ka lebaka. (2)
5.8 Aforikaborwa e ne e ipela ka Tshepo Mokoena. A se ke ntlha
kgotsa kakanyo. Tshegetsa ka lebaka. (2)
15

Tirwana 6: Tlhamo ya Ngangisano.


Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 350 – 400 ka NNGWE FELA ka ditlhogo
tse di neilweng. O se ka wa lebala go thala letlhomeso kana lenaneopaakanyo, go tlhagisa
setlhangwa sa ntlha le go se runa pele o kwala sa bofelo.

8
Setswana HL Grade 11 - LG

6.1 Madi a bula dikgoro tsotlhe. Dumela kana ganela. [50]

6 .2 A go siame gore basadi ba itekatekanye le banna. Dumela kana [50]


ganela.

6 .3 Thuto ga e tsofalelwe. Dumela kana ganela [50]

6..4 Maemo a thuto mo Aforikaborwa ga a jese di welang. Dumela kana [50]


ganela.

[50]

Tirwana 7: Tiriso ya Puo - Maemedi


Buisa temana e e fa tlase mme morago o arabe dipotso
E ne e le la ntlha Veli a kopana le ena kwa lenyalong, mme a lala a sa bo
bona. Mosetsana wa mmala wa sebilo, matlho o ka re a morubisi. Nko e le
lenono ka monyenyo o o ngokang ba le bantsi. Go bua nnete, Kedibone le
ena o ne a kgatlhilwe ke lekawana la rona. Go ise go ye kae, bobedi jo, ke
fa bo ratana. Morago ga ngwaga ke fa a isa Kedibone kwa gagabo gonne
ba ne ba mo emeletse gore ba batla go mmona. Sebe sa phiri ya nna gore
Kedibone ga se wa morafe wa bona. Ga a ke a amogelesega gonne nnete
ke gore bagolo ba ne ba a le yo ba batlang e nna ngwetsi ya bona, ba

9
Setswana HL Grade 11 - LG

lebetse gore pelo e ja serati, sebatlelwa ga e se je.


7.1 Kwala maemedi boemong jwa maina a a thaletsweng. (6)
7.2 Bolela gore maemedi a a ntshofaditsweng a dirisitswe jang mo dipolelong (4)
tse di mo temaneng
7.3 Dirisa leemedi ena jaaka sedirwa sa polelo. (2)
Tirwana 8: Leboko le le tlhaotsweng (Dipotso tse dikhutshwane)
Diponagalo tsa poko

Buisa leboko le le latelang mme morago o arabe dipotso

8.1 BOJALWA

Nna bojalwa ke sethuba malapa.


Bana ke ba fetole dikhutsana.
Ka dikotsi tseleng ke bolae,
Ka tsona ke tlhole digole.
Tirong gona dikuno di ye tlase.
Tlhaolele go nna ke moila.

Pusong ya me bomorafe le bong


Ke di kgaphele thoko.
Ke ipela ka mebala ya nkwe,
Yona e aparwang ke magosi
Dikhutsana di ipela ka nna
Tsa re ke motshedisi kutlobotlhokong.

Le go lelwa ke tlhoke selabe


Ka selelo go lelwa sa maitsemo
Sona sa boitumelo kutlobotlhokong.
Morago ga phitlho matshidisong,
Ke ngoke makau le makgarebe.
O ntlhoka moletlong masula,

Ina la molaletsi le gogobisiwe,


E a re ba mpoka ba re:
Ke mogopotsa motho di lebalwang,
Ke mo lebatse di gopolwang!

8.1 Ke sekapuo sefe se se renang mo lebokong le? (2)

8.2 Neelana ka morumo wa temana ya boraro. (2)

8.3 Ke ponagalo efe ya poko e e tlhagelelang mo mola 19? (2)

8.4 Mmoki o kaya goreng fa a re dikhutsana di ipela ka bojalwa, mola 11? (2)

8.5 Neelana ka ditlamorago di le pedi tsdi tlisiwang ke tiriso e e botlhaswa (2)


ya nnotagi go ya ka temana ya ntlha.

10
Setswana HL Grade 11 - LG

[10]

Tirwana 9: Tekatlhaloganyo Ya Setshwantsho


Lebelela setshwantsho se se latelang mme morago o arabe dipotso

9.1 Go buiwa ka eng mo setshwantshong? (2)


9.2 Ke bomang ba ba kopang go thusiwa? (1)
9.3 Naya leina la mokgatlho o o dirang ka diphologolo. (1)
9.4 A diphologolo tse di tlhagelelang mo setshwantshong di kotsi (2)
kgotsa bokgwabo. Tshegetsa ka lebaka.
9.5 Ditlamorago tsa se se diragalang mo setshwantshong e tlile go nna (2)
dife mo nakong e e tlang?
9.6 Botlhokwa jwa go nna le diphologolo tse mo nageng ya rona ke (2)
bofe?
10

Tirwana 10.1: Thuto ya Dikwalo Padi/Terama Dipotso tse dikhutshwane


NKO GA E DUPE- M.M Itumeleng
Buisa nopolo e e latelang mme morago o arabe dipotso
Kgwedi tse tharo di ne di wele, ga totobala tsa metsotso ya khupamarama.
E le ruri mosi wa tswa ka sekhurumelo. Faboriki ya phatlhalatsa badiredi
pego ya gore e a fuduga. Fa bontsi bo jegajega maikutlo ka go senyegelwa
ke ditiro, ba se kae ba ithiba ditsebe. Kgetse e potlana mo go
bokediemetse. Mo go bona pego ya phunyeletsa jaaka tlhale mo naleteng.
Le fa tota basweu ba setse ba ile ba tlhalosetswa, e ne e rile maabane,
mokaedi a ba kgobokanya ka go ba epela pitso mo sephiring. Pego e le go
phatlhaletsa ka ga khudugo ya feme le go ba itsese gore jaanong moago o
tsepame. Go le jalo a ba dikolosetsa sethalo go ba supetsa pharologanyo

11
Setswana HL Grade 11 - LG

ya kgogelo. Ka kgatlhego botlhe ba e opela magofi. Go ne go se se se ka


ba bakelang dingalo. Tsotlhe di ne di aparetse Basweu tshiamo. Ka ba ne
ba sa patelediwa go fuduga ba bile ba solofetswa ditshwanelo, badiredi ba
Basweu ba nesa pula gore khudugo e amogelesege ka pelotshweu.
Kwa ntle le gore Ati a welane le metsotso ya khuparama, Nadia o kile a
mmiletsa fa thoko go mo umakela ka khudugo eo. Ka moeka a ne a setse a
baletse tsa metsotso mo sephiring e bile na utlwile ka ga manyaapelo a tla
lebaganang Bantsho, Ati a patetsa ntho ka legogo. Ntle le mararaaane a
swa ka letshogolo go inyalana le melawana ya khudugo.
Ka fa letlhakore la Bantsho khudugo ya baka tharaano e kgolo ka e bile ba
ne ba sa tlhalosediwa ka tolamo, makgoa a gobile go tsietsa maAferika a
magolo. Fa ba rata go ineela ke dibonwa ke motho ka namana. Bangwe ba
lemoga gore ba tla amogwa ditshwanelo. Bontsi jwa ineela ka go
itsemeletsa. Bogolosegole ba patikwa ke molao.
10.1.1 Nadia o kopane jang le Ati? (2)
10.1.2 Ke eng se se neng se kgarakgatsa Ati pele a kopana le Nadia (2)
10.1.3 Ke maemo afe a tiro ao Ati a tsweleditsweng go a tsaya kwa
faboriking? (2)
10.1.4 Pele ga moo Ati o ne a dira tiro efe? (1)
10.1.5 Bolela gore Nadia o tsweleditse jang morero wa padi. (2)
10.1.6 Fa e ne e le wena Ati mme o bona sephiri se segolo sa feme, o
ne o tlaa dira eng? (2)
10.1.7 Neela tlhaloso ya mola o “E le ruri mosi wa tswa ka (2)
sekhurumelo”.
10.1.8 Ka dintlha di le PEDI, neela semelo sa ga Nadia (4)
10.1.9 Ke melao efe ya kgethololo e e neng e ama bantsho? Neela e le
mebedi. (2)
10.1.10 Nadia o bonala e le mosweu yo o senang kgethololo. A se ke (2)
ntlha kgotsa kakanyo? Tshegetsa ka lebaka.
10.1.11 Ati leNadia ba ne ba tshela molelwane ya Aforikaborwa, Neelana (2)
ka maina a dinaga di le PEDI tse ba ileng kwa go tsona.
10.1.12 O ithutile eng go tswa mo go moanelwa Ati? (2)
25

Tirwana 10.2: Thuto ya Dikwalo Padi/Terama Potso e telele


Tirwana 10.1: Thuto ya Dikwalo Padi/Terama Dipotso tse dikhutshwane
NKO GA E DUPE- M.M Itumeleng
Puso ya tlhaolele e fetotse moanelwa Ati go iphitlhela a le
magareng ga matlhako le menate. O ikaegile ka tlhagiso e, tlhalosa
loeto lo Ati a lo tsereng mo botshelong jwa gagwe. Boleele jwa 25
tlhamo e nne mafoko a a ka nnang 350-400.

Tirwana 11: Tlhamo e e sa tseyeng letlhakore.


Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 350 – 400 ka NNGWE FELA ya ditlhogo
tse di neilweng. O se ka wa lebala go thala letlhomeso kana lenaneopaakanyo, go tlhagisa
setlhangwa sa ntlha le go se runa pele o kwala sa bofelo.

12
Setswana HL Grade 11 - LG

11.1 Molemo le bosula jwa go nna moeteledipele. [50)


11.2 . Monate le botlhoko jwa go nna motsadi [50]

11.3 Batho ba le bantsi ba latlhegelwa ke matshelo mo dikotsing tsa mebila [50]


ka malatsi a boikhutso.

11.4 Go se dire go jesa maswe. [50]

Tirwana 12: Tiriso ya Puo - Madiri


Buisa temana e e fa tlase mme morago o arabe dipotso
1 Yo o neng a kaiwa e le motshwarateu wa bothepa jo, e ne e le Ponatshego
Lomao. O ne a le mo bogolong jwa dingwaga di le masomeamabedi. Ka fa
ganong, o ne a se na phokoje wa marokaganngwa le ena. Bokgoni jo, bo ne ba
dira gore fa a boeletsa dithuto tsa bofelo jwa ngwaga wa ntlha a tlhophiwe go
nna mmaditsela mo serutweng sengwe sa dithuto tsa ngwaga wa ntlha. Le 5
gale, tse di fologang mo dithabeng tsa Mamogale tsa re: o ne a tlhopilwe ka
ntlha ya gore go ne go se na batho.

2 Mosetsana yo, a bo a na le leoto le le babang thata ka nako ya fa e le


mmaditsela. Fa o ne o ka tsena mo phaposing ya gagwe, o ne o dumedisiwa
ke kobotlo ya dikonkose, ditlhako le mmapa wa mafelo a go thuba kobo segole. 10
E re fa a rata go ya kwa bolebelebe kgotsa a boa kwa teng, a kope
batlhatlheledi mo leineng la baithuti gore teko e busediwe morago. O dirile jalo
gabedi, ya re ka lekgetlho la boraro a bo a tlosiwa mo setulong. Ntekwane fa go
menolwa ga gagwe go tla atlega, o ne a ntse a ipeetse gore e tlaa re mo
malatsing a fokotse mesepele ya gagwe. Fela o ne a nna bonya. 15
[E nopotswe go tswa mo, Go Tloga Jaanong, B Matlala]
12.1 Leina 'motshwarateu' le bopilwe ke dipopego dife tsa puo? (Mola 1) (2)
12.2 Fetolela polelo e e thaletsweng mo kganetsong. (2)
12.3 Naya mofuta wa lediri le le ntshofaditsweng mo moleng 9. (1)
12.4 Naya leina la popegopuo e e thaletsweng mo moleng 13. (1)
12.5 Dirisa lefoko 'dira' mo polelong go senola bokao jo bo farologaneng (2)
le jwa temana. (Mola wa 4)
12.6 Neela bontsi ba leemedi 'ena' mme morago o le dirise mo polelong (2)
e e tlhabosang. (Mola 3)
12.7 Naya mofuta wa lediri le le ntshofaditsweng mo moleng 9. (1)
(11)

Tirwana 13: Tekatlhaloganyo


Buisa temana e e latelang mme morago o arabe dipotso

13
Setswana HL Grade 11 - LG

1 Mphebatho ke sekolo se segolo sa mo Thaba-ya-Batho. Se simolola ka


mophato wa bosupa go fitlha ka marematlou. Ke sekolo sa basimane le
basetsana. Mo go sona go dihosetele tse di agetsweng baithuti go tswa
kgakala le gaufi. Se agilwe dikilometara di ka nna pedi go tswa mo
motseng kwa borwabotlhaba. Fa o leba mo kgorong, o fitlhela go 5
kwadilwe ka ditlhaka tse dikgolo leina la sekolo. Fa tlase ga leina ke
ditlhaka dingwe, e kete motheo wa sekolo. Fa ke gakologelwa sentle di
kwadilwe 'LE ARAMELE LE SA TLHABILE'.

2 Motheo o ga o a tlhotšhwa fela, tota le tlhabile mo Mphebatho. Ba ba


nang le matlho go bona, le ditsebe go reetsa, se agetswe bona. Ba ba 10
tlholegang go dirisa monyetla o, ba tlaa thanya lomapo lo le tsebeng.

3 Go dikaganyetsa ntlo e ya lesedi, ke legora le legolo la bothale, ka kgoro


e le nngwe fela. Kgoro e lebagane thwi le kantoro ya ga mogokgo, gore a
bone sengwe le sengwe se se tlhagang kwa ntlheng eo. Go meago e le
mene e e nang le diphaposi di le thataro mongwe le mongwe. Fa gare ga 15
meago, mo lebaleng le go tshwarelwang thapelo ya mo mesong, go
ikadile phate ya lenaga, e e tlhokomelwang sentle ka dinako tsotlhe. O
tlaa fitlhela e re tala! mo ditlheng tsotlhe tsa ngwaga. Mo go felelang
matlho, ke ditšhese tsa mebalabala, tse di gogelang motho a le kgakala.
Go tswa kwa kgorong ke ditlhare tse di jetsweng ka mokoloko mme di 20
dikaganyeditswe ke mafika a a kalakilweng ka bosweu.

4 Kwa bophirima jwa diphaposi re fitlhela kantoro ya mogokgo, ya


mothusamogokgo le tsa ditlhogo tsa mafapha. Gaufi le kantoro tse,
laeborari, laboratori le letangwana la ditlhapi. Ka fa letlhakoreng ke ntlo ya
25
thutatlhweko le kapeo. Dilaterina tsa barutabana le tsa bana di kwa
botlhaba jwa diphaposi. Go epilwe metsi le ona tota motlakase o
tsentswe. Bana ba sekolo se ba itsege ka tlotlo ya bona le boikobo. Ba
itse gore motho yo mogolo ke eng, le gore o tlhoka go direlwa eng. Ntlo e
e phatsimang lesedi e, e eme gaufi le thaba ya Tlakone. Barutegi ba 30
nyeuma jaaka diboko mo motseng o, ka 'naga dimpalo e bolaile
5 masarwa'.

Mogokgo wa Mphebatho ke morena Modingwana. O ne a phutholotse


motshweneng ka a lemogile gore ditlamelwana tsa pula di baakanngwa
go sa le gale. O mo utlwe a setse a tšhoma, o ne o ka rata go itse puo ya 35
mohumagadi. A se bogale a le botlhale. Motlhamongwe o ne a ithutile
dithuto tsa bosaekholoji. O ne a tlhaloganya ngwana sentle thata. Fa a ka
go šeba mo matlhong o tswa nnete yotlhe o sa fitlhe sepe. A sa itse go
dirisa thupa. Barutwana ba sa eletse go mmona a e tshotse. Mo matlhong
a bana e le motsadi, tsala le mogakolodi. Mo matlhong a gagwe, 40
barutwana ba lekana botlhe, barutabana ba le mo maemong a a
6 tshwanang. A ila molato e seng motho.

Borutabana e ne le pitso mo go ena. A tlotla tiro ya gagwe thata.


Modingwana e ne le modingwana wa bana ba Mphebatho. Fa o tlaa re
motho o bua boammaaruri, o utlwe a ikana ka ena. Barutwana ba ne ba 45

14
Setswana HL Grade 11 - LG

mo tlotla e bile ba mmoifa. Ba mo rata e bile ba mo reetsa. O ne a sa bue


gabedi. Leina la Mphebatho le ne le itsiwe gaufi le kgakala ka ntata ya
mmino. Kana ke raya malobanyana fa, e kopane le dikgwari tsa nnete
boHeberone, Mamelodi-omotona, Tlakole le Lovedale kwa
makgaolakgannyeng. Mo kgweleng ya diatla, ya dinao le ngangisano ya 50
baithuti e tshabega e se selalomi. Fa re tla mo dipholong tsa dithutong re
7 lebaleng. Fa re bua ka moedi wa thuto, re bua re šebile fa …

Mo go nngwe ya diphaposi tsa mophato wa lesome re fitlhela barutwana


ba maemo a ntlha e bidiwa 10(a) ke barutwana le barutabana. Fa go
buiwa ka lebebe la Mphebatho go kaiwa phaposi eo. Ke barutwana ba ka 55
nna masome-a-mabedi tlhano ka palo. Fa o le morutabana wa ntetefoo,
ba ka go tshabisa sekolo. Dithuto tsa bonetetshi di rutiwa ke mogokgo ka
8 sebele, ka a batla go netefatsa gore ba bona dipholo tse di itumedisang.

Kwa morago, kwa sekhutlong se se kwa botlhaba, ke mosimane mongwe


o tswa Temba, leina la gagwe le nkgakelang tlhe? Nnyaya o bidiwa Puso. 60
O jesetsa bana ba bangwe kgobedung ka dithuto, go tla fa pele go
simolola basetsana. Fa thoko ga mojako ke Kebusitswe. Ke ene a
bakisang Puso maemo a ntlha. Bangwe ba latelana fa morago ga bona.
[E nopotswe go tswa go Malakabe, DS
Matjila]
13.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng (1)
A, B, C kgotsa D.
Tlhagiso e e reng 'LE ARAMELE LE SA TLHABILE' ke …
(Temana 1)
A maikano a Mphebatho.
B moono wa Mphebatho.
C pina ya sekolo sa Mphebatho.
D thotloetso ya barutwana ba Mphebatho.
13.2 Nopola mola go tswa mo go temana 1 o o re netefaletsang gore (1)
barutwana ba Mphebatho ba ne ba sa tswe fela mo Thaba-ya-
Batho?
13.3 Sekolo sa Mphebatho se na le diphaposiborutelo di le kae? (1)
13.4 Go kaiwa motshameko ofe ka lereo le: 'kgwele ya diatla'. (Temana (2)
6)
13.5 5 Naya mareo a Setswana boemong jwa 'monyetla' le 'dilaterina' (2)
(Ditemana 2 le 4)
13.6 Go ya ka wena, 'barutwana ba ba matlho go bona le ditsebe go (2)
reetsa', ke ba ba ntseng jang? (Temana 2)
13.7 Mo malatsing a gompieno, naa go maleba go ka kaya sekolo jaaka (2)
ntlo ya lesedi? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka
13.8 Naya dintlha di le PEDI tse di tlhalosang botho jwa barutwana ba (2)
Mphebatho.
13.9 Tlhagiso e e reng: 'Morena Modingwana o ne a phutholotse', e kaya (2)
eng? (Temana 5)
13.10 A ke ntlha kgotsa kakanyo gore mogokgo o ne a sa fose go bona (2)

15
Setswana HL Grade 11 - LG

sengwe le sengwe se se tsenang ka sekolo? Tshegetsa karabo ya


gago ka lebaka.
17

Tirwana 14: Lekwalo la Semmuso


Kwala lekwalo la mafoko a a ka nnang 180 -200 ka NNGWE fela ya ditlhogo tse o di neilweng
Morutabana a neele barutwana ditlhogo di le tharo tse di farologaneng ka
lekwalo la semmuso mme ba tlhophe se le sengwe. (25)
LEKWALO LA SEMMUSO LA NGONGOREGO
O rekile dithoto kwa marekelong a GAME tsa tlhotlhwa e e kana ka
10 000.00, mme morago o lemogile fa boleng jwa tsona e le jwa
tlhotlhwatlase. Kwalela motsamaisi wa marekelo ao, o ngongoregele se,
mme o kope go fetolelwa dithoto kana go busediwa madi a gago.

LEKWALO LA SEMMUSO GO BA KGATISO


Lokwalodikgang kgotsa makasine o o o buisitseng o na le go tlhagisa
ditshwantsho tse di sa itumediseng le puo e e fosagetseng. Kwalela
lekgotla-tsamaiso la bobegakgang lekwalo o ba lemose ntlha e.

LEKWALO LA SEMMUSO
Jaaka mokhuduthamaga wa Lefapha la Temothuo, o tlhamile basari go
duelela barutwana ba ba tlaa ithutelang bolemirui mo yunibesithing e e mo
porofenseng ya lona. Kwalela yunibesithi o ba itsise ka ga letlole leo o bo o
kope gore ba tlhame boithutedi jo bo tlaa thusang maikaelelo a go oketsa
balemirui.

Tirwana 15: Thuto ya Dikwalo Padi/Terama Dipotso tse dikhutshwane


Buisa nopolo e e latelang go tswa mo pading e e umakilweng fa godimo mme morago o
arabe dipotso tse di latelang.
“E ne e le mokgwa kgotsa molao gore fa go na le thoto mo sejanageng
se ,e tlhokomelwe e be thotwe ke molebeledi.Ka letlha leno, molebeledi a
gakgamala gore maemo a fetogile leng ,ka tlwaelo ke ena yo a ka bong a
laetswe go rwka setlanyi .A aparelwa ke pelaelo gore Ati o tla go mo amoga
tiro.Mosimane yo o tla mo kgwisa sengkgwe le sereledi,ba dira mmogo
bona ba ne ba gakgamaletse gore a Ati o thapetwe go nna
motlatsamokwaledi .Mongwe a ngongorega ka gore, ”A di kgakgamatso tsa
go thapa motho ka fa ntle re le fa. Bangwe gareng ga rona ba ka e kgona
go mo gaisa “. Yo mongwe a latola ka gore, “Le goka la bogologolo!
Montsho a thapelwa tiro ya botlanyi? Molao wa kgethololo ga o dumalane.
Re itse ka botlalo gore e kampo ya fiwa wa mmala e seng wa sebilo sa thari
e ntsho. Go ka nkga go sa bola fa di ka tsena tsebeng tsa Basweu.Le ka se
kotlomele ba ise ba ipope seoposengwe go e gwantela.”

15.1 1. Tlhalosa: Go kgwesa sereledi. (2)


15.2 2. O tlhaloganya eng ka “MMUSO WA TLHAOLELE”. (2)
15.3 3. Moanelwa mogolo mo pading e ke mang? Kwala maina a gagwe (1)

16
Setswana HL Grade 11 - LG

ka botlalo.
15.4 Ati o ne thapetswe tiro e fe? (1)
15.5 Tiro e e ne e tshwanetse batho ba fe? (1)
15.6 Ke eng se se neng sa gakgamatsa molebeledi? (1)
15.7 Ka dintlha di le pedi tlhalosa semelo sa ga Ati o tshegetsa ka (4)
mabaka.
15.8 Neela leina la mohumagatsana yo o neng a naya Ati tiro. (1)
15.9 Ati o ne a bona tiro kwa kae? (1)
15.10 Ati o tsweleditswe go tsaya maemo a fe mo faboriking? Fa o le (2)
montsho o ne o ka ikutlwa jang.
15.11 Mohumagatsana Nadia o tsweleditse jang morero wa padi e? (2)
15.12 Ka dintlha di le pedi, tlhalosa semelo sa ga Nadia o tshegetse ka (4)
mabaka.
15.13 Goreng Ati a sa kgona go tsweletsa dithuto tsa gagwe? (2)
15.14 Mofuta wa padi e ke ofe? (1)
25

Tirwana 16: Tiriso ya Puo : Lebotsi/Leemedi/Letlhophi


Buisa temana e e fa tlase mme morago o arabe dipotso

1 “Ga ke bolo go nna ke letlelela matlakala a go tswelela,” a bua a kgatikanya


molamu. “Dingwaga di nne jaanong, nnyaa, di tlhano, ba ga gabo ba ntse ba re,
“Fa kgwedi e fela.” Nnaare bona kgwedi e tsaya dingwaga di le kae go fela?
Diphirimisi! Ga nkitla ke lesa ba ntshema serametla. Gope! Fa e le gore mokgwa
o gona, a me mafoko a tla tswa ka dipounama tsa molamu o! Ka re molamu o 5
wa me o tla...,” a tsenwa ganong ke morwadie yo o esi ka monwana, Sedupe, a
tsile go mmegela fa go tsile baeng, le gore ba bile ba lopa tsweetswee go tsaya
kgang nae ka namana.

2 Ya re a botsa gore e ka ne e le bomang ga twe ba tswa ka fa Rotswana-sa-podi,


mmila o o tswelelang ntlheng ya Matlape. A se ke a tlhola a letela la bobedi,
teduputswa. 10

[Masikategang a Magodimo: J.M.K Mekgwe]


16.1 Kgaoganya leinatswako le le mo go mola 11 ka dipopegopuo (2)
(dikarolopuo) tse di le bopileng.
16.2 Bopa leinaletswa le le mo bontsing ka lediri le le ntshofaditsweng (1)
mo go mola 1.
16.3 Dirisa lebotsi le le tlhagelelang mo go mola 9 jaaka thui mo polelong. (2)
16.4 Fetolela polelo e e thaletsweng mo mola 4 go nna mo tumelong. (2)
16.5 Naya lekaelagongwe la lefoko le le ntshofaditsweng mo mola 8 (1)
16.6 Letlhophi le le mo mola 6 ke la mofuta ofe? (1)
Dirisa leemedi le le mo mola 3 mo polelong go supa kgatelelo ya (1)
leina.
10
Tirwana 17: Tekatlhaloganyo Ya Setshwantsho

17
Setswana HL Grade 11 - LG

Lebelela setshwantsho se se latelang mme morago o arabe dipotso

17.1 Tikologo ya sekolo sa SETLHANGWA A e farologana jang le ya sekolo (4)


sa setlhangwa B?

17.2 Go ya ka wena, bogolo jwa barutwana ba ba mo setshwantshong bo (2)


kaya fa sekolo se e le sa seemo sefe?

17.3 Ke malwetse afe a mabedi a a ka tlisiwang ke Tikologo e (1)

17.4 Neela palo ya basetsana ba ba leng mo setshwantshong. (1)

17.5 A ke tshwanelo gore barutwana ba dire tiro e e mo setshwantshong? (2)


[10]

Tirwana 18: Thuto ya Dikwalo Padi/Terama Dipotso tse dikhutshwane


Buisa temana e e latelang mme morago o arabe dipotso
TSA SEGOMPIENO: NJ Medupe

BA NE BA TL0TLA KHUDU …..

A : (O tenegile) Bathong ba Modimo! Wena! Tota o


nteretse botubi. Motho wa batho, tlogela go
ntirela madimabe ke a go kopa. Nna ga ke go itse.

B : Ao bathong Dipuo, ke a itse gore ke lo


siamololetse mme kana nna ke ipona phoso,
tlhe Dipuo, intshwarele.

A : (O tenegile) Motho wa batho! Ntlogele, pele ke

18
Setswana HL Grade 11 - LG

bitsa mapodisi go go tshwara, o se ka wa rata


go impateletsa ke sa go itse.

B : Nyaa mogaetsho. Fa go ntse jalo, gona


Mpolelele gee gore Seipati o kwa kae. Ke rata
fela fa nka mmona.
18.1 Naya leina la mmui B. (1)
18.2 Mmui B o amana jang le Seipati. (1)
18.3 Ke phoso efe e a e dirileng? Fa e ne e le wena, a o ne o ka tshwarela (2)
mmui B
18.4 Fa e ne e le wena, a o ne o ka tshwarela mmui B? (4)
18.5 Naya leina la ngwana wa Dipuo (2)
18.6 O ne a ratana le mang? (2)
18.7 Goreng Dipuo a ne a bitsa mokapelo wa Ngwana wa gagwe letlalo? (2)
18.8 Naya dimelo di le pedi tsa Dipuo, mme o di tshegetse ka lebaka. (4)
18.9 A go ratana le batho ba bagolo go kotsi fa o le Ngwana? Ntsha maikutlo a (2)
gago.
18.10 A o dumela gore Ngwana fa e se wa gago o tshwanetse go mo tshwara (2)
makgwakgwa? Ntsha maikutlo a gago
18.11 Feleletsa polelo e e latelang: - (2)
Pinyana fa e re ping ------------------------------
18.12 O ithutile eng ka modiragatsi Dipuo? (2)
[25]

Tirwana 19: Tsa Botshelo jwa Moswi


Kwala tsa botshelo jwa moswi ka mafoko a a ka nnang 180 -200 ka NNGWE fela ya ditlhogo tse o
di neilweng
19.1 Morutabana a neele barutwana setlhogo ka tsa botshelo jwa moswi. (25)
Tsala ya gago e tlhokafetse mo kotsing ya sejanaga e e diragetseng fa
lo ne lo le mo loetong go ya toropong. Kwala tsa botshelo jwa moswi
jo bo tlaa buisiwang kwa tirelong ya phitlho. (O gakololwa go kwala ka
ga moswi e seng motshedi.)

Mo dikhuduegong tse di nnileng teng teng mo tikologong ya lona moithuti


mongwe wa bobegadikgang yo o falotseng marematlou mo sekolong sa
19.2 lona, o ne a latlhegelwa ke botshelo. Sekolo sa lona se mo direla tirelo ya
matshediso, mme o kopilwe go rulaganya tsa botshelo jwa moswi. Kwala
tsa botshelo jwa moswi. (Gakologelwa gore go buiwa ka ga moswi e
seng motshedi.)

Tirwana 20: Tiriso ya Puo - Matlhaodi


Buisa temana e e fa tlase mme morago o arabe dipotso
1 'Nko e e sa dupeng, ruri! Ga twe e re o bona di ja maaparankwe ...' A bua a
gopotse monna mongwe wa kgosing, yo basimane ba, ba setseng ba kile ba
mo tswatswaila gore a ye go ba bontsha tshipi e a neng a atisitse go tshwara

19
Setswana HL Grade 11 - LG

dinkwe ka yona. Go se monate. E ja mfoka e feteletsa. Mpolokeng a bo a


gopola letsatsi le a kileng a bapolwa ke banna ba lekgotla a bolaelwa lesidi, go
twe o itirile kgosi ya Montsana, e tswa kgosi e ntse e le teng. 5

2 Le lona letsatsi leo fa a re o a le gopola, peipi ga e tswe mo ganong. E gogiwa


phetelela. A sa fetse go khutsa ka go tlhoka malebogo ga motho o sena go mo
tshedisa noka e tletse. Letsatsi leo, go ne go leba yo o sebete fela. A
ikadimilwe ke motho.

3 'Mo patsoleng! Ka re mo patsoleng ...!' Kgosi e gagasela, morago ga gore a 10


utlwele gore Mpolokeng o lole le Raditsia kwa dikampeng, ba lwela mafulo a
dikgomo. Raditsia wa nta ya selomelakobong, ya re go tshaba Mpolokeng, a ya
go itelela kwa kgosing. A tlatsa ka maaka gore kgosi e tlole ditlhase, gonne le
yona e ne e sa rate Mpolokeng sentle. 'Ke mmetse di le kae, mong wa me?'
15
Ga botsa Ramakgomane.'
[Moapayabodila, OK Bogatsu]
20.1 Leinatswako 'maaparankwe' le bopilwe ka dipopego dife tsa puo (2)
(dikarolopuo)? (Mola 1)
20.2 (2)
20.3 Nopola leitiri le le dirisitsweng mo temeng 2. (1)
20.4 Kwalolola polelo e e latelang, mme o dirise lekaelagongwe la lefoko (1)
le le thaletsweng.
'a bapolwa ke banna ba lekgotla a bolaelwa lesidi' (Mola 4)
20.5 Leemedi 'yona' mo polelong ya mola wa 13–14 le dirisitswe jang? (2)
20.6 (2)
20.7 Leemedi 'lona' mo moleng 6, le tlhagelela fa pele ga leina. Mosola (1)
wa tiriso e ke eng?
20.8 Fetolela polelo e e ntshofaditsweng mo puopegelong. (2)
20.9 Dirisa lefoko 'noka' mo polelong go bontsha bokao jo bo (2)
farologaneng le jo bo mo setlhangweng. (Mola 8)
20.10 Fetolela polelo e e thaletsweng mo tumelong. (1)
15

Tirwana 21: Tekatlhaloganyo


Buisa temana e e latelang mme morago o arabe dipotso.
1 Malatsi a tlhaba le go phirima jaaka gale. Letlha la gore mongwe le
mongwe a robe se o se jetseng, le lona la fitlha go setse fela beke le
malatsi a se kae dikolo di be di kgaoga. Ba tsamaiso ya yunibesithi ba
manega maduo a baithuti mo loboteng lwa dikitsiso jaaka e le tlwaelo
ya bona fa karolo ya ntlha ya ngwaga wa dithuto e lebile meriting. 5
Mongwe le mongwe wa baithuti o ne a ntshitswe go ya ka la ntlheng:
palo ya gagwe ya boithuti, lefapha lengwe le lengwe la thuto eo a
ikwadiseditseng yona le seo a se robileng go fitlha ka motlha oo. Mo
lefapheng lengwe le lengwe ba ne ba rulagantse dipalo tsa boithuti go
ya ka lenaneo la tsona. Bosetlabošweng ba bona ka matlho a bona 10

20
Setswana HL Grade 11 - LG

gore selo se yunibesithi ke felo ga thuto e sele: ga ba rulaganye


baithuti go ya ka motho yo o boneng maduo a a kwa godimo go fitlha
ka motho wa bofelo. Nnyaya. Malatsi ao a ile meriting.

2 E ne e le Laboraro wa beke ya boraro ya kgwedi ya Seetebosigo-o-


tshabe-mala. Baithuti ba nna ba kokoana foo jaaka dinotshe mo 15
sentlhageng sa tsona. E re fa motho a se na go itebelela, a simolole go
lebelela gore moketekete o tsamaile jang. Phuduhudu e e thamo telele
e batwa ke melamu e sa e lebagana. Mme bagaetsho, bola jo bo neng
bo gasitswe gompieno, bo ne bo se tswina: bokete jwa baithuti ba rona
ba e tla tsogang e le baitseanape mo mererong e e farologaneng, ba 20
ne ba na le maduo a a kwa tlase. Maarogi ona a ne a ka se ke a
tlhokega. Dikeledi tsa bona e le tsa mathe gonne ka maduo a bona, ba
ne ba itlhaola mo gare ga ba bangwe jaaka matlhaodi a itlhaola mo
gareng ga maina. Ba tlhola le go lala ka dipelo tse di botlhoko go gaisa
gegerwane. 25

3 Moso o o latelang fa o sa, mo ntlong-lohalahala ya dijo fa mojakong ba


fitlhela kitsiso foo gore maitseboa baithuti botlhe ba kokoanele fa
ntlong-lohalahala e go itapolosetswang mo go yona. Mo lenaneong go
begwa fela gore go tla sekwasekiwa maemo a dilo tsa thuto sešweng
jaana. Mokwadi a kwala ‘Baithuti botlhe’ kwa tlasetlase ga kitsiso eo. A 30
motho yo wa go lala a khukhuna bosigo o ne a ka itsiwe? Ga twe
sekhukhuni se bonwa ke sebataladi mme e seng mo Bokone!

4 Moepapitso, mosimane yo e leng segogotlo mo puong a bua ka kodu


ya senna gore go nne le tidimalo. Fa a lebelela a kgatlhwa ke bontsi jo
bo neng bo le foo. Ka la ntlheng, moepapitso a amogela mongwe le
mongwe ka diatla tsoopedi. A ba lemosa fa le ena a tseile ntlha e tsia: 35
gore pitso eno ga se ya semolao mme mabaka a gapeleditse gore
gompieno go kokoanwe fa. Mongwe wa basimane, ntlheng ya fa Nape
a emeng gona a thwantsha menwana mme a fiwa sebaka sa go bua.
“Bagaetsho, ke bona go le botoka gore go kwalwe ditshitshinyo di le
mmalwa tse di tlaa tlhotlhiwang ke ntlo e.” Ditshitshinyo tsa nna tsa 40
tsena ka monokela go fitlhela a ema ka tse nne. A buisa ditshitshinyo
tsotlhe.

5 Fa go tla go boutwa, ga dumelanwa ka go re motho a le mongwe


bouto tse pedi. Bontsi jwa supa fa tshitshinyo ya ntlha e le yona e e
maleba go gaisa ka gore e rile ba tsholetsa mabogo, ba bobosela 45
jaaka motshitshi wa dinotshe. Ntwagae le Sebedi e ne e le bona
batlhami ba tshitshinyo ya go re: “Rona re le baithuti ba yunibesithi ya
Bokone, re tsholola ka bongwe fela jwa pelo bongame jo bo kanakana

21
Setswana HL Grade 11 - LG

jwa maduo, ikaelelo e le go re busetsa kwa moragorago mo


tlhabologong. Re boa gape re nyatsa maitsholo a a bodileng a 50
batlhatlheledi bangwe, ba ba dumedisang fela makgarebe jaaka e kete
ke bona fela batho. Ka jalo re ithaopa go thinya sekolo go fitlhelela
dilelo tseno di sekegelwa tsebe: Ka la ntlheng, maduo a rona a
tshwanetse go okediwa, go sa isiwe gope gore motho ke mang. Sa
bobedi, re batla go rutiwa ka Sesoshanguve gonne e le sona re se 50
itseng botoka.”
6
Ga tswa tlhagiso ya gore go se ka ga kwalwa maina a makau ao,
bogolo go kwalwe kwa tlase gore tshitshinyo eo e tlhaga mo baithuting
botlhe. Bothata ya nna gore le tla fitlha jang kwa dikantorong tsa
tsamaiso, totatota bothata e le go re lekwalo leo le tla fitlhisiwa jang 55
kwa go mogokgo. Ga dumalanwa gore motho yo o tla tshwarwang a ile
kwa diphaposing tsa thuto, a kgwathisiwe jaaka go dirwa kwa kgotla go
sa isiwe gope gore ke mosadi kana nnyaya. Mongwe le mongwe o ne
a tlamegile gore fa bo sa ka le le latelang, a bo a le gona fa go
kokoanweng gona gompieno. 65
[Nkwe-Nkgoge: E. Mokgoko]
21.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, (1)C kgotsa D.

Ditiragalo tsa setlhangwa A di diragalela kwa yunibesithing ya ...


A Bokone Bophirima

B Bokone
Tshwane
C
Gauteng
D
21.2 Polelo e e reng, malatsi ao a ile meriting e kaya eng. (temana 1) (1)
21.3 Ke dintlha dife tse moithuti mongwe le mongwe a neng a (1)
tlhagelela ka tsona mo kitsisong ya maduo a gagwe. Neela di le
pedi. (temana 1
21.4 Ke goreng go ne ga nna le pitso ya baithuti? (2)
21.5 Go ya ka temana, a baithuti ba ne ba thologetse pitso eo ka bontsi? (2)
21.6 Ke ditopo dife tse pedi tse baithuti ba di tlhagisitseng kwa pitsong? (2)
21.7 Goreng pitso ya baithuti e ne e se ya semolao? (2)
21.8 A o akanya fa ditopo tsa baithuti di ne di tshwanetswe ke go (1)
reediwa ke botsamaisi jwa yunibesithi?
21.9 Go ne go tlaa diragala eng ka baithuti ba ba neng ba ka ikgatholosa (2)
ditumelano tsa pitso?
21.10 Lereo go tewa bomang fa go twe ‘bosetlabošweng’? (2)
15

Tirwana 22: Athikele ya Makasine/Lokwalodikgang

22
Setswana HL Grade 11 - LG

Kwala athikele ya makasine ka mafoko a a ka nnang 180 -200 ka setlhogo se o se neilweng


Morutabana a neele barutwana setlhogo sa athikele ya makasine/Lokwalodikgang (25)
O mmegi wa lokwalodikgang lwa “Semphete”. Kwala athikele ya lokwalodikgang
ka letlhoo la MaAforikaborwa mo matswantleng ka ntata ya dipolao, thekiso ya
diritibatsi le go nyelela ga bana ba basetsana mo nageng ya rona.

Tirwana 23: Tiriso ya Puo - Matlhalosi


Buisa temana e e fa tlase mme morago o arabe dipotso

1 F a o ka tla g o n tsa ya b o sigo g a re , d ira nta d i le m a so m e -a -m a b e di ke tsa


gago . O tla m phitlhela gona fa, ke tlaabo ke setse ke boile kw a ga
M alom e. G a ke ba tle g o la la m o d ikg w e n g tse tsa P h o ken g . K a n a n n a
2 ke m o sim a n e w a n tlo ya n o m o ro . R a th e kisi a m o tsh e p isa g o re o tla a 5
kg o n a .
B a kg a og a na . N kw e a w e la tse la e e leb a ng P h o ke n g . F a o le m o
tse le n g e e ya n g kw a P h o k e n g , g o n a le m o k g o ro k a fa m o le m e n g , o 10
d irisiw a ke m o re kisi w a m e ro g o le m a u n g o . N kw e a tsena m o go ona.
3 A fetsa go o ikadim a n tle le kitso ya m on g. O tla tlh o ko m e la fe la gore a
se ka a senya sep e m o ten g . A a p o la d ia p a ro ka b o fe fo , m m e a a p a ra 15
tsa b o p o d isi. A p h u th a tsa g a g w e se n tle , a d i su n ya m o se kh u n g . A
b o e la k w a tse le n g e e b o e la n g kw a te ro p o n g .
Fa a fitlh a fa bath o b a em e la ng d ipala ng w a teng , a ip a tle la se sa n a m m e
a itu le la fa fa tsh e . A ikotlhae la bo tlaela jw a gag w e jw a go leba la g o itle la
le se m e tla n a . K g o p o lo e n e ya m o e le d isa b o ja lw a m o g o g o lo . L e g o n a
e se ng b o ja lw a b o n gw e le b o n g w e fe la, n n ya ya , jw a g a B o g ad i.
[E nopotswe go tswa mo Ga a site, LR Peega]
23.1 Fetolela polelo e e ntshofaditsweng mo meleng 2 le 3 mo (2)
kganetsong.
23.2 Fetolela polelo e e thaletsweng mo mokgweng wa puo-sebui. (2)
(Mola 4)
23.3 Leemedi 'ona' mo moleng 7 le dirisitswe jang? (1)
23.4 Polelo e e ntshofaditsweng mo meleng 8 le 9, ke mofuta ofe wa (1)
polelwanakala?
23.5 Dirisa polelo e e thaletsweng mo meleng 12 le 13, go bopa (2)
modirisotaelo
23.6 Lerui 'tsa gagwe' mo moleng 10 le dirisitswe jang? (2)
23.7 Bopa sekao sa ledirani ka lediri 'boela' o bo o le dirise mo (2)
polelong.
23.8 Dirisa lefoko 'fitlha' ka bokao jo bo farologaneng le jo bo mo (2)
temaneng.
(Mola 12)

14

Tirwana 24: Leboko le le tlhaotsweng(Dipotso tse dikhutshwane)

23
Setswana HL Grade 11 - LG

Diponagalo tsa poko


Buisa leboko le le latelang morago o kwale tlhamo ya boleele jwa mafoko a ka (10)
nnang 350 – 400 o ikaegile ka diteng tsa leboko.
BOIMANA BASWENG

1. Tshwenyana e bow bontlha!


2. Moswa se lelele go tuntuletsa
3. Go kgotlhokgotsha tlhaletsong
4. Le mororo o itse matsapa
5. Wa tshokane o iphetola
6. Khukhu e sele tlholegong
7. Ka e imelwa ke morwalo
8. Etswe e le wa yona.

9. Ya re go ja kgotlha-o-me
10. Go tswa motemeng o ketetilweng
11. Wa go sega, dikgobalong –
12. Ntho e tlhokileng kalafi
13. Yona e sa rokweng seka-sego
14. Bodiba bo jeleng ngwanaammaago
15. E re o bo feta!

16. E re potso go botswa


17. Go botswa kgamaregong!
18. Seboko o tsene kae?
19. Karabo e re, ke tsene
20. Ka ntha ya nama
21. Wena tlhe nna, kgwaa mathe
22. itshware khubu.

Tirwana 25: Tshobokanyo


Buisa temana e e latelang ka kelotlhoko. E sobokanye o dirisa mafoko a gago mme o sa fetole
bokao jwa temana, ka go tlhagisa dintlha di le supa ka mokgwa wa temana.

DIKGAKOLOLO KA GA GO REKA KOLOI E E DIRISITSWENG


MaAforikaborwa a mantsi a rekile dikoloi tse di dirisitsweng ka tlhotlhwa e e kwa tlase go feta jaaka
ba ne ba solofetse. Batho ba tlhopha dikoloi tse di dirisitsweng ka di le tlhotlhwa e e kwa tlase go
feta ya dikoloi tse dintšhwa. Gona go na le matshosetsi a a rileng mo dikoloing tse di
dirisitsweng. Koloi e e dirisitsweng e ka nna le makoa a setegeniki le sebopego. Go ka nna boima
go fitlhelela dikarolo dingwe tsa go baakanya koloi eo. Ka dinako dingwe morekisi a ka ntsha
tshedimosetso e e fosagetseng ya botshelo jwa koloi le sekgala se e se tsamaileng.
Bareki ba lebane le kgwetlho ya go dirisa dipoelo tsa dikoloi tse di dirisitsweng, mme ka jalo ba
fokotse matshosetsi a tsona. Go dintlha dingwe tsa botlhokwa tse moreki mongwe le mongwe a
tshwanetseng go di tsaya tsia go ipoloka mo manyaapelong a go reka koloi e e dirisitsweng. Batho
ba le bantsi ba goga dinao fa ba tshwanetse go buisa, mme tota moreki o tshwanetse go
tlhokomela gore o bona dipampiri tsotlhe tsa koloi; a di buise, mme a fitlhelele tshedimosetso yotlhe
ka seemo sa koloi le thekiso ya yona.

24
Setswana HL Grade 11 - LG

Moreki a tlogele bongame, mme a duelele gore koloi e tlholwe dikarolo tsa yona tsotlhe. Batla
tshedimosetso ka botlalo ka ga barekisi, mme o totobatse gore aterese e koloi e kwadisitsweng ka
yona e tshwana le ya kwa o boneng koloi gona. Se rekele mo kgetseng, mme o totobatse mofuta
wa koloi e o e rekang e bile o e bone sentle mo motshegareng. Gakologelwa gore ngwana yo o sa
leleng o swela tharing, mme o se duele fela tlhotlhwa e o e boleletsweng ntle le gore o kope
phokoletso ya mokgwa mongwe. Bathusi ba matlole ba aname mo nageng ya rona fela o tlhoka go
itse seemo sa matlotlo a gago pele o tswa letsholo la go batla bathusi ba mmakgonthe. Gaabo boi
ga go lelwe, se tshabe go tlogela koloi eo fa o sa itumelele thekiso gonne barekisi ba dikoloi tse di
dirisitsweng ga ba tlhokwe.
(10 )
[E rulagantswe go tswa go, Internal Enquire: Public Works and Roads, Phatwe 2015]

Tirwana 26: Tlhamo ya Dikwalo Padi/Terama Potso e telele


Nko ga e dupe: M M Itumeleng
26.1 Sobokanya dintlhakgolo tsa poloto ya padi ka mafoko a ka nnang 350- 400. 25

Tirwana 27: Tlhamo ya E e sa tseyeng letlhakore


Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 350 – 400 ka NNGWE FELA ya ditlhogo
tse di neilweng. O se ka wa lebala go thala letlhomeso kana lenaneopaakanyo , go tlhagisa
setlhangwa sa ntlha le go se runa pele o kwala sa bofelo .

Morutabana a neele barutwana ditlhogo di le nne tsa tlhamo ya E e sa tseyeng letlhakore. 50

27.1. Go nna motsadi matsatsi a ga jaana ke kgwetlho e tona thata.

Tirwana 28: Tiriso ya Puo – Letlhalosi/Letlhophi/Letlhaodi


Buisa temana e e fa tlase mme morago o arabe dipotso
1 A gakologelwa gore fa dingwaga di ntse di tlhatloga mme le ena a ntse a
tlhokometse gore di se mo phue ka dithole. A lemoga gore la mogologolo
le le reng go swa e tsaeng, le raya eng. Ke fa a tlaa gata gangwe dikgato
tse pedi. A tsena fa, a tswa ka kwa. Mme ka mmatla sa gagwe a a tle a se
bone, segolo jang fa a momile wa tlase, le ena a bona tiro kwa 5
Mmakamogale, kuranta ya Bantsho mo Tlokwe. A se ka fitlha a nnela go
ikokomela dinala jaaka mosadi wa setshwakga; A thubaka, thubaki. Ga
seka ga mo tsaya lobaka.

2 Ya re go le Mosupologo mongwe, dikgwedi tse tlhano morago ga go bona


tiro, a bilediwa kantorong ya mookamedi. A hupelwa ke ditshego fa a 10
gakologelwa gore o ne a ema madi jang, gonne o ne a sa tlwaela go nna a
bilediwa kwa kantorong, fa e se go ya go amogedisiwa fela. Fela a
ikgomotsa ka gore fa e le tiro yona, nnyaya, foo gona o tlaa bo a bopelwa
ya mmopa. A fitlhela a letilwe.

3 15
E le mookamedi ka namana, monna wa mmele o o matsatsarapa ka
bomo, le rre yo mongwe wa ditedu tsa phoko jaana, ena a sa mo itse. A

25
Setswana HL Grade 11 - LG

bula lebati ka maitseo, maikutlo a tamukane. Mookamedi a nanosa peipi


mo dipounameng di sekeleditse ke ditetswana di beotswe ke seithati, a
butswela leotela la sesi ntlheng ya letlhabaphefo.

[Masaikategang a Magodimo, JMK Mekgwe]


28.1 Bolela gore leemedi ‘ena’ le dirisitswe jang mo go mola 1. (2)
28.2 Bopa letlhopileakaretsi la leina le le ntshofaditsweng mo go mola 3. (2)
28.3 Naya mofuta wa letlhaodi le le tlhagelelang mo temaneng ya 2. (1)
28.4 5.4 (2)
Dirisa lefoko bona mo polelong ka bokao jo bo farologanang le
jo bo mo temaneng. (Mola 5)
28.5 Dipounama mo go mola 18 le diriseitswe jang? (1) (1)
28.6 Naya maina a dithuanyi tse di ntshofaditsweng mo go mola 15 le (2)
18.
28.7 Leinatswako le le tlhagelelang mo moleng 19 le bopilwe ka 10
dipopegopuo dife? (2)

Tirwana 29: Tshobokanyo


Buisa temana e e latelang ka kelotlhoko. E sobokanye o dirisa mafoko a gago mme o sa fetole
bokao jwa temana, ka go tlhagisa dintlha di le supa ka mokgwa wa temana.
GO ITSHIRELETSA GA BAŠWA KGATLHANONG LE TSHOTLO
Dilo dingwe mo botshelong ga di ka ke tsa emisiwa gotlhelele gore di se ka tsa direga. Go le
gantsi mo botshelong batho ba eletsa gore tshotlako e fele. Puso le yona e tswile letsholo le
le thibang maru go leka go fedisa tshotlako bogolosegolo ya thobalano. Go na le dikgato
dingwe tse motho yo mongwe le yo mongwe a ka di elang tlhoko a di ntshetsa leswe
dinaleng go ipoloka le go tila tlhokofatso bogolo jwa nako. Batho bangwe ba rwele matlho,
mme ba dirisa maoto fela go tsamaya; fela ntlha ke gore go tsamaya go tlhoka tiriso ya
dikutlo tsotlhe ka botlhano. Motho o tshwanetse gore fa a tsamaya mo lefelong e le mong
gae kgotsa moeng a nne tsebe ntlha mo tikologong ya gagwe a be a itse gore o tota a
ikutlwa jang ka yona.

Go nna malala a laotswe ke ga mongwe le mongwe gore rotlhe re bolokesege mo


tshotlakong. Go dintlhana di le mmalwa tse barutwana ba ka di elang tlhoko go nna podi
matseba nako le nako fa ba tsamaya bosigo le motshegare. Tsamaya le tsala kgotsa
setlhotshwana sa barutwana go bolola le go goroga go tswa kwa sekolong.

Gakologelwa gore bobedi bo bolaya noga; se nne mophelanosi. O se ka wa amogela go ka


tsholediwa dinao ke ope yo o sa mo itseng kgotsa pelo ya gago e sa weleng ka ena.
Itlhokomolose dikarolo tsa tikologo ya sekolo sa lona kwa go leng batho ba ka tlala seatla
bogolosegolo fa sekolo se tswile. Se utswane ka matlho le motho yo o itseng gore ga o batle
go nkgisana magwafe nae. Se abele ope dinomoro tsa gago tsa mogala yo o sa batleng le
go lora a go leleditse. Se abe le fa e le dinomoro tsa mogala tsa tsala ya gago ntle le tetla ya
gagwe.

Tila go itewa ke phefo le borrabodipa ba kwa sekolong. Fa ba go tsenya lesukusuku loma


mogolo mongwe yo o mo tshepang tsebe ka ponyo ya leitlho. Se otlololele dino, dineo
kgotsa ditsholofetso tsa motho yo o sa mo kgoreng letsogo. Se dire maitemogelo a gago a
tshotlako ya thobalano pipinapipe.
[E rulagantswe go tswa go: A handbook for learners on how to prevent sexual abuse, DBE]

26
Setswana HL Grade 11 - LG

(10)

Tirwana 30: Khathunu


Sekaseka khathunu e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso.

15

Ija! O tshwanetse wa emisa go


tshegetsa setlhopha sa kgwele ya
dinao sa SA ka o sa tlhole o
kgona go reka diritibatsi tsa
kgatelelo ya tlhaloganyo...

1.1 A SA le FIFA ke akeronomi kgotsa khutshwafatso? (2)


1.2 Di kwale ka botlalo gore di emetse eng. (2)

1.3 Neela lefelokgang la tiragalo e e mo khathunung. Tshegetsa


karabo ka lebaka. (1)

1.4 Ke setlhopha sefe se se kaiwang mo khathunung? (1)

1.5 Tebo ya matlho ya modiragatsi wa 1 e na le bokao bofe? (2)

1.6 Go ya ka wena diritibatsi tse di kaiwang mo khathunung ke dife? (1)

1.7 Nopola lelatlhelwa mo khathung mme o le dirise mo polelong e o


itlhametseng yona. (2)

1.8 Ke ditlamorago dife tsa tiriso ya diritibatsi tse o di lemogang mo (1)


mmeleng wa monna? [12]

Tirwana 31: Poeletso ya tlhamo ya Maitlhomo


Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 300 – 350 ka NNGWE FELA ya ditlhogo

27
Setswana HL Grade 11 - LG

tse di neilweng. O se ka wa lebala go thala letlhomeso kana lenaneopaakanyo, go tlhagisa


setlhangwa sa ntlha le go se runa pele o kwala sa bofelo.

Morutabana a neele barutwana ditlhogo di le nne tsa tlhamo ya Maitlhomo 50

31.1. Fa nka nna le nnake yo o nang le bogole mo mmeleng...

Tirwana 32: Tiriso ya Puo - Matlhophi


Buisa temana e e fa tlase mme morago o arabe dipotso

1 “Ga ke bolo go nna ke letlelela matlakala a go tswelela,” a bua a


kgatikanya molamu. “Dingwaga di nne jaanong, nnyaa, di tlhano, ba ga
gabo ba ntse ba re, “Fa kgwedi e fela.” Nnaare bona kgwedi e tsaya
dingwaga di le kae go fela? Diphirimisi! Ga nkitla ke lesa ba ntshema
serametla. Gope! Fa e le gore mokgwa o gona, a me mafoko a tla tswa ka 5
dipounama tsa molamu o! Ka re molamu o wa me o tla...,” a tsenwa
ganong ke morwadie yo o esi ka monwana, Sedupe, a tsile go mmegela fa
go tsile baeng, le gore ba bile ba lopa tsweetswee go tsaya kgang nae ka
2 namana.
Ya re a botsa gore e ka ne e le bomang ga twe ba tswa ka fa Rotswana-sa- 10
podi, mmila o o tswelelang ntlheng ya Matlape. A se ke a tlhola a letela la
bobedi, teduputswa.
[Masikategang a Magodimo: J.M.K Mekgwe]
32.1 Kgaoganya leinatswako le le mo go mola 11 ka dipopegopuo (2)
(dikarolopuo) tse di le bopileng.
32.2 Bopa leinaletswa le le mo bontsing ka lediri le le ntshofaditsweng (1)
mo go mola 1.
32.3 Dirisa lebotsi le le tlhagelelang mo go mola 9 jaaka thui mo (1)
polelong.
32.4 Fetolela polelo e e thaletsweng mo mola 4 go nna mo tumelong. (2)
32.5 Naya lekaelagongwe la lefoko le le ntshofaditsweng mo mola 8 (2)
32.6 Letlhophi le le mo mola 6 ke la mofuta ofe? (1)
Dirisa leemedi le le mo mola 3 mo polelong go supa kgatelelo ya (1)
leina.
10

28
Setswana HL Grade 11 - LG

DITIRWANA YA MORUTWANA

REMOTE LEARNING ACTIVITY BOOK


(RELAB)

SUBJECT: SETSWANA PUO YA GAE

KREITI YA 11
TERM 2

29
Setswana HL Grade 11 - LG

DITENG
TERM TOPIC SUBTOPIC/SECTION

POTSO YA 1: TEKATLHAOLOGANYO

GO BUISA LE GO LEBELELA POTSO YA 2: TSHOBOKANYO

POTSO YA 3: PAPATSO
TERM TWO

DIPOPEGO TSA PUO LE POTSO YA 4: KHATHUNU


MELAWANA YA TIRISO
POTSO YA 5: TIRISO YA PUO

POTSO YA 6: TLHAMO

GO KWALA LE GO TLHAGISA POTSO YA 7: SETLHANGWA SA TIRISANO

GO BUISA LE GO LEBELELA POTSO YA 8: DIKWALO: POKO/PADI/TERAMA

TEKO YA MOTHEO

30
Setswana HL Grade 11 - LG

Tirwana: 1 – Tiriso ya puo


Buisa temana e e fa tlase mme morago o arabe dipotso
E ne e le Lamatlhatso wa kgwedi ya 13 Diphalane 2013, fa matshwititshwiti
a batabogi ba feta ka mmila wa Nelson Mandela Drive, ba ya ba lebile kwa
seteišeneng sa kgaso se se tlwaelegileng mo motseng oo. Babogedi ba ne
ba tlhaba lošalaba, ba bangwe ba ne ba tshotse difolaganyana tse dintle,
ba ntse ba di tsamaisa mo lefaufaung. Ba ne ba dira se go rotloetsa
batabogi ba ba neng ba taboga ka mowa wa tirisanommogo. Kwa
dikgaisanong, mmila o o lebang kwa dikantorong o ne o kgabisitswe ka
mebala e e pinkinyana. Dikota tsa mabone le ditlhare ke fa go phaphasela
maselanyana a mantle a a pinki, mongwe le mongwe yo o neng a goroga o
ne a newa folaganyana e e pinki, e e thadilweng ka letshwao la mmala wa
sesupo sa bolwetse jwa kankere. E rile fa motabogi wa ntlha a sutlhelela go
ya go thula mogala wa mofenyi, boraditshwantsho le bakwaladikgang ba bo
ba setse ba tlhometse, e ntse e le tlakatlaka! Go ne go phatsima mabone a
ditsayaditshwantsho fela. E ne e le ntwa ya batsayaditshwantsho. Mongwe
le mongwe o ne a batla gore lokwalodikgang lwa gagwe lo tlhagise
setshwantsho se se gaisang ka le le latelang la Tshipi. Mmegadikgang wa
thelebišene a ipaakanyeditse go tla go botsa mofenyi dipotso.

[E nopotswe go tswa go: Setswana Tota: MA Masenya le ba bangwe]


1.1 Nopola letlhaodi go tswa mo temaneng o be o le dirisa mo (2)
polelong.
1.2 Letlhaodi le o le nopotseng ke la mofuta ofe? (1)
1.3 Leina bakwaladikgang le bopilwe ka dikarolo dife tsa puo? (2)
1.4 Neela lekaelagongwe la lefoko taboga. (1)
1.5 Nopola lerui mo polelong e e ntshofaditsweng mo temaneng, o bo o
le dirise mo polelong. (2)
1.6 Tse dintle ke letlhalosi la mofuta ofe? (1)
1.7 Nyenyefatsa mafoko a a latelang
1.7.1 motse (1)
1.7.2 mebala (1)
1.8 Dirisa leina mofenyi go supa dintlha tse di latelang
1.8.1 Sediri (2)
1.8.2 Sedirwa (2)
15

POTSO 2: DIKWALO
2.1 Tlhalosa mareo a a latelang a diponagalo tsa padi
a. Moanelwamogolo (2)
b. Moanelwa wa madi le nama (2)
c. Kgotlhang (4)
2.2 Ke mefuta efe ya maitshetlego e e ka fitlhelwang mo pading? (4)
2.3 Tlhalosa mareo a a latelang a poko.
a. Poeletsomodumo (2)
b. Neeletsano (2)

31
Setswana HL Grade 11 - LG

c. Tlogelo (1)
15

POTSO 3: BOITLHAMEDI
3.1 Thala kagego ya lekwalo la semmuso (5)
3.2 Thala kagego ya lekwalo la botsalano (5)
10

PALOGOTLHE: 40
Tirwana 2 : Tshobokanyo

Buisa temana e e latelang mme morago o ntshe dintlha di le SUPA tsa botlhokwa jwa
maemo a bosa mo go tsamaiseng mananeo a batho ka go farologana.

ELA TLHOKO: O tshwanetse go dira tse di latelang:

1. Sobokanya temana e ka go tlhagisa dintlha di le SUPA, ka botlhokwa jwa maemo a bosa


mo go tsamaiseng mananeo a batho ka go farologana.
2. Kwala ka temana, o dirisa mafoko a gago, mme o sa latlhe bokao.
3. Boleele bo se fete mafoko a a 90.
4. Tshobokanyo e seke ya newa setlhogo.
5. Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo.

BOTLHOKWA JWA MAEMO A BOSA MO GO TSAMAISENG MANANEO A BATHO

Kitso ya tsa maemo a bosa e botlhokwa thata e bile ke nngwe ya dikarolo tsa bophelo jwa
motho. Maemo a bosa a thusa mo thulaganyong eo motho a nang nayo go tsamaisa
lenaneo la letsatsi kana la ditiro. Maemo a bosa a thusa batho ba ba tsogang moso le
moso go ya ditirong, a dira gore batho ba tlhophe diaparo tse di siametseng bosa jwa
letsatsi leo. Maemo a, a na le seabe mo metshamekong. Gantsi batsamaisa-metshameko
le bakatisi ba lebelela phoko ya phefo le ka mokgwa o e fokang ka teng. Ga se phefo fela,
ba lekola maemo a loapi go lebelela kgonego ya go na ga pula. Mokatisi o tsaya tsia
dintlha tse di botlhokwa go mo thusa go tlhola motshameko, mme o tla tlhaba batshameki
botlhale gore ba tshameke kgwele ya bone ka mokgwa ofe. Balemirui ba emela pula tsa
dikgakologo gore ba kgone go lema. Fa dipula di ka diega, temo le yona e tla boela kwa
morago mo e tla amang nako ya thobo. Batsamai le bajanala ba dira diponelopele tsa
maemo a bosa ka nako eo ba tla beng ba tsaya loeto. Go dira tshwetso e e tshwanetseng
motho o tshwanetse go leba setlha sa leeto, kgwedi le nako, seo se tla mo kgontshang go
tlhopha diaparo tse di tshwanetseng. Fa o kgweetsa sejanaga maemo a loapi a be a
fetoga, o tshwanetse go tsamaya ka iketlo gore sejanaga se se phepheulwe ke diphefo tse
di maatla. Baagi ba matlo ba tsaya tsia maemo a bosa pele ba thala polane ya moago. Ba
lebelela tshireletso ya moago kgatlhanong le maemo a bosa, phoko ya diphefo le dipula.

[Thanya, L Molefe le ba bangwe]


10
Tirwana 3 : TLHAMO YA DIKWALO

32
Setswana HL Grade 11 - LG

Puso ya tlhaolele e fetotse moanelwa Ati go iphitlhela a le magareng ga matlhoko le


menate. O ikaegile ka tlhagiso e, tlhalosa loeto lo Ati a lo tsereng mo botshelong jwa (25)
gagwe. Boleele jwa tlhamo e nne mafoko a a ka nnang 350-400.

Tirwana 4: tiriso ya puo – Tirwa le tira

Tirwana 5: tiriso ya puo – Makaelagongwe le Malatodi


Go tla bo go le kwa phitlhong go be go twe ditlogolwana di tle go buisa dikgare. Ijonaa! Fao
gona o fitlhele e kete o ka re lefatshe fatoga ke tsene! Bana fela ba bantsho ba palelwa ke go
buisa melaetsa ya Setswana kana Sesotho mme fa go tla mo molaetseng wa Seesimane, ba
se ntsha ka dinko ba bo ba itire le makgoanyana ka go se dumisa. Ruri setšhaba sa ga
Rantsho se a gakgamatsa, le fa bokoko le borremogolo ba ba tlhokileng lesego la go fitlha
kwa dikolong tsa tšhomi ba le teng, e nna khwekhwente-khwekhwente fela. Motho o ipotse
gore a kwa meletlong ya basweu ba a tle ba leke go bua dipuo tsa rona.

A o kile wa utlwa fa ngwana wa dingwaga di le tlhano a ka bua Seesimane e le motswana


gore o bogelwa jang? O fitlhele go ntse go twe: 'o botlhale jang bathong, ke ngwana wa ga
mang?' Ija! A go bua Seesimane go supa o le botlhale?

Batsadi ba re solofetseng gore e nne bona ba ba rutang bana setso le puo, o fitlhele e le bona
ba ba buisang bana Seesimane. Fa baeng ba le gona, o fitlhele e kete ba ile go newa maduo,
ba omanya bana fa ba ka re ba araba ka Setswana.

4.1 Kwala makaelagongwe a mafoko a a ntshofaditsweng mo temaneng. (4)


4.2 Neela malatodi a mafoko a a thaletsweng mo temananeng. (4)
4.3 Dirisa lelatodi la lefoko araba mo polelong e o e itlhametseng (2)
10

Tirwana 6: PHASALATSO

33
Setswana HL Grade 11 - LG

Ikutlwe o le montle
go tswa ka fa teng le ka fa ntle
(10)

E BOFOLOLA MALA A A THATA

Black Forest ke tee e e


monate e e bofololang mala a
a thata. E bonwa ka ditatso di
le tharo: namune, ratsuru le
apole. E leke. O tla makadiwa
ke se kopi ya tee e e tla se go
direlang.

6.1 Ke eng se se bapatswang mo setshwantshong se? (1)


6.2 Go ya ka wena a o bona Phasalatso e, e sekametse ka fa
letlhakoreng le le lengwe. Tshegetsa ntlha ya gago ka lebaka. (2)
6.3 Ke mafoko afe a a ngokelang mo phasalatsong e? Tshegetsa ka
lebaka. (2)
6.4 Neela mefuta e le meraro ya tatso ya tee e. (3)
Tee e, e simololetse go nna teng leng? (1)
6.5 Tiro ya tee e, ke go dira eng? (1)
[10]

Tirwana 7: Leboko le le sa tlhaolwang (Dipotso tse dikhutshwane)

34
Setswana HL Grade 11 - LG

Diponagalo tsa poko


Buisa leboko le le latelang mme morago o arabe dipotso
M-O-T-H-O
1 IJOO! Ke tshaba m-o-t-h-o
Sebopiwa sa maoto mabedi
Meno-masweu, polaya e tshega
Go site le gona borokong
O se itse a se lorang. 5

2 Nna e re go bona m-o-t-h-o


E re go bona noga
Nogeng ke tshabele
Ka m-o-t-h-o ene
Dintsi a tlile go ntobela. 10

3 Fa e le noga yona
E le botsa phokoje
Nna tota ke khutlile-
Go ithuta dibuka le dikwalo
Ka itlhophela go ithuta. 15

Go ithuta m-o-t-h-o
4
Tota le moetshwara-bogaleng
Go mo ikanya
O je o itshadisetsa
Ka le ene, a sa tsalwe nao. 20
7.1 Kwala morumo wa tema ya ntlha. (2)
7.2 Neela tlhaloso ya seane se se tlhagelelang mo mola 3 (2)
7.3 “Go le botsa phokoje” mola 12 ke go dirang? (2)
7.4 Mmoki o kaya mang fa are “Moetshwara- bogaleng? (2)
7.5 Ka ntlha di le pedi fela, sobokanya diteng tsa leboko le, ka mafoko (2)
le maitemogelo a gago
10

Tirwana 8: TSA BOTSHELO JWA MOSWI


Kwala tsa botshelo jwa moswi ka mafoko a a ka nnang 180 -200
Malomaago o thutse botala ka tlhogo ka ntlha ya kotsi ya sejanaga, thusa
balosika ka go kwala tsa botshelo jwa moswi malomaago ka o na le kitso ka
tiro ya mothale o. [25]

Tirwana 9: TEKATLHALOGANYO

3 Phorome ke motsana mongwe wa metsana ya Moruleng. Teng go nna


monna mongwe go twe ke Ratlhogo. Ratlhogo o kile a bo a dira kwa

35
Setswana HL Grade 11 - LG

meepong. Ka ntlha ya kwelotlase ya ikonomi, e ne ya nna mongwe wa [25]


badiri ba ba fokoditsweng mo tirong. O ne a leka go iphedisa/itshedisa le
balelapa la gagwe ka go tshwara matogonyana.

Madi a gagwe a phenšene o ne a a beeletsa ka go reka ditonki tse a di


boneng go tswa mo go Ramokonopi. O ne a dira leano la go dira kariki le
selei ka matlhekge a dikoloi. Beng ba matlhekge a, ba ba pelo ba ne ba mo
abela le mathaere a a fedileng.

Go ne ga feta dikgwedi tse thataro botshelo e kete bo a isega. Mathata e


ne ya nna fa morwa wa maitibolo, Ikabote, a falola mophato wa
marematlou. Ratlhogo o ne a simolola go tlalelwa ke noka go se na
letsibogo le a ka tshelang ka lona. A ingwaya tlhogo a bo a ingwaya ya ba
ya nna e kete o tla tswa lefatlha. Dinako dingwe mathata a botoka fa o a
abelana le ba bangwe gore ba go fe dikakanyo tse di botoka. O ne a
lotlegela tsala ya gagwe ba le ka fa diphafaneng ka mathata a gagwe.
Rammomo a mo tshepisa go mo isa kwa meepong kwa go nang le monna
mongwe wa mosamaria yo a adimisanang ka madi. O ne a mo paka a bo a
mo paka ka bopelontle jo a nang nabo.

Ba ne ba tsogelela go sa le moso gonne kwa ba yang go tlala phetelela. Ba


fitlhetse go setse go le mola o e keteng wa noga. Ba tsena mo moleng, ba
nna ba tswapela le ona, ba be ba fitlha. Go gorogeng ga gagwe kwa teng a
fitlha a di tlhotlhorela monna wa kamela jaaka mosadi a tlhotlhorela sukiri
ya bofelo ya makopo mo koping. Rakamela, a bona fa a bone phofu e e
mafura. 'Naare monna, Ratlhogo fa o sa le o tsene fa, o inanatha, o tlisitse
dikgang kgotsa o batla madi? Ga ke modirediloago ke dira ka madi.' Ga
rialo Rakamela.

'Nnyaya, intshwarele rra kana ke ne ke re ke go ikaele pele gore ke


sekgapha se kana kang.' A ipobola jalo Ratlhogo. Rakamela ka mabela.
'Rra wee, leba kwa morago ga gago, batho ba bantsi ba ba batlang thuso,
wena o nthekisetsa mathata. O batla bokae? Fano ga se fa ngakeng.' Ba
tswa kwa ga Rakamela a tshotse leswaratlha la madi rra. Dikete di le
someamatlhano. O ne a tshwanetse go busa e le dikete di le
somearobongwe. Madi, a kopane le boRammomo le Ratlhogo, ba tsena
pele ka Northam go e ntsha mowa.

Felo go teng ga twe ke 'kwa Lesong'. Go bidiwa jalo gonne go apewa


dipoto tse dikgolo, pesa le dikhanakhana. O ja gore o tlhamukele. Morago
ba ya kwa go tweng ke kwa Seiponeng, koo o fetisetsa ka tse di
thatanyana. Makgarebe le ona a teng. O leba gore matlho a bo a itswale.
Bangwe ba ba khutshwanyana, bangwe ba baleelenyana, bangwe ke
dikgaraganyana, bangwe maoto ke metwanenyana, jalojalo. O ne a tlhola a

36
Setswana HL Grade 11 - LG

morilwe ke go retolosa molala, matlho a gagwe a tsamaya e kete


diwaepara tsa koloi. Ratlhogo o dule koo a budule, le leina la gagwe a sa le
itse.

Mo diketeng di le 50 tse a neng a di tshotse o fitlhetse a setse ka di le 35.


Fa a re o botsa Rammomo, a gotolelwa ke motho matlho a mmolelela
masana a kokometse gore, a o ntse a sa ipone a itirile 'Bitsa ke tla duela le
gona dijo kana di a bitsa kgotsa o ntse o ithaya o re fa o ntse o ntsha ke fa
o ntse o tsenya?' Ga rialo Rammomo. Ntekwane fa a ntse a romiwa go ya
go tsaya e le nngwe ga a buse tšhentšhi. Ga ke re o ne a setse a lemogile
gore moeka o setse a ijetse.
[E nopotswe go tswa mo Setswana-tota, ME Diphoko]
9.1 Ratlhogo o ne a itshedisa jang fa a sena go felelwa ke tiro? (2)
9.2 Lebaka le le dirileng gore Ratlhogo a fokodiwe kwa tirong ke lefe (2)
9.3 Ke eng se Ratlhogo a neng a se dira ka madi a gagwe a phenšene (2)
9.4 4Ratlhogo o simolotse go lemoga gore o na le bothata jwa madi
leng? (2)
9.5 Go ya ka wena a go siame go Kadima madi mo bathong?(2) (2)
9.6 Tsala ya ga Ratlhogo ke mang? (1)
9.7 Ratlhogo o ne a kadimile bokae nkwa go Rakamela

Tirwana 10: Tlhamo ya Maitlhomo


Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 350 – 400 ka NNGWE FELA ya ditlhogo
tse di neilweng. O se ka wa lebala go thala letlhomeso kana lenaneopaakanyo, go tlhagisa
setlhangwa sa ntlha le go se runa pele o kwala sa bofelo.

11.1 Fa nka nna mogokgo wa sekolo … [50]

11.2 Botshelo morago ga fa ke sena go tshwara lotto … [50]

11.3 Fa nkabo ke le moporesidente wa nagak e ne ke tla … [50]

11.4 Fa nkabo ke kgona go busetsa nako morago, ke ne ke tla … [50]

Tirwana 11: KHATHUNU

37
Setswana HL Grade 11 - LG

GO BUA NNETE
NNA KE
TSHOGILE

(10)

11.1 Goreng batho ba ba mo setshwantshong ba tsentse sebipa nko le (2)


molomo?
11.2 Matshwao a a fa godimo ga tlhogo ya mosadi yo o tshotseng
sejanaga a bontsha eng? (2)
11.3 Goreng matlho a barutabana ba ba tsayang temperature ya
mosimane yo o fa pele a rotogile: (2)
11.4 A go siame gore barutabana ba tshele mosimane sanitiser ba le (2)
sekgala le ena? Tshegetsa ka lebaka.
11.5 Lebaka le le dirang gore mosetsana yo o fa gare wa sekolo a
tshoge ke lefe? (2)
10

Tirwana 12: Tiriso ya Puo - Madiri


Buisa temana e e fa tlase mme morago o arabe dipotso
1 Mosimane a simolola a leletsa kwa tlase ka molodi o mosesane, ka
bonya a tlhatloga, ya bo ya ne e kete pina ya gagwe e tswa mo metsing. Ya
re e fela Mapule a fitlhela seatla sa gagwe se le mo go sa ga Diale. Jaanong
ga simolola ya modikwadikwane. Ga simolola setlhopha sa Natala pele.
Fa se tla go feta fa pele ga bona lwa bobedi Diale a lemoga gore podi e
tshaba ka (5) thapo, setlhopha se se tlaa tlholang se tlaa bo se nonofile tota.
Kwa ntle ga kgato e le yosi modikologo wa setlhopha se wa tlhapisa dipelo
tsa baji ba modikwadikwane.
2 Ditlhopha tse pedi tse di latelang tsa tla di baba, mme Natala a
sa ntshitse tlhogo ka tsona. Mmusapitso a gopotsa babogedi gore
setlhopha se se (10) latelang ke sa bone. Fa a digela lefoko ga
tlhaga mosetsana yo mosetlhana, wa seemo sa morwadiakgosi. Ya
re a fitlha fa gare ga setshamekelo a retologa, a leba kwa o tswang.
Legofi la re waa! Mmusapitso a tlola ka bonako go lopa babogedi go
phuthela maikutlo a bona. Sello a gadima boMapule go bona fa ba
gopotse jaaka ena, go bona (15) fa motsamao wa mosetsana o ba

38
Setswana HL Grade 11 - LG

gopotsa sengwe.
[E nopotswe go tswa go: Go ša baori: D.P.S Monyaise]
12.1 Dirisa letlhaodi le le mo go mola 1 mo polelong jaaka sediri. (2)
12.2 Bopa ledirani ka kutu ya lediri le le thaletsweng mo go mola 2 mme o le (2)
dirise mo polelong
12.3 Fetolela polelo e e ntshofaditsweng mo mola 4 mo kganetsong (2)
12.4 Naya maemo a boraro a lesupi le le tlhagelelang mo polelong e e thaletsweng (2)
le le mo bontsing o be o le dirise tlhalosi ya sediriso.
12.5 Fetolela polelo e e thaletsweng mo tirweng (2)
12.6 Letlhophi le le mo go mola 7 ke la mofuta ofe? (1)
12.7 Naya bokao jwa tiriso ya mogatlana –ana mo letlhaoding le le thaletsweng (1)
mo go mola 11 le 12.
12.8 Polelo e e ntshofaditsweng mo go mola 10 le 11 e mo modirisong ofe? (1)

Tirwana 13: Khathunu


Lebelela khathunu mme morago o arabe dipotso

[Se nopotswe go tswa mo Inthaneteng]


13.1 1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C
kgotsa D. Bokao jwa monna yo o kwadilweng loso yo ke eng?
A. Gore le ena o batla botshelo.
B. Go supa gore batho ba ba tsenya matshelo a bona mo kotsing.
C Go lefifi kwa ba yang gona. (1)
D D. Go epa mabitla.

13.2 Ke sediriswa sefe se se tlhagelelang se se seng maleba le tiro ya meepo? (1)


13.3 Matlho a motho yo o gadimileng kwa morago a senola maikutlo afe? (1)
13.4 Maikutlo a o a neelaneng ka ona mo 13.3 fa godimo a tlholwa ke eng? (2)
13.5 Go ya ka khathunu, ditlamorago tsa tiro e e dirwang ke batho ba ke eng? (2)
13.6 Fa o akanya ke ka ntlha ya eng batho ba babedi ba ba kwa pele ba (2)
tlhamalaletse fela kwa pele ba sa gadime kwa morago?
13.7 Fetolela lereo “Illegal mining” mo Setswaneng o bo bontshe gore leina molao le (4)
dirisitswe jang mo phetolelong ya gago go ya ka khathunu?

39
Setswana HL Grade 11 - LG

[13]

Tirwana 14: Pegelo


Kwala lekwalo la mafoko a a ka nnang 180 -200 ka NNGWE fela ya ditlhogo tse o di neilweng
Morutabana a neele barutwana ditlhogo di le tharo tse di farologaneng ka
pegelo/Athikele ba tlhophe se le sengwe. (25)

PEGELO
Baithuti ba sekolo sa lona ba ne ba itshietse e bile ba tshwenya mo
beseng fa le bowa metshamekong. Kwalela mogokgo pegelo ka ga
se se diragetseng. (25)

PEGELO
Baithuti ba sekolo sa lona ba ne ba lwa le ba sekolo se sengwe
kwa metshamekong. Kwalela mogokgo wa lona pegelo ka ga se se
diragetseng
(25)
PEGELO
Baagi kwa motseng wa gaeno ba ne ba bolaya monna yo go dumelwang
gore ke legodu le le thubang mo matlung. Kwala pegelo e e yang kwa
sepodising ka tiragalo e. (25)

PEGELO.
Sekolo sa lona se ne se tsere loeto go ya Kapa. kwalela mogokgo Pegelo
ya loeto la lona
(25)
PEGELO.
Sekolo sa lona se ne se tsere loeto go ya Tshwane. O ikaegile ka [25]
setshwantsho se se latelang, kwalela mogokgo Pegelo ya loeto la lona

40
Setswana HL Grade 11 - LG

Tirwana 15: Thuto ya Dikwalo Padi/Terama Dipotso tse dikhutshwane


Go ya ka wena, o lebile ditiragala tsa Nko ga e dupe, Maitshetlego ke eng le botlhokwa jwa
ona.
(10)

Tirwana 16: Tiriso ya Puo - Matlhaodi


Buisa temana e e fa tlase mme morago o arabe dipotso
Ka letsatsi lengwe ga nna moletlo o mogolo mo motseng. Rangwane wa kgosi o ne a
nyadisa morwae wa ntlha. Ka ga moo modiro e ne ya nna o mogolo thata mme ga
laletswa morafe otlhe. Bomogoloa Galeyo le mmaagwe bona ba ipaakanyetsa go ya
lenyalong mme ene a idiwa. Ga twe a sale a dira mo lapeng jaaka metlha. Fa Galeyo
a gopola gore motse otlhe o thologetse lenyalo la kwa kgosing, a utlwa botlhoko thata.
Pelo ya gagwe ya rutla ditshika tse dikgolo a be a utlwa e kete di phanyegile e bile a
ntse a keleketla a tsena mo pelong ka bontsi. A utlwa pelo ya gagwe e ubuga e opa
dikgopo gore matlho a gagwe a bo a fifale. A lela selelo sa matlhotlhapelo.
E rile mo mosong, tsaya nkgo a ya nokeng. Fa a fitlha kwa nokeng, a feta a nna mo
godimo ga lentswe mme a nnela selelo. A tlelwa ke monagano wa go itatlhela mo
nokeng. O ne a tloga fa a neng a ntse teng a leba kwa bodibeng jo bogolo. E rile fa a
eme fa losing, go setse fela gore a itatlhele, a utlwa nonyane nngwe e opela ka
lentswe le le molotsana. Tswina ya lona ya mo tlhaba mo pelong mme a gadima. A
bona nonyane e ntle e kotame mo setlhareng mme ya re go ene: “Galeyo tlogela go
lela. Tsamaya o ye go tlhapa o ye lenyalong.” Galeyo a makatswa ke go utlwa
nonyane e bua. A retologa a ga metsi a ya gae. Fa a sena go tlhapa, a apara diaparo
tsa gagwe tse dintle tse a neng a di reketswe ke rraagwe a santse a tshela, a rwala le
ditlhako tsa gagwe tse ditshweu. A rwala reng e ntlentle e a neng a e reketswe ke
rraagwe. A wela mo tseleng a ya kwa lenyalong le le neng le tletse batho ba bantsi
tota.
16.1 Letlhaodi ke eng? (1)
16.2 Neela mefuta e meraro ya matlhaodi. (3)
16.3 Bua gore matlhaodi a a ntshofaditsweng ke a mofuta ofe. (5)
16.4 Dirisa letlhaodi ba bantsi jaaka sediri, mo polelong e o itlhametseng (2)
yona.
16.5 Dirisa letlhaodi tse dikgolo jaaka sedirwa mo polelong e o itlhametseng yona. (2)
16.6 Neela popego ya letlhaodi. (2)
15

Tirwana 17: Tekatlhaloganyo Ya Setshwantsho


Lebelela setshwantsho se se latelang mme morago o arabe dipotso

41
Setswana HL Grade 11 - LG

17.1 Batho ba ba mo setshwantshong ba bontsha maikutlo afe? (1)


17.2 Ke maikutlo afe a a bonalang mo ngwaneng o o kukilweng mo (1)
setshwantshong?
17.3 Neela setshwantsho setlhogo. (1)
17.4 Go ya ka wena a phologolo e e mo setshwantshong e itumeletse go
bonwa ke batho. Fatlhela karabo ya gago. (2)
17.5 Leina la phologolo la phologolo e ke eng? (1)

Tirwana 18: Tekatlhaloganyo ya setshwantsho


Leba setshwantsho se se latelang mme morago o arabe dipotso.

18.1 Naya molaetsa o o tlhagisiwang ke setshwantsho. (2)


18.2 Ke ditso dife tse di tlhagisiwang mo setshwantshong? (2)
18.3 Go neelana ka ditšheše go kaya eng? (2)
[6]
81.1 Batho ba tshedisane mmogo/ ba ratane
18.2 Tsa basweu le bantsho
18.3 Go supa lerato

42
Setswana HL Grade 11 - LG

Tirwana 19: Tsa Botshelo jwa Moswi


Kwala tsa botshelo jwa moswi ka mafoko a a ka nnang 180 -200 ka NNGWE fela ya ditlhogo tse o
di neilweng
19.1 Morutabana a neele barutwana setlhogo ka tsa botshelo jwa moswi. (25)

Tsala ya gago e tlhokafetse mo kotsing ya sejanaga e e diragetseng fa


lo ne lo le mo loetong go ya toropong. Kwala tsa botshelo jwa moswi
jo bo tlaa buisiwang kwa tirelong ya phitlho. (O gakololwa go kwala ka
ga moswi e seng motshedi.)

Mo dikhuduegong tse di nnileng teng teng mo tikologong ya lona moithuti


19.2 mongwe wa bobegadikgang yo o falotseng marematlou mo sekolong sa
lona, o ne a latlhegelwa ke botshelo. Sekolo sa lona se mo direla tirelo ya
matshediso, mme o kopilwe go rulaganya tsa botshelo jwa moswi. Kwala
tsa botshelo jwa moswi. (Gakologelwa gore go buiwa ka ga moswi e
seng motshedi.)

Tirwana 20: Leboko le le sa tlhaolwang (Dipotso tse dikhutshwane)


Diponagalo tsa poko
Buisa leboko le le latelang mme morago o arabe dipotso
Sempe a lešoboro -Michael Ontefetse Martinus Seboni; Ernest Pelaelo
Lekhela
1
Legougou la lena dimense,
2
E rile go twe gou-gou ka tshoga,
3
Pelo ya tshoga ya ntika morago
4
Ke itlhoma lo raya nna ka nosi,
5
Ntekwane lo re raya, le lona lo itheye
6
.Lo bo lo reye le banyana ba dimense,
7
.Ramapotwane a potapota gaisi,
8
O tlhola a tikela mo gaising,
9
. Lekobakoba la goora Lesoboro
10
. Sempe e kete go bolawa noga,
11
E bile e kete go bolawa molelemedi,.
12
Le mefinyana ya dilepe e a wa.
13
Go buile Mmaselemela a re,
14
‘’Nnaare Sempe wa ka, o bolawa eng?”
15
A re, “mma, ke bolawa ke ditšhentšha banna;
16
Nna ke bolawa ke kgomo ya pereko.

43
Setswana HL Grade 11 - LG

17
Mogolokwane wa lela, wa lela phetelela,
18
Kwa lapeng lwa ga Mmaselemela;
19
A bona Sempe a tla a e kgweetsa,
20
A re, “Ngwanaka mmentla o humile thata?”
21.
A itumelela go tla a thibile moroba.
22
Ngwale boela yoo o mmokile,
23
O boka o sa itse ina la gagwe,
24
Ina la gagwe ke matsodimatsoke.

20.1 Tlhalosa maikutlo a mmoki (2)


20.2 Tlhalosa gore go tewa eng ka lešoboro (2)
20.3 Ke ponagalo efe e e fitlhelwang mo mola 23? Tlhalosa mosola wa (2)
yona.
20.4 Neela ponagalo e e tlhagelelang mo mela 23 le 24 mme o tlhalose (2)
le mosola wa yona.
20.5 Tlhalosa bokao jwa mafoko a, “ke bolawa ke ditšhentšha banna.” (2)
(10)

Tirwana 21: Papatso


Sekaseka papatso e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso.

21.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D.

Togamaano ya go kwala mafoko a a kwa godimo mo kunong e ka ditlhaka tse


dikgolo ke efe?

A Go bontsha gore go bapatswa eng


B Go ngoka badirisi
C Gore mokwalo o buisege sentle
D Go Kgabisa papatso (1)

21.2 Ke kuno efe e e bapadiwang? (2)

21.3 Ntsha puo e e tlhotlheletsang go tswa mo papatsong e. (2)

21.4 A o dumelana le ntlha ya gore fa o ja Lucky Star o nna botlhale? Tshegetsa


karabo ya gago ka lebaka. (2)

21.5 Dirisa lefoko nna mo polelong e le leemedi.


(2)
21.6 Lefoko omega le dirisitswe jang mo papatsong. (1)

Tirwana 22: Athikele ya Makasine/Lokwalodikgang


Kwala athikele ya makasine ka mafoko a a ka nnang 180 -200 ka setlhogo se o se neilweng

44
Setswana HL Grade 11 - LG

Morutabana a neele barutwana setlhogo sa athikele ya makasine/Lokwalodikgang (25)


O mmegi wa lokwalodikgang lwa “Semphete”. Kwala athikele ya lokwalo-dikgang
ka letlhoo la MaAforikaborwa mo matswantleng ka ntata ya dipolao, thekiso ya
diritibatsi le go nyelela ga bana ba basetsana mo nageng ya rona.
ATHIKELE
O kgatlhanong le mokgwa o bašwa ba itshotseng ka ona wa go sa tlotle
bagolo, batsadi le barutabana ba bona. Kwala athikele e e tla
phasaladiwang mo makaseneng wa BONA ka setlhogo se, “A bašwa
ba mmala wa sebilo ba tla o besa wa tuka?”

ATHIKELE
O kgatlhanong le mokgwa o baithuti ba itshotseng ka ona wa go sa
tlotle barutabana le go sa dire tiro ya sekolo. Kwala athikele e e tla
phasaladiwang mo makaseneng wa sekolo ka setlhogo se,
“Bokamoso jwa bana ba mmala wa sebilo”

ATHIKELE YA LEKWALODIKGANG
Lebelela setshwantsho se se fa tlase mme o kwale athikele ya
lekwalodikgang ka ga sona.

[Se nopotswe go tswa mo inthaneteng]


Tirwana 23: Tshobokanyo
Buisa temana e e fa tlase ka kelotlhoko. E tlhagisa dintlha tse e leng
ditlhokego tse di thusang mo katlenegisong ya kgwebopotlana.

ELA TLHOKO: O tshwanetse go dira tse di latelang:


 Sobokanya o dirisa mafoko a gago, mme o sa latlhe bokao jwa
temana,
ka go tlhagisa dintlha di le supa tseo di thusang mo katlenegisong ya
kgwebopotlana.

45
Setswana HL Grade 11 - LG

 Kwala ka temana.
 Boleele e bo se fete mafoko a a 90.
 Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa
tshobokanyo.
Kgwebo ka ntlha ya fa e re neela tshwantshanyetso ya semelo sa mogwebi,
leoto lwa yona, e ka nna kgwebopotlana kgotsa jang, ke maikarabelo a
mogwebi wa yona. Mogwebi o tshwanetse go itse mabaka a a mo
gapeletsang go simolola kgwebo ya gagwe. Fa o itse mabaka a, o tlaa
kgotlelela le go ntshetsa kgwebo ya gago kwa ple. Mogwebi o tshwanetse
go sekaseka ka tsenelelo gore ke eng se a ratang go gweba ka sona. A seo
ke se o dumelang badirisi ba se tlhoka. Fa o sa bone thuso ya madi go
tswa kwa pusong kgotsa kwa dibankeng, se letle bothata jo go fifatsa ditoro
tsa gago.
A tlhokego ya madi e se laole maikaelelo a gago. Bokamoso jwa gago bo
mo matsogong a gago. O tshwanetse go ikitse fa o le mogwebi, o itse
bokgoni le makoa a gago. Gakologelwa, moremogolo go betlwa wa taola
wa motho o a ipetla. Kgaratlha, o semelele, o se letle makoa a gago go
reketlisa kgwebo ya gago.
Bagwebi ba ba kgaratlhelang go atlega ba a itse gore ba tshwanetse go
lootsa bokgoni jwa bona jang. Bapatsa kgwebo ya gago ka ditsela tsotlhe
tse o ka di kgonang go fitlhelela bareki ba gago. Tsaya ditshwetso tse di
maleba go kgwebo ya gago. Nna le ponelopele ya go godisa kgwebo ya
gago. Se itsemeletse, nna o le malalalaotse go godisa kgwebo ya gago. Ka
motho e le motho ka batho ba bangwe, kgwebo le yona ke kgwebo ka
badiri le bareki. Ba tlotle, o nne le tirisanommogo nabo. Bobusaesi bo
phutlhamisa kgwebo. Ga go fose kota ka go fosa motho. Ithute go tswa mo
diphosong tsa gago. Fa o kopana le dikgwetlho tse o retelelwang ke go di
itharabololela, se latlhele seditse, kopa thuso go bomankge ba tsa kgwebo.
Ga o motho wa ntlha go kopana le mathata mo kgwebong. Thuso e teng!
[Go tswa go: Move! 28 Tlhakole 2014]

PALOGOTLHE YA KAROLOYA B: 10

Tirwana 24: Leboko le le sa tlhaolwang (Dipotso tse dikhutshwane)


Diponagalo tsa poko
Buisa leboko le le latelang morago o kwale tlhamo ya boleele jwa mafoko a ka
nnang 350 – 400 o ikaegile ka diteng tsa leboko.
Loso lwa ga rre- Moses Tebogo Molefe Seate
1.
Ke ne ka tsholetsa matlho a me kwa thabeng,
2.
Kwa dithabeng tse di boitshepo tsele tsa Modimo.
3.
Keledi yona ya rotharotha matlhong ame,

46
Setswana HL Grade 11 - LG

4.
Ka kopa thuso go yo o dutseng mo magodimong,
5.
Yo o laelang dinaledi le ona mawatle;
6.
Go gomotsa pelo ya ga Mme le kgaitsadiake,
7.
Ba ba ipitikang kwa meloreng ya dithothobolo.
8.
Ba itima dijo bosigo le motshegare.
24.1 Tlhalosa morero wa leboko le (2)
24.2 Neela ponagalo e e tlhagelelang mo mola 1 le 2, tlhalosa mosola (2)
wa yona.
24.3 Mmoki o ikutlwa jang? (2)
24.4 Ke ponagalo efe e e bonwang mo mela 7 le 8? Tlhalosa mosola wa (2)
yona.
24.5 O ithutile eng mo lebokong le? (2)
(10)
Dikarabo
24.1 Loso (2)
24.2 Neeletsano, e tsweletsa kakanyo (2)
24.3 Kutlobotlhoko (2)
24.4 Tlhatlaganoya mafoko- e gatelela mafoko (2)
24.5 Loso le setlhogo. (dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di (2)
elwe tlhoko.
(10)

Tirwana 25: Tshobokanyo

47
Setswana HL Grade 11 - LG

Buisa temana e e latelang ka kelotlhoko. E sobokanye o dirisa mafoko a gago mme o sa fetole
bokao jwa temana, ka go tlhagisa dintlha di le supa ka mokgwa wa temana.

KAEDI YA MAITSHOLO A BADIREDIPUSO

Badiredipuso ke bathapiwa ba puso bao go wa le go tsoga ga bona e leng go direla


setšhaba. Badiredipuso bana le melawana e ba tshwanetseng go itshola ka yona mo
bodireding jwa bona gore mo pusong go se nne kwa ga Mmegagampone. Kaedi e ya
maitsholo e dirisiwa go kaela badiri ka se se solofetsweng mo go bona mabapi le maitsholo
a mantle, e ka nna mo bojosing jwa bona kgotsa mo botsalanong le ba bangwe.

Melawana e ya maitsholo e rotloetsa bodiredi jo bo tlhwatlhwagodimo gape e thus aka


netefatso ya go ishepa mo badiredipusong.Go solofetswe gore badiredipuso le
bakhuduthamaga ba kgotlapeomolao ba itshole ka mokgwa mongwe o o tlhaolegileng.
Badiredipuso ba dirisana ka sebona gape ba dirisana le setšhaba.

Bodiredi le botsalano jwa badiredipuso bo beilwe leitho le le ntšhotšho le go atlholwa ke


bathapi le setšhaba.Ba tshwanetse go dirisana ka botlalo go atolosa dikgatlhego tsa
setšhaba. Ka tsamaiso ya ditheo , ga go na setheo se se se nang molaodi.Badiredipuso le
bona ban a le batho bao ba ba tlhaoletsweng go ba tsamaisa mme ba tshwanetse go
diragatsa ditaelo tse ba di neilweng ka fa molaong e bile di sa thulane le Molaotheo ka gope.

Ga go modiri yo o nang le tetla ya go dirisa thata ya gagwe go tlhotlheletsa badiri ba bangwe


kana go ba gatelela ka mokgwa mongwe.
Ga go mokgoro o o sa neleng, ka jalo badiredipuso ba na le tšhono ya go tlhagisa dilelo tsa
bona ka tsela e e maleba le kwa kemeding e e maleba. Ba ineele go godisa , go rotloetsa
badiri - ka – bona le go nna le botsalano jo bo se nang selabe.Ba iphape mo ditirong tsa
mekgatlho ya sepolotiki ka nako ya tiro le kwa tirong. Ba dirisane le ba bangwe ntle le
kgobelelo.

Ngwana yo o sa utlweng molao wa batsadi o tlaa utlwa wa manong.

(E fetoletswe go tswa go News Letter dig & hs)

Tirwana 26: Tlhamo ya Dikwalo Padi/Terama Potso e telele


Nko ga e dupe: M M Itumeleng
Sobokanya dintlhakgolo tsa morero wa padi ka mafoko a ka nnang 350- 400. 25

Tirwana 27: Tlhamo ya E e sa tseyeng letlhakore


Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 350 – 400 ka NNGWE FELA ya ditlhogo
tse di neilweng. O se ka wa lebala go thala letlhomeso kana lenaneopaakanyo, go tlhagisa
setlhangwa sa ntlha le go se runa pele o kwala sa bofelo.

Morutabana a neele barutwana ditlhogo di le nne tsa tlhamo ya E e sa tseyeng letlhakore. 50

Go nna motsadi matsatsi a ga jaana ke kgwetlho e tona thata.

48
Setswana HL Grade 11 - LG

Tirwana 28: Tiriso ya Puo – Dikarolopuo tse di farologaneng.


Buisa temana e e fa tlase mme morago o arabe dipotso
Buisa temana e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso.

1 Gangwe fela fa Mahlangu kgotsa “mmemogolo Esther” jaaka bontsi bo


mmitsa a simolola go sekaseka tsa botshelo jwa gagwe gammogo le
maitemogelo a gagwe jaaka motaki mo setsong sa siNdebele, se fale le
fale a se tswakileng ka setso sa Sesotho, o ikutlwa e kete a ka tswelela
diuraura a sa emise. 5

2 Ka tshoganyetso, leeto la ura le seripa mo tseleng e e tletseng


dikhutikhuti go ya go kopana le ena kwa motseng wa Emthombothini, kwa
ntlenyane ga KwaMhlanga kwa Mpumalanga, le lebega le le botlhokwa.
Ka letsatsi le re mo jetseng nala ka lona, kwa ga gagwe ke semphete-ke-
go-fete mme le mo matšhwititšhwiting a a kanakana a batho, o sa ntse 10
a gopola sentle gore o dumedisitse mang, ga a dumedisa mang.

3 Sengwe se a sa se gopoleng sentle fela ke matlha a a totobetseng a


diphitlhelelo dingwe tsa botlhokwa mo botshelong jwa gagwe le gore
bomorwae ba babedi ba ba tlhokafetseng ba ne ba le dingwaga di le kae
fa a simolola tsa botshelo jwa gagwe jwa botaki. Mo go tse dingwe,kanelo 15
ya gagwe ga e tlhaele gope fela jaaka ditiro tsa gagwe tsa botaki.

4 Fa a bodiwa gore go tlile jang gore a nne karolo ya botlhokwa ya


ngwaoboswa ya Aforikaborwa le mongwe wa botlhokwa mo bathong ba
ba batlang go bapatsa, o kaile gore o nnile le phisegelo ya go taka a le
20
dingwaga di le lesome fela.
[E nopotswe go tswa mo Destiny: Lwetse
2017]

28.1 Kgaoganya leinatswako le le ntshofaditsweng mo go mola 1 ka


dipopego tsa puo. (2)

28.2 Naya leemedi la leina le le thaletsweng mo go mola 2. (1)

28.3 Dirisa letlhaodi le le thaletsweng mo go mola 14 o le dirise mo polelong.


jaaka thui. (1)

28.4 Bolela gore leemedi le le mo go mola 7 le dirisitswe jang. (1)

28.5 Naya leinagoboka le e ka nnang lekaelagonwe la le le ntshofaditsweng


mo go mola 10. (1)

28.6 Nopola lerui go tswa mo setlhangweng. (1)

49
Setswana HL Grade 11 - LG

28.7 Naya letlhopileakaretsi la leina le le ntshofaditsweng mo go mola 12. (1)

28.8 Nopola lebotsi go tswa mo go mola 14 o bo o bolele gore le diriseditswe


go botsa eng. (2)
[10]
Tirwana 29: Tshobokanyo
Buisa temana e e latelang ka kelotlhoko. E sobokanye o dirisa mafoko a gago mme o sa fetole
bokao jwa temana, ka go tlhagisa dintlha di le supa ka mokgwa wa temana.

Tirwana 30: Papatso/Khathunu


Sekaseka khathunu e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso.

(1)
Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D.

30.1 Mo papatsong e, go bapatswa:


A Meteme ya matlakala le go boloka dilo.
B Didiriswa tsa ntloboapelo
C Meteme ya go boloka dijo
D Meteme ya go boloka tšhelete

50
Setswana HL Grade 11 - LG

30.2 Goreng tlhagiso e e reng: ‘Duela o le mongwe’ e kwadilwe ka ditlhaka tse di (2)
Ntsofaditsweng?
30.3 Nopola puo e e digelang go tswa mo papatsong e. (1)
30.4 O ka fitlhelela sebapatswa se jang? Neela ditsela tse PEDI. (2)
30.5 A sesolo se, se ka bonwa letsatsi lengwe le lengwe la beke? Tshegetsa karabo ya (2)
Gago ka lebaka.
30.6 Nopola letlhaodi la palo mme morago o le dirise mo polelong e o itlhametseng. (2)
(10)

Tirwana 31: Poeletso ya tlhamo ya Maitlhomo


Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 350 – 400 ka NNGWE FELA ya ditlhogo
tse di neilweng. O se ka wa lebala go thala letlhomeso kana lenaneopaakanyo, go tlhagisa
setlhangwa sa ntlha le go se runa pele o kwala sa bofelo.

Morutabana a neele barutwana ditlhogo di le nne tsa tlhamo ya Maitlhomo [50]

31.1. Fa nka nna le nnake yo o nang le bogole mo mmeleng...


31.2. Fa nka nna motsadi
31.3. Fa nka nna moporesidente wa naga ya rona

Tirwana 32: Tiriso ya Puo - Khathunu


Buisa temana e e fa tlase mme morago o arabe dipotso

51
Setswana HL Grade 11 - LG

RE A LE AKGOLA, SETLHOPHA SA AFORIKABORWA!!


DIME NTLELE DI LE 6, DIGOUTA 3, MAEMO A BORARO KA KAKARETSO!

Re atlegile go
sa
kgathalasege 1 2
Togamaano
mathata a a
regolegileng ke go goga
mmogo

3
4 Go tlhoka
maano a
ikatiso fa
lapeng

Dithutego Bathubalebelo
tse e ga ba
seng tshegediwe
tsona

32.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C


kgotsa D.
Baatlelete ba, ba emetse naga ya …

A. Yuropa
B. Lesotho
C. Aforikaborwa
D. Swatsing (1)

32.2 Go ya ka melaetsa e e mo khathunung, dikeetane tse di bofileng (2)


batabogi ba di kaya eng?

32.3 Ke eng se se thusitseng batho ba gore ba fitlhelele phenyo? (2)

32.4 Puo ya mmele ya batho ba dipalo 1 le 2 e senola maikutlo afe? (1)

32.5 Matlho le molebo wa monna wa palo ya 3 a senola molaetsa ofe? (1)

32.6 Fa o akanya, ke ntlha efe e mokhathunu a batlang go e tlhagisa ka go (2)

52
Setswana HL Grade 11 - LG

tabogisa batabogi ba rwele dimmetlele?

32.7 Naya leina la thuanyi e e thaletsweng le go ntshofadiwa mo khathunung. (1)

[10]

53
Setswana HL Grade 11 - LG

DITIRWANA YA MORUTWANA

REMOTE LEARNING ACTIVITY BOOK


(RELAB)

SUBJECT: SETSWANA PUO YA GAE

KREITI YA 11
TERM 3

54
Setswana HL Grade 11 - LG

DITENG
TERM TOPIC SUBTOPIC/SECTION

POTSO YA 1: TEKATLHAOLOGANYO

GO BUISA LE GO LEBELELA POTSO YA 2: TSHOBOKANYO

POTSO YA 3: PAPATSO
TERM THREE

DIPOPEGO TSA PUO LE POTSO YA 4: KHATHUNU


MELAWANA YA TIRISO
POTSO YA 5: TIRISO YA PUO

POTSO YA 6: TLHAMO

GO KWALA LE GO TLHAGISA POTSO YA 7: SETLHANGWA SA TIRISANO

GO BUISA LE GO LEBELELA POTSO YA 8: DIKWALO: POKO/PADI/TERAMA

55
Beke 1 - 3
Tirwana 1: PADI NKO GA E DUPE M.M. Itumeleng
Setswana HL Grade 11 - LG
DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE

Buisa Nopolo e e latelang o tle o itse go araba.

Kelebogile o ne a sa rutega fela a kgona go buisa e bile a tlhaloganya mafoko a


Seesimane. A re, “Ee, ke a go dumela jaanong. Fela o ne o nkgakile e bile ke go
gakgamaletse, tota… A botsa …A e bo e le la ntlha o di apara ka moso kgotsa o tlhotse o
di apere?”
“Ke tsoga ke di tlhotlhora bošwa… A tswelela pele ka go re …E kete go tla nkga go sa
bola. Ke wa pele mo faboriking go apara tsa mothale o.”
“Ijoo-nnawee! O ikilele morwaaka. O tlhokomele lefufa le letlhoo. Batho ba fekeetswa ke
lefufa le le se nang mosola. Mona ga se papadi, fela batho ba o tsweletsa pele
sekakhumo. Jaanong o ikele tlhoko, Ati ngwanaka, gore o site baba. Serokolo sa motho
ke maitseo le botlhale.”

Morago ga dilalelo Kelebogile a phutholela Ati dihempe tsa junifomo. A eta a iketlile ka go
laya morwae gore a dire ka natla go itshola setho ka go tlhokomela tiro mmogo le
badirammogo. Seo se tla mo abela lesego go phedisana mmogo. A se ke a gaisana a
phedisane. Malapa mangwe a ne a ise a time dipone fa ba isa marapo go beng.
[25]

1.1 Ke junifomo ya tiro efe e Ati a tsogang a e tlhotlhora bošwa? (1)


1.2 Faboriki e Ati a neng a e direla e ne e tlhagisa kuno efe? (1)
1.3 Faboriki e, e tsweletsa jang morero wa padi eno? Tshegetsa ka ditiragalo (4)
di
le pedi go tswa mo pading.
1.4 Ntle le Ati, neela maina a le mabedi a badiri ba ba bangwe ba Bantsho ba (2)
ba neng ba dira mo faboriking e.
1.5 Leina Maria le amana jang le Kelebogile? (1)
1.6 Badiri bangwe ba faboriki ba ne ba sa itumelela go thapiwa ga ga Ati, (4)
matsapa e ka tswa e le eng? Neela mabaka a le mabedi.
1.7 Ke ka ntlha ya eng Nadia a ne a sa thapa badiri ba e leng sebaka ba (2)
dira mo faboriking eno?
1.8 Kelebogile o senola semelo sefe go ya ka nopolo e e fa godimo? (2)
1.9 Tlhalosa botsalano jwa ga Kelebogile le baagisane ba gagwe ba kwa (2)
Albartina.
1.10 Letsatsi lwa ntlha fa ne Ati a simolola tiro, go maitsholo mangwe a Nadia (2)
tlhagisitseng a a neng a gakgamatsa badiri ba Bantsho le Basweu,
ba ipotsa gore a kgethololo e fedile, ke maitsholo afe? Naya dintlha
di le pedi.
1.11 Fa e ne e le wena Kelebogile mothapi wa gago a latofatsa morwao ka gore (2)
o bolaile katsana ya gagwe fela jaaka mosadi wa Mojuta a ne a
dirile o ne o tlaa ikutlwa jang? Tshegetsa karabo ya gago ka
56
1.12 A o bona Atamo a itshwere jaaka bašwa ba gompieno? Tshegetsa karabo (2)
ya gago ka lebaka
(25)
Setswana HL Grade 11 - LG

Tirwana 2: Leboko le le sa tlhaolwang (Dipotso tse dikhutshwane)


Diponagalo tsa poko
LENTSWE LA MOLEDI - LD Raditladi

1 Jaanong ke tla leba bonnete matlhong


2 E se re ke bua mongwe a ntenegela
3 Ke diriwa ke botlhokobogolo.
4. Moledi ga ke bolo go akabala,
5 Go dirwa fela ke ntse ke labile,
6 Go twe nna ke sefofu, ke foufetse.
7 Ke lesea, ga ken a go ngunanguna.
8 Monomotlha gaa se maloba a bile
9 Seboba mpeng se neng se mpampeediwa,
10 E se re o se batola wa bolawa.

11 Moledi, motlhoiwa, ke tlhoetswe lefe?


12 A ke tlhoilwe gobo ke le mothwana,
13 Ka mothwana a se na lepe lesego,
14 Fa ke lephologolo ke lekaba?
15 Lefathe leno la moledi leina.
16 Ditshaba tsaa tla mono go ntirela,
17 Tsa mpaya seatla mo matlhong lesilo.
18 Lesilo la nnete ka bokalala,
19 Nna botlhale ka se ka ka bo bona,
20 Ke tlhalefa ga tse ga ke a lekana.

21 Kgosi ya me nna tota ga e mphemele,


22 E femela ba e reng ba gara go tie.
23 Le gareng ga rona ga re itumele,
24 Fa re lwa re ngarolana mekwatla,
25 Re etsa phologolo tsele tsa naga.
26 Di reng di tshela mmogo di khutlane.
27 Makolwane re folosana majeng,
28 E re re ya tlase re ye re tlhomile,
29 E re re wa, re kgoboge mangole.

2.1 Mmoki o tlhagisa maikutlo afe mo lebokong le? (1)


2.2 Ke eng se mmoki a lelang ka sona mo lebokong le? (2)
2.3 Naya leina la ponagalo e e tlhagelang mo meleng 17 le 18, o be
neele le mosola wa yona. (2)
2.4 Nopola mola go tswa mo temaneng ya 1 o o supang fa go na le ba
ba sirelediwang. (2)
2.5 Neela morero wa leboko le. (1)

57
Setswana HL Grade 11 - LG

2.6 Tlhalosa se se kaiwang ke mela 24 – 26 ka mafoko a gago. (2)


(10)

Tirwana 3: PADI NKO GA E DUPE M.M Itumeleng

TLHAMO
Mo tlhako ya pele e gatileng, le ya morago e gata teng. Tshegetsa tlhagiso e, o lebeletse
botshelo jwa ga Kelebogile le Ati mo pading ya rona. Tlhamo ya gago e nne boleele jwa
mafoko a le 350-400.

Tirwana 4: Setlhangwa sa Tirisano- Lenaanetema le metsotso ya kopano

4.1 Baemedi ba Barutwana ba ne ba tshwere kopana le lepodisa le le tlhokometseng sekolo


sa lona mabapi le barutwana bangwe ba ba rekisang diritibatsi mo sekolong. Kwala
Lenaneotema le metsotso ya kopano eo.

Tirwana 5: Tlhamo (Setshwantsho)


Ditshwantsho tse di tlhagelelang mo di ka tsosa maikutlo kgotsa tsibogo e e rileng.
Tlhopha setshwantsho se le SENGWE, mme o kwale tlhamo ka ga sona. Neela
tlhamo ya gago setlhogo se se maleba. Nomora potso ya gago go nna 5.1, 5.2
KGOTSA 5.3.
ELA TLHOKO: Diteng tsa tlhamo ya gago di tshwanetse go nyalana le
setshwantsho se o se tlhophileng.

5.1

(2)

58
Setswana HL Grade 11 - LG

5.2 (2)

5.3 (1)

(50)

Tirwana 6: Tekatlhaloganyo
SETLHANGWA A

59
Setswana HL Grade 11 - LG

Ditlhaselo tsa Batswakwa

1 Aforikaborwa ke naga e ikonomi ya yona e golang fa e bapisiwa le dinaga tse


dingwe tsa kontinente ya Aforika. Ikonomi e le fa e sa gole ka lebelo le
solofetsweng, e gola ka iketlo, maemo a yona ke kgogedi go baagi ba dinaga
tse di mabapi tsa Aforika go fudugela mono ka ntlha ya fa ba dumela gore
Aforikaborwa e na le ditšhono di le dintsi tsa ditiro le tsa kgwebo. 5

2 Bangwe ba bafudugedi ba ba ralala dinoka tse di boifisang jaaka noka ya


Kwena e ba e ralalang fa ba tsena ka molelwane o o magareng ga
Aforikaborwa le Zimbabwe go tla go iponela bonno jwa nakwana mono.
Bangwe ba tshaba dintwa tse ba itemogelang tsona kwa dinageng tsa bona
jaaka baagi ba Somalia. Sebe sa phiri ke gore bafudugedi ba, ba itemogela le 10
go rakana le mathata a le mantsi go tshwana le letlhoo, kgatelelo le
bosemorafe.

3 Kwa tshimologong go ne go akanngwa gore mathata a ke ditlamorago tsa


tlhaolele e e neng e padimotse Aforikaborwa pele ga 1994 ntekwane bontsi
jwa maAforikaborwa ba ne ba tsenwa ke tsebetsebe ya go tshoga go tseelwa 15
ditšhono tsa ditiro le tsa kgwebo ke bakotedi, bafudugedi mo nageng ya bona.
Letshogo la baagi ba Aforikaborwa le tlhodilwe ke fa ba lemoga gore bathapi
ba thapa batswakwa ka bontsi bogolo jang mo ditirong tsa nakwana ka ba sa
ba neele tuelo e e kgotsofatsang. 20

4 Letlhoo go batswakwa le ile la gola morago ga 1994. Batswakwa ba le 129 ba


bolailwe mo ditlhaselong tsa bosemorafe magareng ga dingwaga tsa 2000 le
2008. Ka ngwaga wa 2014 go ne ga runya ditlhaselo tse di tsitsibanyang
mmele kgatlhanong le batswakwa. Ditlhaselo tse ga di thuse kgolo ya ikonomi
le serodumo sa naga ka sepe. 25

5 Go ya ka bosupi jwa dipatlisiso tse di dirilweng ke Hama Tamukomoyo wa


Setheo sa Dithuto tsa Tshireletso kwa Gauteng, bothata jwa tlhaelo ya ditiro le
kgolo ya ikonomi ga di amane ka gope le batswakwa. Batswakwa ba thusa
thata mo kgolong ya ikonomi ka ba thapa baagi ba selegae, ba duela
lekgetho. Ditlhaselo tsa bona ga di na motheo o o utlwalang ka di
30
tsenyeleditse le bosenyi.

6 Bothata ka tsona ke go tsenya puso mo sepitleng ka ntlha ya fa go nna le


kgatelelo go tswa kwa dinageng tsa boagisane tse batswasetlhabelo e leng 35
baagi ba tsona. Dinaga tse di ile tsa tsaya tshwetso ya go busetsa baagi ba
tsona kwa gae le go kgaola dikgolagano tsotlhe tse di nang natso le
Aforikaborwa. Serodumo sa naga boditšhabatšhaba se senngwa ke ditlhaselo
tse.

60
Setswana HL Grade 11 - LG

7 Ditlhaselo go batswakwa e nna tlhoraboroko mo pusong ya naga ka ntlha ya 40


fa e tshwanetse go batlisisa sebakwa sa tsona, e gapeletsega g batlela
batswasetlhabelo bonno jo bo sireletsegileng, tatofatso ya batlolamolao,
tlhaelo ya badiri ka bontsi jwa batswasetlhabelo bo sweditse go boela kwa
dinageng tsa bona fa bangwe ba tshela ka letshogo ka ba tshaba go tlhaselwa 45
le paakanyo ya dikgolagano tsa sepolotiki magareng ga Aforikaborwa le
dinaga tsa batswakwa tse di amilweng le go senngwa ke ditlhaselo tse.

MaAforikaborwa ba tshwanetse go ithuta go tshela le merafe e mengwe. Ba


bontshe gore ba ripitlile tlhaolele. A re se simololang tlhaolele e nngwe, e e
leng magareng ga Bantsho le Bantsho ba bangwe. Botho jwa rona re le bana
50
ba mmala wa sebilo bo ile kae? Tlhang e kete re lebala gore motho ke motho
ka batho ba bangwe?

Mekgatlho ya UNESCO le AU e kgadile ditlhaselo tse ka bogale. Dikereke,


puso ya naga ya rona le bontsi jwa baagi ka kakaretso ba ne ba sa moma
melomo.
[Go tswa go: Drum, 17 Lwetse 2015]

6.1 1.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e (2)


nepagetseng A, B, C kgotsa D.

Aforikaborwa o padimotswe ke tlhaolele go fitlha leng?

(a) Morago ga kgololo ya ga rre Mandela ka 1993


(b) Ka 1994
(c) Morago ga 1994
(d) Ka 1990
6.2 Lebakalegolo le le dirang Aforikaborwa go nna kgogedi go baagi ba (2)
dinaga tse di mabapi le yona ke lefe?
6.3 Neela dikao di le pedi tsa mabaka a a pateletsang bareagedi (2)
(batswakwa) go tlogela dinaga tsa bona ba fudugela mono
Aforikaborwa.
6.4 Go latela temana, ke mabaka afe a mabedi a a gapeletsang (2)
maAforikaborwa go tlhasela batswakwa?
6.5 Tlhalosa ka moo ditlhaselo tsa bareagedi di amang kgolo ya (2)
ikonomi ya Aforikaborwa ka teng.
6.6 A letshogo la maAforikaborwa la go tseelwa ditšhono tsa ditiro le (2)
tsa kgwebo ke bareagedi le na le motheo? Tshegetsa karabo ya
gago ka lebaka.
6.7 A ke ntlha kgotsa ke kakanyo gore melao ya boditšhabatšhaba e (2)
sireletsa ditshwanelo tsa batswakwa mo nageng nngwe le nngwe e
ba leng
6.8 Molaetsa wa temana e ke ofe? (2)

61
Setswana HL Grade 11 - LG

6.9 Puso e ka dira eng go thibela ditlhaselo go baditšhaba? (2)


6.10 Tshwetso e ba dinaga tsa batswasetlhabelo ba ditlhaselo go (2)
baditšhaba ba e tsayang mabapi le bona e ka ama
Aforikaborwa jang?
(20)

PHETLA
Tirwana 7:
SETSHWANTSHO
SETLHANGWA B

7.1 Ditlhangwa tsa A le B di amana jang? (2)

7.2 Ke eng se se farologanyang ditlhangwa tsa A le B? (2)

7.3 Go ya ka wena a go siame go ipelaetsa ka go senya dikago tse di (2)


leng teng?
7.4 Thebolelo e e bokoa ya ditirelo e tlhotlheletswa ke bonweenwee jo (2)
bo diriwang ke bao ba tshwanetseng go di rebola. Dumela
kgotsa o ganetsane le tlhagiso e.

7.5 Maikutlo a a senolwang ke baipelaetsi mo setshwantshong ke afe? (2)


Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka.
(10)

Tirwana 8: Tlhamo ya Ngangisano, E e sa tseyeng letlhakore, Maitlhomo

62
Setswana HL Grade 11 - LG

Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 350 – 400 ka NNGWE FELA ya
ditlhogo tse di neilweng. O se ka wa lebala go thala letlhomeso kana lenaneopaakanyo,
go tlhagisa setlhangwa sa ntlha le go se runa pele o kwala sa bofelo.

8.1 Botshelo, maloba le gompieno. [50]

8.2 Bojalwa sethuba malapa. [50]

8.3 Gaaboboi ga go lelwe. [50]

8.4 Go ima ga morutwana wa mophato wa 11 ke poelomorago. [50]

8.5 Bomme ba tshwenyegela boitekanelo go feta borre. Dumela kgotsa o ganetse [50]
tlhagisa e.

8.6 Fa lekoko la rona la dipolotiki le ka busa naga ya Aforikaborwa. Ke ka … [50]

TIRWANA: 9 – TEKATLHALOGANYO

1 Gugu Gumede wa dingwaga di le someamabedi tlhano (25) yo a (2)


tsayang karolo jaaka MaMlambo mo SABC1 Uzalo, ke ngwana wa
Zanele Magwaza-Msibi. Gugu o bua gore go na le batho ba ba sa
ntseng ba gakgamala fa ba fitlhela gore ke ngwana wa mme Zanele
Magwaza-Msibi yo e leng moeteledipele wa lekoko la National
Freedom Party. Gugu o goletse kwa Ulundi kwa Porofenseng ya
KwaZulu-Natal. Ena le monnawe ba godisitswe ke motsadi a le
mongwe, ba nnile le kgodiso e e monate e le tota.
'Ke sa ntse ke gakologelwa fa re ne re tshameka
2 maiphitlhaphitlhwane le mme.' 'Nna le nnake re ne re rata go iphitlha,
fa mme a tsena fa gae o ne a tshwanelwa ke go re batla. Fa a re
fitlhela, o ne a re tsikitla, mme re ne re tshega go fitlhela re tswa
dikeledi.' Mmaagwe o ne a ba rotloetsa go ikemela ba sa le bannye.
'Nako e ntsi ya botshelo jwa me ke ne ke le kwa sekolong se se nang
le marobalo, mme seo se ntirile gore ke kgone go ikemela ke sa le
monnye, le gore ke se nne le matsapa a go ya go nna kwa US ke na
le dingwaga di le 18.' Zanele a re o rometse bana ba gagwe kwa
sekolong gonne a batla go ba godisa gore e nne baeteledipele ba ba
tlhotlhwa mo setšhabeng. Zanele o bua gore o ne a eleditse fa bana
ba gagwe ba ne ba ka ithutela tsa bongaka kgotsa bobueledi, mme
seo e ne e se se ba se batlang. Fa bana ba gagwe ba ntse ba gola, o
ne a amogela tshwetso e ba e tsereng ka matshelo a bona.

63
Setswana HL Grade 11 - LG

Gugu o godile a batla go nna modiragatsi. O ne a dira ka thata go


3 fitlhelela toro ya gagwe. Gugu o godile ka fa tlase ga kgatelelo gonne
e le ngwana wa ga Zanele Magwaza-Msibi. Batho ba ne ba sa re:
'Ngwana yo ga a na tsebe,' ba ne ba re: 'Ngwana wa ga Zanele ga a
na tsebe,' seo e ne e le kgatelelo, mme e ne e le kgatelelo e e
monate. Gugu o dumela gore go nna ngwana wa motho yo a
itsegeng kgotsa yo a nang le maemo a a rileng mo dipolotiking go go
baya ka fa tlase ga kgatelelo. O bua gore batho bangwe ba re o
fitlheletse karolo ya go diragatsa ka ntlha ya maemo a ga mmaagwe.

Gugu a re batho ba bantsi mo entertainment industry ba tshela


botshelo jwa maaka gore fela ba tlhagelele ka magetla mo
setšhabeng, mme ena o itlhophetse gore a se ke a tshela botshelo jo
4
bo ntseng jalo. Gugu ga a na molekane e bile ga a na bothata ka ga
seo. O itumelela diphitlhelelo tsa ga mmaagwe, segolo bogolo fa
basadi ba tshwanetse go dira gabedi go fitlhelela maemo a a
tshwanang le a badirammogo ba banna.

Zanele o ne a tsenetse dipolotiki a sa ntse a le monnye kwa Ulundi


ka nako ya kgatelelo le tlhaolele. Morago ga gore a tlogele lekoko la
Inkatha Freedom Party ka 2011, o ne a itlhamela lekoko la gagwe le
5 le bidiwang National Freedom Party. Botshelo bo nnile le dikgwetlho
le diphenyo tsa bona. Ka ngwaga wa 2014 Zanele o itemogetse tseo
ka bobedi. O ne a tshwarwa ke setorouku, mme a tshwanelwa ke go
dira karo ya pelo. 'Dingaka di ne di mphile fela diporosente di le
someamararo tsa go tshela. E nnile tsela e telele go boela mo
maemong a a siameng a pholo. Ba losika ba nkeme nokeng, mme ke
tlile go dira ka thata gore ke nne botoka.' [E nopotswe go tswa go
Move Magazine]

9.1 Leina la bodiragatsi la ga Gugu ke mang? (1)

9.2 Batho ba ne ba gakgamatswa ke eng ka ga Gugu? (2)

9.3 Gugu o thusitswe ke eng gore a kgone go ikemela ka boena? (2)

9.4 Keletso ya ga Zanele ka bana ba gagwe e ne e le efe? (2)

9.5 Neela dikgwetlho di le pedi tse Zanele a itemogetseng tona ka


ngwaga wa 2014.
(2)

9.6 Maemo a ga Zanele a dirile gore Gugu a tshele ka fa tlase ga

64
Setswana HL Grade 11 - LG

kgatelelo. A se ke ntlha kgotsa kakanyo? (2)

9.7 Gugu o itlhophetse go tshela botshelo jo bo ntseng jang? (2)

9.8 A go ne go siame gore batho ba bue fa Gugu a bone karolo mo


thelebišeneng ka ntlha ya maemo a ga mmaagwe? Tshegetsa ka
(2)
lebaka.

(15)

TIRWANA 10
DIKWALO – POKO ( Leboko le le sa tlhaolwang)
NTWA YA 1939–1945 – LD Raditladi

Go kile ga tsoga leruuruu maloba,


Leruuruu la marumo le dikanono,
Bana ba Yuropa ba ipetsa dihuba,
Komano ya bone ya utlwala le kwano;
Ba re, lefatshe leno ope ga a na le sema
Banna ba Yuropa botlhe ba a le lema.

Majeremane ba tswa modutla wa kgetse,


Ba itshema maruarua ba kometsa batho,
Le Mapolare ba ba meletsa metse,
Le kwa Austria le gone ba phura batho,
Merafe ya etsa diphologolo sekgweng
Di utlwile lerumo la batsomi nageng.

Bana ba thebe e setsibasehibidu,


Sesweu, setala, se motshe wa godimo,
Ba ara, bana ba motlhaba o o morodu,
Ba duma, ba etsa tladi ya legodimo:
Lentswe la bona la utlwala kwa Amerika,
Le rona ra le utlwa re le mono Aferika.

Majeremane ba rutla kwa Dankeke,


Marumo a bone a atlolola lenaga,
A thuba matlo a mantsi le dikereke;
Batho ba aga mesimeng ba se dinoga,
Fa nonyane tsa baba di kala marung,
Di latlha mae a tsona borogorong.

10.1 Ke ponagalo efe ya poko e e tlhagelelang mo meleng 1 le 2? (2)


10.2 Nopola mola o o tlhalosang fa Majeremane a ne a lwa go tswa kwa (1)
lefaufaung.
10.3 Mmoki o senola maikutlo a a ntse jang mo lebokong? Tshegetsa ka lebaka. (2)
10.4 Neela morumo wa temana ya ntlha. (1)

65
Setswana HL Grade 11 - LG

10.5 Go ya ka wena goreng batho ba ne ba iphitlha mo mesimeng? (2)


10.6 Tlhalosa mosola wa sekapuo sa pheteletso se se tlhagelelang mo moleng 8. (2)
(10)

TIRWANA 11: THADISO YA BUKA


Neela dintlha tsa botlhokwa tse di tshwanetseng go tlhagelela fa o kwala
thadiso ya buka
(10)

TIRWANA: 12 – TIRISO YA PUO


Buisa temana e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso
Go tla bo go le kwa phitlhong go be go twe ditlogolwana di tle go buisa dikgare.
Ijonaa! Fao gona o fitlhele e kete o ka re lefatshe fatoga ke tsene! Bana fela ba
bantsho ba palelwa ke go buisa melaetsa ya Setswana kana Sesotho mme fa go tla
mo molaetseng wa Seesimane, ba se ntsha ka dinko ba bo ba itire le makgoanyana
ka go se dumisa. Ruri setšhaba sa ga Rantsho se a gakgamatsa, le fa bokoko le
borremogolo ba ba tlhokileng lesego la go fitlha kwa dikolong tsa tšhomi ba le teng,
e nna khwekhwente-khwekhwente fela. Motho o ipotse gore a kwa meletlong ya
basweu ba a tle ba leke go bua dipuo tsa rona.

A o kile wa utlwa fa ngwana wa dingwaga di le tlhano a ka bua Seesimane e le


motswana gore o bogelwa jang? O fitlhele go ntse go twe: 'o botlhale jang bathong,
ke ngwana wa ga mang?' Ija! A go bua Seesimane go supa o le botlhale?

Batsadi ba re solofetseng gore e nne bona ba ba rutang bana setso le puo, o fitlhele
e le bona ba ba buisang bana Seesimane. Fa baeng ba le gona, o fitlhele e kete ba
ile go newa maduo, ba omanya bana fa ba ka re ba araba ka Setswana.

[Lesedi, KL Lethoko le TL Khimbili]


12.1 Dirisa lefoko ditlogolwana mo polelong e o e itlhametseng. (2)

12.2 Naya lekaelagongwe la lefoko gakgamatsa o bo o le dirise mo polelong e o (2)


e itlhametseng.

12.3 Dirisa lefoko fitlha mo polelong go supa bokao jo bo farologaneng le jwa (2)
temana.
12.4 Kwala polelo e e latelang mo pakapheting. (2)

Bana ba bantsho ba palelwa ke go buisa melaetsa ya Setswana.


12.5 Naya mofuta wa letlhalosi le le thaletsweng ka fa tlase.
(1)
Go tla bo go le kwa phitlhong.
12.6 Naya leina la karolopuo e e thaletsweng.

66
Setswana HL Grade 11 - LG

Motho o ipotse gore a kwa meletlong ya basweu ba a tle ba leke go bua


dipuo tsa rona. (1)
(10)

TIRWANA 13: TSHOBOKANYO

Buisa temana e e latelang mme, morago o ntshe dintlha di le SUPA


tsa go tlhokomela maoto

ELA TLHOKO: O tshwanetse go dira tse di latelang:

1. Sobokanya temana e ka go tlhagisa dintlha di le SUPA, ka


botlhokwa jwa go tlhokomela maoto
2. Kwala ka temana, o dirisa mafoko a gago, mme o sa latlhe bokao.
3. Boleele bo se fete mafoko a a 90.
4. Tshobokanyo e seke ya newa setlhogo.
5. Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa
tshobokanyo.

TLHOKOMELO YA DINAO/MAOTO
Leswe le ka baka ditwatsi mo letlalong la gago. O tshwanetse go
tlhapa dinao mo bosigong gonne o ka se kgone go robala ka dinao
tse di leswe e bile di sa nkge monate. Phimola dinao tsa gago ka
lesela le le omileng morago ga go di tlhapa, fa o sa dire jalo di ka
feleletsa di nkga bosula. Tshwenyega fa letlalo la dinao tsa gago le
phanyegile e bile le tswile manga, gantsi o tshwanetse go dirisa lejwe
le le gotlhang dinao go dira gore o se tswe manga. Tshasa bogodimo
le botlase jwa dinao tsa gago ka setlolo se se mafura fa o fetsa go
tlhapa go thibela go phanyega ga letlalo. Kera dinala tsa menwana ya
dinao tsa gago ka go lekalekana, gonne di ka tloga tsa golela ka fa
teng ga letlalo la menwana. Kera dinala di sa le metsi gonne di a bo
di sa le boleta. Mafelo mangwe a na le ditwatsi tse di bakelang dinao
malwetse a a farologaneng ka jalo se tsamaye mo go ona o sa rwala
ditlhako go thibela malwetsi a. Se rwale ditlhako tse dinnye mo go
wena gonne di tla go utlwisa botlhoko thata mo menwaneng. Reka
ditlhako mo motshegareng gonne ke nako e maoto a rurugileng ka
yona.

[E nopotswe go tswa go: National Diabetes Education Programme]


10

TIRWANA 14
DIKWALO – POKO (TLHAMO)
(2)
Buisa leboko le le lateng, morago o kwale tlhamo e mo go yona o tlhagisang ka

67
Setswana HL Grade 11 - LG

moo mmoki a senolang bosula ba nyaope ka gona. Boleele jwa tlhamo e nne
mafoko a a ka nnang 200-250.
NYAOPE

Nyaope, leina la ya boreelong


Ka ditiro tsa yona nyabese
Letswalo le ineele phenyong
Ntweng ya tlhabano le baengele
Baengele ba tlhabanelang Tiabolo.

Lefatsheng go tshelwang ka dijo


Dijo tsona tsa ditoro
Ditlhaloganyo di feresele ka dipono
Dipono di kgatlhang lekgoba
Mmusong wa puso ya lefifi.

Ditheong tsa thuto le malapeng


Bašwa ba fetoga diphage
Boganka le bopelokgale tsa tau
Kgalemong motsadi a se le metse
Tlhatlharuaneng ya merogolwana ya tsatsing.

Baswa ba itshema mamphorwana


Mamphorwana maatlhamela babolai
Mmele o repetlane dithwe
Matlhagatlhaga le mafolofolo,
Ponong le mogopolong
Bonya ba leobu motsamaong.
Phatsimo ya isago le botsofeng,
Ya nna tlhoboro ya boiyane!
(10)

TIRWANA 15: TLHAMO - NGANGISANO


Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 300 – 350 ka
NNGWE FELA ya ditlhogo tse di neilweng. O se ka wa lebala go
thala letlhomeso kana lenaneopaakanyo, go tlhagisa setlhangwa sa
ntlha le go se runa pele o kwala sa bofelo.
15.1 Boineelo ke selo se se botlhokwa mo mothong. (50)

15.2 Go betelelwa go senya tlhaloganyo. (50)

15.3 Sekolo se botlhokwa. (50)

15.4 A go siame gore barutabana ba ngale ditiro. (50)


[50]

TIRWANA 16: TEKATLHALOGANYO YA SETSHWANTSHO

68
Setswana HL Grade 11 - LG

16.1 Batho ba ba mo setshwantshong ba mo lefelong lefe? Tshegetsa


ka lebaka. (2)
16.2 Tiragalo e e mo setshwantshong e diragala ka nako efe ya letsatsi?
Tshegetsa ka lebaka. (2)
16.3 Ke ka ntlha ya eng mosadi a itshwere matheka? (2)
16.4 Fa o lebile, goreng ngwana a gana go fologa mo koloing? (2)
16.5 Mosadi yo o itshwereng matheka a ka tswa a golagana jang le
ngwana yo? (1)
16.6 Go ya ka setshwantsho ke letsatsi la bokae mo tulong e? (1)
(10)

TIRWANA 17: LEBOKO LE LE TLHAOTSWENG (DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE)


Buisa leboko le le latelang mme morago o arabe dipotso
KGWEDI YA BASWA

Mošwa huparela lesego


Mošwa ngaparela tshono
Tshono le lesego tsa thuto
Ditshono le ditshwanelo bošweng
Bontsi bo sule bo lomeleditswe.

Mošwa, diritibatsi bokgoba bošweng


Mošwa, bojalwa bokgakga bošweng
Mošwa, motsoko bosweng lebitla
Mošwa, thobalano bošweng boikotlhao
ila thobalano bošweng, ka go ikilela.

Anya botlhale jwa phalana


Go se tlhokise phala botlhale
Ka ba phala botlhale bona

69
Setswana HL Grade 11 - LG

Bona bo tswa phalaneng


Phala e senang phalana…

Neneketsa, o botabote bošwa


Bošwa le botsofe di-ya-thoteng
Ka mowa a lelela botsofe
Motsofe ene a lelela bošwa
Bobedi kgomo ya Moshate.
Mošwa motheo wa isago
Wa tlhoka mošwa, wa tlhoka isago
Mošwa gana ka ba gago
Kgatelelong, tipisong le tshotlakakong
Ya bašwa bošweng ba gago.

17.1 Ke ponagalo efe ya poko e e tlhagelelang mo mola 6-9? (2)


17.2 Neela mosola wa ponagalo e o e fileng fa godimo. (2)
17.3 Kgwedi ya bašwa ke efe mo Afrika borwa? (1)
17.4 Letsatsi la bašwa lona le ketekwa leng? Neela letlha (1)
17.5 A go ya ka wena, bašwa ba rona ba dirisa letsatsi le, le kgwedi e ka
mokgwa o o matshwanedi? (2)
17.6 Kwa bokhutlong mmoki o dira boikuelo mo bašweng go ikilela mo
dilong dife? Neela di le pedi (2)
(10)

TIRWANA 18: THADISO YA BUKA


O buisitse buka e e itumedisang fa o ne o dira mophato wa marematlou,
kwala thadiso ya buka eo, ka mafoko a a ka nnang 180 -200.
[25]

Tirwana 19: PHASALATSO

70
Setswana HL Grade 11 - LG

19.1 Goreng mokwalo wa Joyous o sa tshwane le e mengwe? (2)


19.2 Naya dikhampani di le PEDI tse di etleetsang moletlo wa Joyous. (2)
19.3 Kwala bongwe jwa leina dithekete, o bo o le dirise mo polelong e o
e itlhametseng. (2)
19.4 Madi a go tsena ke bokae? (1)
19.5 Kwala kgwedi ya December ka Setswana (1)
19.6 A fa o lebile batsofe ba ka kgona go reka dithekete? Tshegetsa ka (2)
lebaka
(10)

TIRWANA 20: THUTAPUO

Heela! e ne e le ka Labotlhano fa ke ne ke tsamaya le nnake go ya kwa ga


malome. Leeto leo, e ne e le lo loleele go gaisa maeto a nkileng ka a tsaya,
e rile fa re ya re lebile molapo ra re kgatlha thuu, le mongwe wa bo
malatswathipana ba mo motseng. Ga ke ise ke ipone ke tshogile jalo. Ke ne
ka ja nnake ka sejabana, mme ra simolola go taboga jaaka mmutla wa
matshwaratselana. Kwa pele go ne go le molapo, mme ka ke ne ke itse go
šapa ka thobunyela mo go ona ka re thobu! Nnake le ena a itatlhela, ra
simolola go lelesela jaaka dinoga tsa metsi. Ruri letshogo le ka dirisa motho
diphoso. E ne ya re fa re lemoga gore re butse sekgala se se utlwalang ra
bona lebota fa pele ga rona, mme ra re pote, ka lona, ya bo e le gona fa re
latlhile motlhala. Wai, mosimane wa rona ena a feta lobota le re neng re
itikeditse ka lona jaaka tlhobolo ya boijane. Ka nako eo, re mo lebile ka
matlho a rotogileng. Ya bo e le gona fa re dule ka lesoba la mogodu mo go

71
Setswana HL Grade 11 - LG

malatswathipana.
[Boitlhamedi]
20.1 Mo mafokong a a ntshofaditsweng bontsha gore ke afe a e leng
maetsi le gore ke afe a e leng malatlhelwa. (5)
20.2 Lefoko pote le tswa mo lediring lefe? (1)
20.3 Bopa polelo e o e itlhametseng ka lefoko thobu. (2)
20.4 Bopa leetsi ka lediri itikeditse, o bo o le dirise mo polelong e o e
itlhametseng (2)
(10)

Tirwana 21: KHATHUNU


Sekaseka khathunu mme morago o arabe dipotso.

21.1 Kgaisano e, ke ya mofuta ofe? (1)


21.2 Goreng go beilwe madi fa pele ga batsayakarolo? (1)
21.3 Fa o ne o le mongwe wa bafenyi, o ne o tla dira eng ka madi a? (2)
21.4 Kwala mafoko “swimmers ready!” ka Setswana (2)
21.5 Naya leetsi la modumo wa sethunya. (1)
21.6 Ronald Schoeman o emetse naga efe? (1)
21.7 Letshwao le ! le kaya eng? (1)
2.1.8 Fa batho ba le bantsi ba bogetse motshameko ra re ke ... a batho.
Tlhopha karabo e e maleba. (1)
i.phuthego. ii.diketekete. iii.matšhwititšhwiti. iv. makgotlakgotla.
[10]

Tirwana 22: Tekatlhaloganyo Setlhangwa A (Temana)

72
Setswana HL Grade 11 - LG

Buisa temana e e fa tlase mme morago o arabe dipotso

1 Kgato ya go etelela batho, setheo, mokgatlho, jalo jalo, kwa pele ka go ba neela
dikaelo, ditaelo, tataiso le dikgakololo, ke boeteledipele. Boeteledipele ga bo rekwe
e bile ga bo elwe sekolong. Ke neo e e kwa teng mo mothong, e e batlang go
nosetswa ka manontlhotlho. Mongwe le mongwe o na le boleng jwa boeteledipele
mo go ena. Motho o tshwanetse go ka fitlhelela le go utolola tlhase e ya 5
boeteledipele e e mo go ena ka go ka ithuta go tswa mo go bomankge ba
baeteledipele jaaka baswi borre Mandela, Mahatma Ghandi, Martin Luther le mme
Theresa. Motho ga a tshwanela go ikobonya le go tsepamisa mogopolo wa gagwe
mo makoeng a a akanyang a ka nna le ona.

Thuto e e anyiwang go tswa go bomankge ba, e supa gore e le ruri motho ga a 10


2
iphetse a le esi. Rre Mandela o rutile maAforikaborwa ka kakaretso go nna le
boitshwarelano, lerato le go nna seoposengwe go tsweletsa naga ya bona kwa pele.
Seo se tlaa dira gore e nne naga e e ngokang babeeletsi ba boditšhabatšhaba le
bajanala. Botshepegi, tshepo, boineelo le boikokobetso ke tse dingwe tsa dielo tse 15
moeteledipele wa nnete a tshwanetseng go nna le tsona. Moeteledipele e se nne
moanelwa o o sephara, e nne o o kgolokwe. Mo botshelong, ga go fose kota, go
fosa motho. Go botlhokwa gore fa o le Moeteledipele o se nne mankôkô, o amogele
go gakololwa le go kgalwa fa o fapogile tsela. O ikokobetse.

Maloko a mokgatlho o o rileng fa a tlhophile mongwe go nna moeteledipele wa ona, 20


mme moeteledipele yoo a nna dinalanyana mo mading a mokgatlho, ao ke
3 matlhabisa ditlhong a a tshwanetseng go a arabela. Baeteledipele ba bangwe ba
mokgatlho ba tshwanetse go dira dipatlisiso tse di tseneletseng mabapi le maitsholo
a moeteledipele yoo pele ba mo phara ka tatofatso ya go nna letsogo. Ka nako ya
tsheko, molatofatswa a se nne manganga ka fa dipatlisiso tse di dirilweng di tlaabo 25
di tlhagisa bosupi jo bo totobatsang bonnete jwa ditatofatso kgatlhanong nae. Fa o
le moeteledipele wa nnete, letswalo la gago le tshwanetse go bua le wena go dira se
se siameng, go se nne le ditlhong go itokolola mo maemong ao kgotsa mo tirong e o
neng o e neetswe. O nne sekao sa botshelo se batho ba tlaa eletsang go tshwana
30
naso.

Baeteledipele ba ba sa ntseng ba thuthuga ba ithuta go le gontsi go tswa go


mabutswapele a go tshwana nao. Moeteledipele wa nnete o a itse gore moremogolo
4
go betlwa wa taola, wa motho o a ipetla. O tshwanetse go itse gore dilo ga di direlwe
ruri mo sephiring, ka letsatsi lengwe nnete e tlaa senoga. E le ruri masaikategang a
35
magodimo a na le beng. Ga a tshwanela go letla matlhabisa
ditlhong a boitshwaro jwa gagwe go mo itsa go ikaga sešwa. O tshwanetse go

amogela molato wa gagwe, a itlhotlhore lerole, a eme gape ka dinao, a gatele pele
le botshelo. Go phutlhamela ruri ke sekao sa go nna dišaše. Botshelo ga bo batle
bodišaše. Bo batla digatlhamelamasisi. Batho ba go tshwana le moeteledipele wa

73
Setswana HL Grade 11 - LG

mothale o, ke mongwe wa bao o ka ithutang go le gontsi go tswa mo go bona. 40

Moeteledipele wa nnete ga a megagaru, ga a bohula. O arogana kitso, botlhale le


boineelo tse a nang natso le ba bangwe go tokafatsa matshelo a bona. Fa o eteletse
5
batho pele mme ba eta ba dira diphoso mo tsamaong ya leoto lwa boeteledipele jwa
gago, ba lemose diphoso tsa bona ka boingotlo ka ntlha ya fa diphoso tse motho a
di dirang e le motheo wa go mo fatlholola, go mmula matlho le go ithuta go tswa mo 45
go tsona. Dirisa botlhale go e lemosa mong wa yona, e lolamisiwe ka matsetseleko
gore mong wa yona a tle a kgone go ithuta go tswa mo go yona.
[E rulagantswe sešwa go tswa go, Sunday Times, 20 Mopitlwe 16]

22.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A,B, C


kgotsa D.
Fa go twe: o nnile dinalanyana mo mading, go raya gore ...

A. O dinala di metsi
B. O utswitse madi
C. O duetswe madi a mannye
D. O ikadimile madi (1)

22.2 Ke dielo dife tse pedi tse moeteledipele wa nnete a tshwanetseng


go nna le tsona? (2)
22.3 Naya dintlha di le PEDI tse di supang gore fa o le moeteledipele ga
o a tshwanela go nna boikgantsho. (2)
22.4 Babeeletsi ba boditšhabatšhaba le bajanala ba thusa naga
e tshwana le Aforikaborwa jang? Naya ntlha le le lengwe. (2)
22.5 Goreng moeteledipele a tshwanetse go nna botshepegi le boikobo? (2)
22.6 Go tewa jang fa go twe moeteledipele e nne moanelwa yo o
kgolokwe? (2)
22.7 Ke letlotlo lefe le moswi rre Mandela a le tlogeletseng
maAforikaborwa? (2)
22.8 Ka boripana, tlhalosa gore mankge ke motho yo o ntseng jang. (2)

22.9 Bogodu bo maoto makhutshwane. A tlhagiso e ke ntlha kgotsa


ke kakanyo? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2)

22.10 Ke kgato efe e o neng o ka e tsaya fa o lemoga gore mongwe


wa baeteledipele ba o dirang le bona o tlontlolotse le (2)
go tsietsa setlamo sa lona?
[19]

Tirwana 23: Setlhangwa B (Setshwantsho)

74
Setswana HL Grade 11 - LG

Leba setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso.

23.1 Setlhangwa sa A le sa B di farologana jang (2)


23.2 Ke setheo sefe se ka gale baanelwa ba ba mo go setlhangwa B ba (1)
fitlhelwang kwa go yona?
23.3 A o dumela gore tiro e e diriwang kwa setheong sa setlhangwa B e (4)
na le mosola? Tshegetsa karabo ya gago ka mabaka a le mabedi.
23.4 Ke maikutlo afe a a senolwang mo go setlhangwa B? Tshegetsa (2)
karabo ya gago ka lebaka.
23.5 A o bona go le matshwanedi gore morutwana yo mongwe a eme ba (2)
bangwe ka lefoko? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka.
(11)

Tirwana 24. Tshobokanyo


Buisa temana e e fa tlase ka kelotlhoko. E tlhagisa tshedimosetso ka ga botlhokwa jwa
setso.

ELA TLHOKO: O tshwanetse go dira tse di latelang:

1. Sobokanya o dirisa mafoko a gago, mme o sa latlhe bokao jwa temana, ka go


tlhagisa botlhokwa jwa setso.
2. Kwala ka temana.
3. Boleele bo se fete mafoko a a 90.
4. Tshobokanyo e se ka ya newa setlhogo.
5. Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo.
Setso ke mokgwa o ka ona morafe o itlhalosang go ya ka dingwao, ditumelo, dikakanyo
le mekgwa ya go tshela le go itlhaola ka tsona mo merafeng e mengwe. Se tlhalosa
boitshepo jwa tlholego ya morafe o o rileng. Morafe o o tlhaetsang setso sa ona matlho o
latlhegile ka ntlha ya fa setso se na le boleng e bile e le seipone sa morafe. Morafe oo o
tshwana le setlhare se se senang medi.

Go botlhokwa gore mongwe le mongwe a itse setso sa gaabo, a ikitse. Kitso e ya go


75
Setswana HL Grade 11 - LG

ikitse, e neelanwe go tswa kokomaneng go ya go e nngwe ka tsela ya molomo.


Gompieno kitso e, e a kwalwa ka ntlha ya fa e sa tshwanela go nyelela. Ke ka moo go
leng botlhokwa go e dibela ka seo e le sesupo sa go rata setso sa gago le go itlotla. Go
itse gore morafe wa gaeno o tlholegile jang go tswa kwa ga Lowe go botlhokwa ka o tlaa
ikitse gore o mang mme o nne le kitso e e botlhokwa ka ga gago.

Kitso, meetlo, puo le meaparo ke tse dingwe tsa dilo tse di farologanyang morafe o o
rileng go tswa go e mengwe. Setso se tlisa kgolagano mo morafeng, se neelana ka
meetlo e e tshwanetseng go tlotliwa ke botlhe. Se thusa morafe go tlhaloganya boleng
jwa lemorago la ona go tloga kwa ga Lowe le go ba neela bokao jwa botshelo.

Moremogolo go betlwa wa taola wa motho o a ipetla, fela setso se thusa go aga le go


lolamisa botho jwa motho. Se go neela maitsholo a a amogelesegang ka ntlha ya fa se
ruta. Kgolagano ya boleng le botlhogoputswa, go akarediwa le ba ba ithobaletseng, e
tiisiwa ke setso ke ka moo kgolagano eo e sa tshwanela go nyelela. Anya kitso ya setso
go botlhogoputswa, o nne magogorwane rokela banneng e re setsiba sa kobo se tlala ba
se go thuse.

[E rulagantswe seswa go tswa go, BONA Tlhakole 2015]

(10

Tirwana 25: Papatso


Sekaseka papatso e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso.
TLHOTLHA MAFURA
Ka bonako jwa go fitlha go 180%

E thusa go thibela kgolo ya


mafura mo mmeleng.
E gatelela keletso ya dijo

E thusa tshilo ya dijo ka


bonako
A ga o batle go nna le
letheka le lesesane?

Iponele lebotlolo la gago jaanong!

[E nopotswe go tswa mo go Internet]

76
Setswana HL Grade 11 - LG

25.1 3.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C (1)


kgotsa D.

Papatso e e bapatsa:

A Ditsela tsa go fokotsa mafura mo mmeleng


B Ditsela tsa go nna le letheka le lesesane
C Dipilisi tsa go fokotsa mmele
D Boitekanelo jwa mmele

25.2 Ke goreng go dirisitswe mosadi yo o mo papatsong le go kwalwa mafoko (2)


‘TLHOTLHA MAFURA’ ka ditlhakakgolo?
25.3 Nopola sekao sa puo e e digelang go tswa mo papatsong e. (2)
25.4 A o akanya fa papatso e e tsaya letlhakore? (2)
25.5 Letlhalosi “ka bonako” le dirisitswe jang mo papatsong e? (1)
25.6 A kuno e e bapatswang fa e ka nna mosola mo go wena?
Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2)
(10)

Tirwana 26: Khathunu

Lebo, naare o nwa eng? Ke dumela se Ke nwa mašwi Thabo. Morutabana a re a


se na sukiri e ntsi! siametse boitekanelo jwa rona

Ao, a ga a na sukiri? Mme o


a tshela mo
mogodungwaneng ka gale.
Nna ga ke rate sukiri e ntsi
ka e le kotsi!

26. Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C


kgotsa D.

26.1 Botlhokwa jwa mašwi ke gore:

A Mme o a tshela mo mogodungwaneng.


B Ga a na sukiri e ntsi.
C Go tlhatswa matlho.
D A siametse boitekanelo jwa rona.
(1)

77
Setswana HL Grade 11 - LG

26.2 Molaetsamogolo wa khathunu e ke ofe? (2)

26.3 Ke maikutlo afe a a senolwang ke mosimane mo khathunung e?


(2)

26.4 Dirisa lebotsi le le tlhagelelang mo papatsong e jaaka tlhalosi ya kopanelo?(2)

26.5 Nopola thuanyirui e e dirisitsweng mo khathunung. (1)

26.6 Sefatlhego sa ga Lebo se lebega se tletse boitumelo. Fa o lebile


o itumeletse eng? (2)

[10]

Tirwana 27: Tlhamo ya Ngangisano


Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 350 – 400 ka NNGWE FELA ya ditlhogo
tse di neilweng. O se ka wa lebala go thala letlhomeso kana lenaneopaakanyo, go tlhagisa
setlhangwa sa ntlha le go se runa pele o kwala sa bofelo.
(50)

Tirwana 28: TEKATLHALOGANYO


Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso

1 Letsatsi e ne e le Labone ka nako ya lotlatlana mme Nteseng o ne a bonagala


a tshwerwe ke letsapa, mme e bile a lebega e kete go na le sengwe se se mo
tshwenyang mo pelong. Boammaruri ke gore o ne a lapisitswe ke tiro ya
gagwe. O tlhotse a tshwaya dibuka tsa baithuti tsa ditlhamo letsatsi lotlhe.
Sengwe se se mo tshwentseng thata ke lekwalo le a le amogetseng mo
letsatsing leo.

2 Ke ne ka utlwa lentswe la gagwe fa a bitsa mosadi wa gagwe 'Sara, Sara!


Tlaa kwano.' A bo a tshela Sara ka dikgang. 'Ke amogetse lekwalo go tswa
kwa go Tafita. Ruri Tafita jaanong o a ntshwenya. Ke mmoleletse maloba
gore ga ke na nako, ke dira ka thata le fa go ntse jalo, o ntaletsa ka thata go
tla kwa ntlong ya gagwe ka Lamatlhatso. A re go na le kgotlhang magareng
ga gagwe le mosadi wa gagwe. A re o kopa gore ke tle go tsereganya

Sara a araba ka boikokobetso: 'Tota fa a go kopa o tshwanetse go mo thusa.


3 Tafita ga se motho yo o ratang metlae. A o tla ya kwa teng ka Lamatlhatso mo
mosong?' Nteseng o ne a akanya gore o tla tsaya bese ya badiri ka
Labotlhano motshegare ka gonne a tshaba gore bese ya Lamatlhatso e ka tla
ya mo tlogela fa a ka tsoga thari.

Ka Labone Nteseng a laela mosadi wa gagwe gore a mo direle mofago o a tla


4 fitlhang a o naya Tafita. A mo kopa gore a tlhabe kgogo e a neng a e neilwe ke

78
Setswana HL Grade 11 - LG

kgaitsadiagwe, mme a e apeye ka botswerere. Mo letsatsing la Labotlhano le


Nteseng a rileng o ya kwa go Tafita, Sara a bo a ya go bona Thina ka
maikaelelo a go mmolelela gore o na le kgatlhego ya go tsaya loeto le bona go
ya kwa Serapeng sa Diphologolo sa Manyeleti mo letsatsing le le latelang.

Thina a itumelela mafoko a tsala ya gagwe ba bo ba wetsa dithulaganyo


tsotlhe jaaka go ne go tlhokega. Fa Nteseng a tloga fa gae, Sara le ene o ne a
5 itshiamisetsa go tloga mo letsatsing le le latelang. Go ne go le maitseboa. Ke
ka moo Thina a neng a eletsa Sara gore a tseye mmata o a ka robalang ka
ona. E le ruri fa ba fitlha mo beseng ba fitlhela go se ope yo o emeng ka dinao.
Batho botlhe ba ne ba ile ka boroko ba ikhupeditse ka dimmata tsa bona e bile
go le lefifi mo beseng. Thina le Sara ba ne ba fetela kwa morago go nna mo
setulong sa bofelo.

Ga re itse gore ba ne ba tshaba gore ba tla bonwa ke batho kwa pele kgotsa
jang. Mo setulong sa bofelo se ba neng ba ntse mo go sona go ne go le batho
6 ba le babedi ba ba neng ba ikhupeditse ka dimmata tsa bona mongwe wa
bona a gona jaaka tau e rora.

Fa bese e fitlha mo kgorong go ne go ise go bulwe, ka jalo ya ema fa pele ga


kgoro gore batlhokomedi ba tle ba ba bulele. Thina o ne a setse a tsogile,
mme a tsosa Sara. Go ne go le maruru thata e bile ba sa batle go bula
matlhabaphefo. Ba ne ba lebile kwa ntle le fa mouwane wa mowa o ne o ba
kgoreletsa go bona sentle. Fa ba ntse ba bua ba bona tsala ya bona Selina a
nnetse kwa pele mo beseng, mme ba kopa mongwe gore a ba biletse ena.
Selina a goa ka lentswe le le kwa godimo, 'Aaaa!! Ke wena Sara. O bone gore
o tle le rona gore o se ke wa fetwa ke monate.'

[Setswana se se monate, HEM Khaoli le ba bangwe]


1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C
kgotsa D.
A. Motshegare
B. Phakela
C. Motshegaregare
D.Lotlatlana (1)
1.2 Nteseng o amogetse molaetsa wa gore a tle kwa go Tafita ka letsatsi la (1)
bokae?
1.3 Nteseng o ne a lapisitswe ke eng? (1)
1.4 Fa o lebile Nteseng o ne a dira tiro ya mofuta ofe? Tshegetsa ka lebaka. (2)
1.5 Nteseng o itsitse jang gore Tafita o batla gore a tle kwa ga gagwe? (2)
1.6 Ke ka ntlha ya eng Tafita a ne a batla gore Nteseng a tle kwa ga (2)
gagwe?
1.7 Tsala ya ga Sara e a kopaneng le yona mo beseng ke mang? (1)
1.8 Nteseng o ne a kopa Sara gore a mo direle mofago o o ntseng jang? (2)
1.9 Ke eng se se neng se dira gore Sara a ye go bona Thina? (2)
1.10 Serapa sa diphologolo se kwa lefelong lefe? (1)
[15]

Tirwana 29: Thutapuo

79
Setswana HL Grade 11 - LG

Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso.

A e supa e ribame mo gare ga tsona, a umaka dikgaba tsa ba ba robetseng


1
ka dipelo tse dikhibidu kwa maropeng, gaufi le Thaba Nchu, kwa moswi
Setlalemetsi a duleng ka ntšhwe di sa fotlhwa teng. A ise a ye kgakala
Mokgalajwe a mo tswala molomo.
“O itse gore ke go bileditse eng?”
Yole a se ka a araba. 5
“Ngwana o lwetse gompieno. Fa o sa bone sepe, lebala ka marope, o
boele ga gago,” ga bua Mokgalajwe.
Mmaagwe mosimane a robela matwetwe leitlho, a mo supetsa seperuperu,
gonne o ne a sa bolelelwa gore mosimane o lela ka eng. Matwetwe a di gasa
2 10
gape a sa tswa go di budulela.
“Ke setshwabu mma, fela e kete lo se diegetse; jaanong se itsokeditse,” a
bua a di phutha.
Semenogi a sudubanya sefatlhego fa a gopola gore Lesope o ne a sa ntse
a mo phatsa fa Mokgalajwe a ema ka kubu. 15
“Ke go bileditse ngwanake, wena o robelwa leitlho ke basadi!”
Kubu e ne ya letsa molodi gararo pele Semenogi a bona gore go diragala
eng. Mmaagwe a tswa ka kgoro a gagaba. Fa Lesope a wela Semenogi
godimo ka ditshitlho, Mokgalajwe a ba tlhakanya, a ntse a gakolola mosimane
gore ke ena a elamololang dikoko. Semenogi o ne a gopotse tlhatlharuane ya
3 letsatsi leo, e e neng ya jela Mokgalajwe dipholo tse pedi kwa kgotla, fa 20
morubisi o tlhaga mo ditlhareng, o tla go kotama fa thoko ga gagwe, o be o
ragoga gape o nyamela mo lefifing.
[ Mmileng MT: Lehudu ]

29.1 Leinatswako Setlalemetsi, le bopilwe ka dipopego dife tsa puo? (1)


(mola 3) (1)
29.2 Dirisa lefoko “ supa” ka bokao jo bo farologaneng le jwa temana.
(mola 1)
29.3 Fetolela polelo e e ntshofaditsweng go nna tirwa. (mola 15) (2)
29.4 Fetolela polelo e e thaletsweng mo mola 10, go nna mo tumelong. (1)
29.5 Polelo ya karabo ya 5.4 e mo pakeng efe? (2)
29.6 Neela mofuta wa polelwanakala e e tlhagelelang mo polelong e e (1)
thaletsweng. (mela 20 -22)

29.7 Dirisa letlhaodi ‘tse pedi’ go supa kgatelelo mo polelong e o (1)


itlhametseng.
29.8 Leina kubu le dirisitswe jang mo temaneng? (mola 15) (1)
29.9 Fetolela polelo e e ntshofaditsweng mo mela 7 le 8 go nna ya (1)
puopegelo.
(10)

80
Setswana HL Grade 11 - LG

Tirwana 30: TEKATLHALOGANYO


Setlhangwa A (Temana)
1 Malatsi a tlhaba le go phirima jaaka gale. Letlha la gore mongwe le
mongwe a robe se o se jetseng, le lona la fitlha go setse fela beke le
malatsi a se kae dikolo di be di kgaoga. Ba tsamaiso ya yunibesithi ba
manega maduo a baithuti mo loboteng lwa dikitsiso jaaka e le tlwaelo 5
ya bona fa karolo ya ntlha ya ngwaga wa dithuto e lebile meriting.
Mongwe le mongwe wa baithuti o ne a ntshitswe go ya ka la ntlheng:
palo ya gagwe ya boithuti, lefapha lengwe le lengwe la thuto eo a
ikwadiseditseng yona le seo a se robileng go fitlha ka motlha oo. Mo
10
lefapheng lengwe le lengwe ba ne ba rulagantse dipalo tsa boithuti go
ya ka lenaneo la tsona. Bosetlabošweng ba bona ka matlho a bona
gore selo se yunibesithi ke felo ga thuto e sele: ga ba rulaganye
15
baithuti go ya ka motho yo o boneng maduo a a kwa godimo go fitlha
ka motho wa bofelo. Nnyaya. Malatsi ao a ile meriting.
2 E ne e le Laboraro wa beke ya boraro ya kgwedi ya Seetebosigo-o-
tshabe-mala. Baithuti ba nna ba kokoana foo jaaka dinotshe mo
20
sentlhageng sa tsona. E re fa motho a se na go itebelela, a simolole
go lebelela gore moketekete o tsamaile jang. Phuduhudu e e thamo
telele e batwa ke melamu e sa e lebagana. Mme bagaetsho, bola jo
bo neng bo gasitswe gompieno, bo ne bo se tswina: bokete jwa
baithuti ba rona ba e tla tsogang e le baitseanape mo mererong e e 25
farologaneng, ba ne ba na le maduo a a kwa tlase. Maarogi ona a ne
a ka se ke a tlhokega. Dikeledi tsa bona e le tsa mathe gonne ka
maduo a bona, ba ne ba itlhaola mo gare ga ba bangwe jaaka 30
matlhaodi a itlhaola mo gareng ga maina. Ba tlhola le go lala ka dipelo
tse di botlhoko go gaisa gegerwane.
Moso o o latelang fa o sa, mo ntlong-lohalahala ya dijo fa mojakong
3 ba fitlhela kitsiso foo gore maitseboa baithuti botlhe ba kokoanele fa 35
ntlong-lohalahala e go itapolosetswang mo go yona. Mo lenaneong go
begwa fela gore go tla sekwasekiwa maemo a dilo tsa thuto sešweng
jaana. Mokwadi a kwala ‘Baithuti botlhe’ kwa tlasetlase ga kitsiso eo.
A motho yo wa go lala a khukhuna bosigo o ne a ka itsiwe? Ga twe
40
sekhukhuni se bonwa ke sebataladi mme e seng mo Bokone!
Moepapitso, mosimane yo e leng segogotlo mo puong a bua ka kodu
4 ya senna gore go nne le tidimalo. Fa a lebelela a kgatlhwa ke bontsi jo
bo neng bo le foo. Ka la ntlheng, moepapitso a amogela mongwe le
mongwe ka diatla tsoopedi. A ba lemosa fa le ena a tseile ntlha e tsia:
gore pitso eno ga se ya semolao mme mabaka a gapeleditse gore
gompieno go kokoanwe fa. Mongwe wa basimane, ntlheng ya fa Nape
a emeng gona a thwantsha menwana mme a fiwa sebaka sa go bua. 45
“Bagaetsho, ke bona go le botoka gore go kwalwe ditshitshinyo di le
mmalwa tse di tlaa tlhotlhiwang ke ntlo e.” Ditshitshinyo tsa nna tsa
tsena ka monokela go fitlhela a ema ka tse nne. A buisa ditshitshinyo 50

81
Setswana HL Grade 11 - LG

tsotlhe.
Fa go tla go boutwa, ga dumelanwa ka go re motho a le mongwe
bouto tse pedi. Bontsi jwa supa fa tshitshinyo ya ntlha e le yona e e
5
maleba go gaisa ka gore e rile ba tsholetsa mabogo, ba bobosela
jaaka motshitshi wa dinotshe. Ntwagae le Sebedi e ne e le bona
batlhami ba tshitshinyo ya go re: “Rona re le baithuti ba yunibesithi ya
55
Bokone, re tsholola ka bongwe fela jwa pelo bongame jo bo kanakana
jwa maduo, ikaelelo e le go re busetsa kwa moragorago mo
tlhabologong. Re boa gape re nyatsa maitsholo a a bodileng a
batlhatlheledi bangwe, ba ba dumedisang fela makgarebe jaaka e
kete ke bona fela batho. Ka jalo re ithaopa go thinya sekolo go
fitlhelela dilelo tseno di sekegelwa tsebe: Ka la ntlheng e nngwe
maduo a rona a tshwanetse go okediwa, go sa isiwe gope gore motho
ke mang. Sa bobedi, re batla go rutiwa ka Sesoshanguve gonne e le
sona re se itseng botoka.”
60
Ga tswa tlhagiso ya gore go se ka ga kwalwa maina a makau ao,
6
bogolo go kwalwe kwa tlase gore tshitshinyo eo e tlhaga mo baithuting
botlhe. Bothata ya nna gore le tla fitlha jang kwa dikantorong tsa
tsamaiso, totatota bothata e le go re lekwalo leo le tla fitlhisiwa jang
kwa go mogokgo. Ga dumalanwa gore motho yo o tla tshwarwang a
ile kwa diphaposing tsa thuto, a kgwathisiwe jaaka go dirwa kwa 65
kgotla go sa isiwe gope gore ke mosadi kana nnyaya. Mongwe le
mongwe o ne a tlamegile gore fa bo sa ka le le latelang, a bo a le
gona fa go kokoanweng gona gompieno.
[Nkwe-Nkgoge: E. Mokgoko]

30.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng


A, B, C kgotsa D.

Ditiragalo tsa setlhangwa A di diragalela kwa yunibesithing ya ...

A Bokone Bophirima
B Bokone
C Tshwane
D Gauteng (1)

30.2 Polelo e e reng, malatsi ao a ile meriting e kaya eng. (temana 1) (1)

30.3 Ke dintlha dife tse moithuti mongwe le mongwe a neng a


tlhagelela ka tsona mo kitsisong ya maduo a gagwe. Neela di le
pedi. (temana 1) (2)

82
Setswana HL Grade 11 - LG

30.4 Ke goreng go ne ga nna le pitso ya baithuti? (2)

30.5 Go ya ka temana, a baithuti ba ne ba thologetse pitso eo ka (2)


bontsi?

30.6 Ke ditopo dife tse pedi tse baithuti ba di tlhagisitseng kwa pitsong? (2)

30.7 Goreng pitso ya baithuti e ne e se ya semolao? (2)

30.8 A o akanya fa ditopo tsa baithuti di ne di tshwanetswe ke go


reediwa ke botsamaisi jwa yunibesithi? (4)

30.9 Go ne go tlaa diragala eng ka baithuti ba ba neng ba ka


ikgatholosa ditumelano tsa pitso? (2)

30.10 Lereo go tewa bomang fa go twe ‘bosetlabošweng’? (1)

30.11 Naya ngongorego e nngwe e baithuti ba neng ba e ngongoregela


ntswa e ne e sa amane ka gope le dithuto tsa bona. (1)

30.12 A go siame gore fa baithuti bangwe ba bone maduo a a kwa tlase


ba kgoreletse dithuto tsa ba bangwe? (2)

30.13 A ke ntlha kgotsa ke kakanyo gore ga go motho ope yo o boneng (2)


gore kitsiso e pegilwe ke mang? (temana 3) [22]

Tirwana 31: Setlhangwa B (Setshwantsho)

Leba setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso.

83
Setswana HL Grade 11 - LG

[Mbongeni Ngema’s Sarafina: S Deviliers]

31.1 Batho ba ba tlhagelelang mo setshwantshong ke bomang? Tshegetsa (2)


karabo ya gago ka lebaka.
31.2 Batho ba ba mo setshwantshong ba farologana jang le ba ba mo (2)
temaneng?
31.3 Difatlhego tsa barutwana ba ba mo setshwantshong di senola maikutlo (2)
afe?
31.4 Setlhwangwa A se tshwana jang le setlhangwa B. (2)
(8)

Tirwana 32: Terama


O ikaegile ka ditiragalo tsa terama-khutswe, ke di itirile, tlhalosa bomaleba ba setlhogo o
kaegile ka moanelwa, Dipuo.

Boleele jwa tlhamo e nne mafoko a a ka nnang 350- 400

84
Setswana HL Grade 11 - LG

DITIRWANA YA MORUTWANA

REMOTE LEARNING ACTIVITY BOOK


(RELAB)

SUBJECT: SETSWANA PUO YA GAE


85

KREITI YA 11
TERM 4

Setswana HL Grade 11 - LG

DITENG
TERM TOPIC SUBTOPIC/SECTION

POTSO YA 1: TEKATLHAOLOGANYO

GO BUISA LE GO LEBELELA POTSO YA 2: TSHOBOKANYO


TERM FOUR

POTSO YA 3: PAPATSO

DIPOPEGO TSA PUO LE POTSO YA 4: KHATHUNU


MELAWANA YA TIRISO
POTSO YA 5: TIRISO YA PUO

POTSO YA 6: TLHAMO

GO KWALA LE GO TLHAGISA POTSO YA 7: SETLHANGWA SA TIRISANO

86
Setswana HL Grade 11 - LG

GO BUISA LE GO LEBELELA POTSO YA 8: DIKWALO: POKO/PADI/TERAMA

Tirwana 1: Tekatlhaloganyo
Buisa temana e e latelang mme morago o arabe dipotso.
1 Mmetli Davis Ndungu o tsaletswe kwa Kenya. Dilo tse Davis a di betlang di
utlwala di le botlhofo gonne o dirisa raba ya ditlhako go betla. Davis o dirisa
diraba tsa ditlhako di le kana ka 7000 go betla ditshwantsho di le 2000.
Dingwaga di le lesome tse di fetileng Davis yo ga jaana a nang le dingwaga
di le 42 o dirisa diramphetšhane tsa kwa lewatleng/flip flops go gogela
batho ka go betla diphologolo jaaka thutlwa, dikolobe tsa naga, dinonyane
tsa lewatle le ditshukudu. Jaanong Davis o simolotse go betla fenitšhara e e
tla rekisiwang mo lebentleleng la mafaratlhatlha/online le mmaraka wa
Watershed o o leng kwa Victoria le Albert Waterfront kwa Kapa.
2
Se se dirang gore tiro ya gagwe e nne ntle ke gore o betla ka matsogo,
mme sengwe le sengwe se se betlilweng se na le bontle ba sona. Davis a
re o rotloeditswe ke kgotlelego ya lewatle gore a dirise ditlhako tsa kgale
gape go betla sengwe se se tla nnang sentle le mosola. Go betla go ke
porojeke e e matsapa, e e botlhoko. Diramphetšhane tse di dirisitsweng di
tlhatswiwa pele ka binika le poletšhi. Dikarolo tse di kwa pele tsa
diramphetšhane di a segiwa di bo di tshasiwa le semaparetsi gore di
bontshe mmala o montle wa boloko.

87
Setswana HL Grade 11 - LG

3 Davis o tshwantsha lentle la raba a bo a betla diphologolo go tswa mo


rabeng. Tlou e nnyane e tsaya metsotso e le 90 pele e ka fetswa go betliwa
le go gotlhiwa gore e nne borethe. Dingwe tsa di diriswa tse dinnye tse
Davis a di betlang ke setshwara dinotlolo, mme sona se bonwa ka madi a le
100. Tiro e tona e a e dirileng ke go betla thutlwa e e bitsang diranta di le
750. Ditshwantsho tsa thutlwa di rekiwa thata. Go betla thutlwa go tlhoka
diramphetšhane di le tlhano tse di setseng di dirisitswe le fa Davis a tlhoka
diramphetšhane tse di fetang tlhano go betla thutlwa ya boleele jwa
dimetara tse pedi, e e ka mo tsayang dibeke di le pedi fa e betliwa.

4 Thutlwa e, e ne e batla go rekiwa ke monna mongwe wa kwa Jeremane ka


madi a le 37 500, mme yona e tsere dibeke di le supa go betliwa. Davis o
simolotse go nna le kgatlhego ya go betla a ntse a gola mo
setlhaketlhakeng sa Lamu kwa Kenya. Setlhaketlhake se se itsege ka
dikago tsa Dhow. Davis o ne a dirisa masalela a dikgong tse di neng di
dirisiwa go betla dikepe, thini, letsopa go dira ditshamekisi. Setshamekisi se
Davis a se dirileng lwa ntlha a na le dingwaga di le 6 ke VW Beetle. Davis
ga a kgona go tswelela ka sekolo ka jalo o ne a bona go le botoka gore a
dirise diatla tsa gagwe go itirela botshelo.

Go gola ga kgwebo go ne ga dira gore ka ngwaga wa 2010 a tle mo


5 Gauteng, mme ka 2013 a bo a ya kwa Kapa. Davis o thapile borre ba le
bane go tswa kwa Nyanga, mme o ba rutile go dira tiro e. Davis o ikaeletse
gape go ruta digole gore di kgone go bona madi di le kwa magaeng.
Lebenkele le le mo Waterfront le tsewa jaaka la maemo a a kwa godimo,
mme le ratiwa ke baitsanape, bajanala le diopedi jaaka Miley Cyrus. Davis
o dirisana mmogo le mabenkele a diaparo jaaka Mr Price le Pep Store.
Mabenkele a mabedi a, a ne a mo abela diramphetšhane di le 7 000. Davis
o itumeletse gape go dirisana le Havaianas khampani ya diramphetšhane
kwa Brazil, mme seno se mo rotloetsa go dira diphologolo tsa modiro wa
Brazil.

[E fetoletswe go tswa go You Magazine, December 2019]

1.1. Davis o goletse kwa kae? (1)


1 1.2 Davis o ne a itshedisa jang? (2)
1.3 Neela mefuta e le mebedi ya diphologolo e Davis a neng a e dira. (2)
1.4 Fa o lebile goreng Davis a ne a dirisa mafaratlhatlha go rekisa (2)
fenitšhara?
1.5 Lebaka le le rotloeditseng Davis go dira tiro ya go betla ke lefe? (2)
1.6 Tlhalosa gore diramphetšhane di tlhatswiwa jang fa di setse di (2)
dirisitswe?
1.7 Ke ka ntlha ya eng Davis a tsere dibeke di le supa go betla thutlwa? (2)
1.8 Ke didiriso dife tse Davis a neng a di dirisa? Neela di le pedi. (2)
15

Tirwana 2: Leboko le le sa tlhaolwang (Dipotso tse dikhutshwane)

88
Setswana HL Grade 11 - LG

Buisa leboko le le latelang mme morago o arabe dipotso


MOTLHA, NKEMELE – NCD Mogotsi
1 Kgalalelo ya gago ke a e tlhoka;
2 Motho o ka tshwana nao o a tlhokwa.
3 Go reteletswe matlhale bogologolo
4 Go lemoga diphatsa tsa gago.

5 Atamela wena lesedi la me,


6 Gonne kgopolo ka ga gago kgolo.
7 Botshelo o le gaufe bo bontle;
8 O sa ithanole, bokoa tlhologelo.

9 Ntele letsapa, kgosi ya me;


10 Emela motlhanka wa gago loratong
11 Boa o ntsetsepetse mo matlhaleng a gago
12 Ntlhomamise mo ditseleng tsa gago.

13 O bobebe fa o feta, mme ga o boele morago,


14 Ntswa gone o le bobebe go fitlhisa molaetsa.
15 Kana o ka retelelwa ke eng o le mogale?
16 Le nna nkgopole setilong seo sa gago.

17 Ke mokgarakgatshegi 'fatsheng leno;


18 Ke golegilwe mabapi le go go itse.
19 Boitumelo jwa motho a kile a bona lesedi, bonnye;
20 Gonne malatsi ano sephiri ga se tlhole se tlotlwa.

21 Motlha, ema ka ditlhabano tsa gago;


22 Mphetolele maikutlo a motho wa gago.
23 Boa o tsenye lerato mo bathong;
Tshuba Lesedi la kutlwisiso mo go bone

2.1 Leboko le, ke la mofuta ofe? (1)


2.2 Ke ka ntlha ya eng mmoki a re motlha ke lesedi la gagwe? (2)
2.3 Neela sekapuo se se renang mo lebokong le? (1)
2.4 Tlhalosa setlhogo sa leboko le? (2)
2.5 Nopola mola o o bontshang gore nako ga e fetile, e fetile o ka se
kgone go e busetsa kwa morago. (2)
2.6 Ke ponagalo efe ya poko e e tlhagelelang mo moleng wa 17. (1)
2.7 Tlhalosa bokao jwa mela 23 le 24. (2)
2.8 Go ya ka wena, mmoki o dira boikuelo jwa eng? (2)
2.9 Fa o lebile, ke eng se se dirang gore motho yo a kgarakgatshege? (2)
15

Tirwana 3: Tlhamo
Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 300 – 350 ka NNGWE FELA ka ditlhogo
tse di neilweng. O se ka wa lebala go thala letlhomeso kana lenaneopaakanyo, go tlhagisa
setlhangwa sa ntlha le go se runa pele o kwala sa bofelo.

89
Setswana HL Grade 11 - LG

3.1 Dikgwetlho tse re kopanang le tsona di ka tokafatsa matshelo a rona. [50]

3.2 Fa nka nna molemirui … [50]

3.3 Leba ditshwantsho tse di fa tlase, mme morago o kwale tlhamo. [50]
Ineele setlhogo.

50

90
Setswana HL Grade 11 - LG

50

Tirwana 4: Tiriso ya Puo


Buisa temana e e fa tlase mme morago o arabe dipotso
“Segametsi ga ke rate motho yo o direlang motho yo mongwe a hunetse
pelo. Phutologa mma, kgotsa o tla tshwarisa ngwana wa batho dikgaba. Fa
o ne o sa rate o ka bo o gann; e seng go dumela o bo o tloga o fetola pelo
fa o ntse o reka o tsenwa ke lefufa. Ga ke rate motho yo o tshwanang le
wena. O nne pelo nngwe fela.”

Se se botoka ke go itidimalela le go bona kwa mmu wa sekara o tla welang


teng. Ba ya kwa borekisetsong jwa diaparo tsa bana. Monna wa batho a
menola diaparo le diapatshwana; mengoto le mengatwana. Fa ba le moo,
ke fa Segametsi a sa tlhole a bua. A mo setse morago fela, ena a ntse a
kgobolola diaparo, dikgokelo, dilo tsotlhe fela le dikojwana tota. Segametsi
a ntse a rile tuuuu! Fa go dirwa jaana, a ntsha tsheke a kwala, a duela.
Makgolarobedi a diranta mo diaparong tsa ngwana fela.

[E nopotswe go tswa go: A ke phoso, LJ Baloyi]

4.1.1 Lefoko Segametsi le bopilwe ka dikarolopuo dife? (2)


4.1.2 Dirisa letlhophi tsotlhe mo polelong e o e itlhametseng. (2)
4.1.3 Kwala polelo e e latelang mo kganetsong.

Phuthologa mma. (2)


4.1.4 Dirisa leina ‘ngwana’ jaaka sediri sa polelo. (2)

91
Setswana HL Grade 11 - LG

4.1.5 Neela lelatodi la lefoko ‘dumela’. (1)


4.1.6 Nyenyefatsa leina ‘motho’ (1)
4.1.7 Dirisa letlhalosi le le ntshofaditsweng go tswa mo temaneng mo
polelong e o e itlhametseng. (2)
4.1.8 Lefoko le le thaletsweng mo temaneng e e fa godimo ke karolo efe
ya puo? (1)
4.1.9 Leina bana le dirisitswe jang mo polelong e e latelang?

Ba ya kwa borekisetsong jwa diaparo tsa bana. (1)


14

Tirwana 5: Tekatlhaloganyo (Setshwantsho


Leba setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso

(1)

5.1 Neela leina la phologolo e e mo setshwantshong. (1)


5.2 Tlhalosa maemo a ikonomi go ya ka setshwantsho. (2)
5.3 Fa o labile kopi e e mo setshwantshong e kaya eng? (2)
5.4 Kopi e e mo setshwantshong e bonwe ka ngwaga ofe? (1)
06

Tirwana 6: Mmuisano/Athikele ya lokwalodikgang/makasine


Kwala mmuisano kgotsa athikele ya lokwalodikgang ya mafoko a a ka nnang 180 -200 ka
NNGWE fela ya ditlhogo tse o di neilweng
6.1 Tsala ya gago e ne ya isiwa kgolegelong dingwaga di le pedi ka ntlha ya fa a
ne a rekisa diritibatsi. Kwala mmuisano o o neng o o tshwere le ena fa o ne [25]
o mo etetse kwa kgolegelong.

6.2 Kwala mmuisano o o neng o o tshwere le tsala ya gago ka dikgwetlho tse o

92
Setswana HL Grade 11 - LG

nang le tsona mo go tsweletseng dithuto tsa gago pele. [25]

6.3 Go na le setlhopha sa batho ba ba rekisang dikoloi tse di seng ka fa


molaong. Kwala athikele ya lokwalodikgang o tsibose morafe/setšhaba ka [25]
setlhopha se

6.4 Bana ba sekolo sa lona ba tsuba hubbly bubbly kwa matlong a boithusetso
ka nako ya dijo. Kwala athikele ya makasine e mo go yona o ba lemosang [25]
ka ditlamorago tsa go tsuba hubbly bubbly.

Tirwana 7: Phasalatso
Buisa temana e e fa tlase mme morago o arabe dipotso

7.1 Neela lekaelagongwe la lefoko baakanya. (1)


7.2 O ka dirisa ditsela dife di le pedi go buisana le setlamo sa PG Glass? (2)
7.3 Fa o lebile Boitumelo jo bo mo sefatlhegong sa monna yo o mo
setshwantshong bo ka tswela setlamo sa PG Glass mosola jang? (2)
7.4 Lwetse ke kgwedi ya bokae mo ngwageng? (1)
7.5 Goreng monna a rwele disireletsi tsa matsogo? (2)
7.6 Nopola Letlhaodi la palo go tswa mo setshwantsong. (2)
10

Tirwana 8: Tshobokanyo

Buisa temana e e latelang mme, morago o kwale tshobokanyo ka go ntsha

93
Setswana HL Grade 11 - LG

dintlha DI LE SUPA ka botlhokwa jwa go itemela merogo.

ELA TLHOKO: O tshwanetse go dira tse di latelang:

1. Sobokanya temana e ka go tlhagisa dintlha di le SUPA, ka botlhokwa jwa


go itemela merogo
2. Kwala ka temana, o dirisa mafoko a gago, mme o sa latlhe bokao.
3. Boleele bo se fete mafoko a a 90.
4. Tshobokanyo e seke ya newa setlhogo.
5. Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo.

GO ITEMELA MEROGO

Go ja tamati e e buduleng fa o ntse o dira mo tshimong go a


itumedisa. Tatso ya tamati e o e rekileng ga e Tshwane le e o e
tsayang mo tshimong. Ga go tlhokege gore o dirise dikhemikhale le
ditshefu tse di bolayang ditshenekegi mo tsshimong ya gago. Fa o
na le malwete kana dintswa le dikatse, o ka dirisa melemo ya
tlholego. Salmonella le Listeria ke malwetse a a itsegeng
mo merogong. Go lema le go ja merogo e e tswang mo tshimong
go fokotsa go tsenwa ke malwetse. Batho ba le dimilllione di le 48
ba tsenwa ke bolwetse ba Salmonella le Listeria ngwaga le
ngwaga. Merogo e e fitlhelwang mo mabenkeleng a magolo e nna
go fitlhela e rekiwa. Merogo e, ga e sa tlhole e le phepa jaaka fa e
ne e tswa mo tshimong. Merogo e e tswang mo tshimong e na le
tatso e e botoka, e bile e siametse boitekanelo jwa mmele. Merogo
e e e jetsweng mo gae ga e battle tshelete e ntsi. Tshimo ya
merogo e dira gore o nne le nako e ntsi o dira kwa ntle. Go nna le
mefuta e le mentsi ya go itshidilola fa o dira mo tshimong jaaka go
epa, go jala le go kotula. Go a kgotsofatsa go bona o jala peo, mme
e gola go nna dijo. Boiteko le tuelo e e tlhamaletseng go tswa mo
tshimong di ka thusa gore o ikutlwe botoka le go tokafatsa mmele
wa gago.
[E nopotswe go tswa mo https://growagoodlife.com]
10

TIRWANA 9: KHATHUNU

Lebelela khathunu e e latelang mme morago o arabe dipotso tse di e latelang.

94
Setswana HL Grade 11 - LG

9.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala a,b,c kgotsa d. (1)


Khathunu e e bua ka bolwetse jwa:
(a) Mafatlha
(b) Kankere
(c) Lebolelamading
(d) Tlhaloganyo
9.2 Dipudula tse di dirisitsweng mo khathunung e, di supa eng? (2)
9.3 Neela tsela e le nngwe fela e motho a ka iphitlhelang a na le
mogare o ka yona. (2)
9.4 Motho a ka efoga jang gore a iphitlhele a na le mogare o? Neela di
le pedi fela. (4)
9.5 Ke kalafi efe e e tsewang go leka go laola mogare o? (1)
10

TIRWANA 10: LEBOKO LE LE SA TLHAOLWANG


(DIPOTSO TSE DI KHUTSHWANE)
Robala Ngwanaka- L.D. Raditladi

Letsatsi le wetse bodikelo.


Meriti ya bosigo ke e, e etla.
Meriti ya bosigo megolo,
Le tidimalo kgolo ke e, e etla.
Didimala tlhe ngwanyana wa me,
Didimala mothonyana wa me.

Kgomo di ngongorela marole,


Dinku di lelela dikonyana,
Le mefiko mo masakeng e ole,

95
Setswana HL Grade 11 - LG

Koko di robatsa dikokwana.


Kgaotsa, kgaotsa, tlhe, ngwananyana wa me,
Kgaotsa, kgaotsa, mothonyana wa me.

Bagami ba mašwi ba a lerile,


Bomogoloo ba a tshetse mo dinkgong.
Rara wa gago letsomo o le ile,
O tla go tlela photi ka legong.
Didimala tlhe ngwanyana wa me,
Didimala mothoyana wa me.

Raago ke maaba a tshwaretse,


O nkabetse phatšwana maloba,
Mašwi a yone e tsoga e a gasitse,
Kgomo ya me botlhe ba a e tshaba.
Kgaotsa, kgaotsa, tlhe, ngwanyana wa me
Kgaotsa, kgaotsa, mothonyana wa me.

Marang a ngwedi a supologile,


Dinaledi di busitse matlho.
Lefifi le lentsho le fitlhile,
Dinonyane di tsenye sesetlho.
Se lele tlhe, selonyana sa me,
Se lele tlhe, mothonyana wa me.

Ke tsoga ke go epela digwere,


Le nakaladi tsa mokapana.
Ke tsoga ke go epela metlhare,
Ke tsoga ke go alafa, mothwana.
Robala fa fatshe motho wa me,
Lala fatshe selonyana sa me.

10.1 Sebokiwa ke eng mo lebokong le le fa godimo le? (1)


10. Fa o bona e ne e ka nna nako mang? (1)
10.3 Ngwana yo o lelela eng? Tshegetsa ka lebaka. (2)
10.4 Ke ponagalo efe ya poko e e mo temaneng ya ntlha, mola wa (2)
botlhano le wa borataro? Mosola wa yona ke ofe?
10.5 Naya maina a diphologolo di le pedi fela tse di fitlhelwang mo (2)
lebokong le.
10.6 Neela ponagalo ya poko e e tlhagelelang mo moleng wa bone wa (2)
temana ya bobedi ya leboko le. Mosola wa yona ke ofe?
10.7 Tlhalosa mola wa ntlha le wa bobedi, mo temaneng ya boraro jaaka (2)
e dirisitswe mo lebokong.

96
Setswana HL Grade 11 - LG

10.8 Ke sekapuo sefe se se tlhagelelang mo moleng wa bobedi wa (2)


temana ya botlhano? Neela mosola wa sona.
10.9 Bana ba dinku ba bidiwa eng? (1)
(15)

TIRWANA 11: MAIKAO/ LEKWALOIKITSISO LE LEKWALOPHELEGETSO


Kwala maikao/ lekwaloikitsiso le lekwalophelegetso ka setlhogo se o tla se neelwang ke
morutabana wa gago. A boleele jwa tiro e, bo seke jwa feta ditsebe di le pedi.
Morutabana a neele barutwana setlhogo sa maikao kgotsa lekwaloikitsiso le
lekwalophelegetso mme a dirise rubiriki ya go tshwaya ditlhangwa tsa
tirisano go tshwaya tiro e. (25)
ELA TLHOKO: O TSHWANETSE GO NEELA BARUTWANA PHASALATSO
YA KOPO YA TIRO GORE BA KGONE GO ARABA TIRO E.

TIRWANA 12: TIRISO YA PUO – DIPAKA TSA LEDIRI


Buisa temana e e fa tlase mme morago o arabe dipotso

12.1 Baile e ne e le ntšwa e ntsho. Mosadimogolo o ne a sa e rate.


Tlhogo ya yona e kgolo e ne e mmoifisa. Baagisane ba ne ba boifa
ntšwa e. Bana, ba ne ka gale ba gana go romiwa kwa go
mosadimogolo. Mong wa ntšwa Thabo, e bong setlogolo se se esi
sa mosadimogolo, o ne a itlhalositse makgetlho a le mmalwa gore
fa koko a sa amogele ntšwa ya gagwe, a ka mpa bogolo a boela
gae ka kagiso.

Letsatsi le mosadimogolo a batlileng go bolaiwa ke pelo, ke fa a


tswa go gola. O ne a fapogela kwa marekelong, mme a reka nama
go tlosa pelo go botologa. E rile a ntse a segelela nama a utlwa
Baile a bogola kwa kgorong. Baile o ne a sianela gape kwa
kgorong go bogola. Mosadimogolo o ne a itshema Baile a bogola
moeng. Go sa itse! O ne a tlogela nama, go ya go thusa moeng. Fa
a goroga kwa kgorong a fitlhlela Baile a bogola legata la sebodu sa
tonki e e sa bolong go swa. A gakologelwa nama ya gagwe. A
fitlhela maloba e le maabane.
[E nopotswe go tswa go Tlhaeletsano
12.1 Bua gore dipolelo tse di latelang di mo pakeng efe:
(a) Baile o ne a sianela kwa kgorong.
(b) O fitlhetse maloba e le maabane.
(c) A mo fitlhela a bogola legata la sebodu sa tonki. (6)
(d) Thabo o tla boela gae.
(e) Baile o tla bo a sianela gape kwa kgorong.
(f) Baile o ne a sianetse gape kwa kgorong.
12.2 Fetolela polelo e e latelang mo dipakeng tse di latelang:
Mosadimogolo o reka nama go tlosa pelo go botologa.
(a) Pakatlang (4)

97
Setswana HL Grade 11 - LG

(b) Pakafetileng
(c) Pakapheti
(d) Pakatlangtsweledi
[10]

TIRWANA 13: ATHIKELE YA LOKWALODIKGANG


Kwala athikele ya lokwalodikgang, ya boleele jwa mafoko a aka nnang 150-180 diteng
fela, ka setlhogo se o tla se neelwang ke morutabana wa gago. (25)

13.1 Morutabana a neele barutwana setlhogo kana ditlhogo tsa athikele ya


lokwalodikgang.
ELA TLHOKO: Athikele e ka nna le setshwantsho, gore barutwana ba tlhaloganye
bonolo.

TIRWANA 14: TIRISO YA PUO –MEDIRISO YA LEDIRI


Buisa temana e e fa tlase mme morago o arabe dipotso.
ELA TLHOKO: LEDIRI LE KA DIRISIWA MO TUMELONG KGOTSA MO
KGANETSONG.
E ne e le la ntlha Ditiro a tlile go bona serapa sa diphologolo.Go
kgatlhega ga gagwe go ne go sa lekane le ga Warona yo o neng a ja
mokaragana ka boitumelo, a sianela mo kgeitšheng nngwe le
nngwe. E rile fa Ditiro le mmaagwe ba atamela lengwe la magora,
Warona a ba supetsa phologolo e e neng e iphitlhile ka matlhare a
ditlhare. 'Ke tshwene!' a goa jalo a ntse a tabogela kwa legoreng le
lengwe. Ditiro a bala diphologolo tsotlhe tse a iseng a ke a di bone –
ditlou, dikgabo, ditau le mefuta e mengwe ya dikgabo. O ne a
itumeletse lepogo thata le le neng le ya kwa pele le kwa morago ka
makoko, e kete ke kgosi e lekola puso ya yona.

Mo gare ga ditselana go ne go na le meetse ya bojang mo batho ba


nnang teng, ba iketla le go tshwarela dipikiniki tsa bona kwa teng.
Rrangwane Baipidi a ba rekela dinotsididi le ditšhipisi. Go ne go le
monate go nna mo bojannyeng, mme o utlweletse medumo ya
diphologolo tse di farologaneng le go šwatlhametsa ga tlhago. Ditiro
o ne a sa dumele gore o fa gare ga toropokgolo ya Tshwane.

[Motswedi: Motse wa Gauta, G Segone]


14.1 Bua gore dipolelo tse di latelang di mo modirisong ofe. (5)
(a) Iketle!
(b) Go iketla go monate.
(c) Warona o ba supetsa phologolo e e iphitlhileng ka matlhare a
ditlhare.
(d) Rangwane Baipidi a ka ba rekela dinotsididi le ditshipisi.
(e) Rangwane Baipidi o a tle a ba rekele dinotsididi le ditshipisi. .
14.2 Fetolela dipolelo tse di fa godimo mo kganetsong. (5)

98
Setswana HL Grade 11 - LG

14.3 Ikwalele dipolelo tse o itlhametseng tsona go ya ka mediriso e e (5)


latelang:
(a) Modirisopego pakajaanong mo tumelong.
(b) Modirisogo mo kganetsong
(c) Modirisokeletso mo tumelong
(d) Modirisotaelo mo kganetsong mo bontsing
(e) Modirisotlwaelo mokganetsong
(15)

TIRWANA 15: TEKATLHALOGANYO YA SETSHWANTSHO


Lebelela setshwantsho se se latelang mme morago o arabe dipotso.

15.1 Motho yo o mo setshwantshong yo, o ja eng? (1)


15.2 Ke phologolo efe e e tlhagisitsweng mo setshwantshong se? (1)
15.3 Ke eng se se go bontshang gore dijo tsa gagwe di bolelo? (2)
15.4 Go ya ka wena, diphologolo tse di tlhagelelang mo setshwantshong (2)
tse, di supa eng?
15.5 A motho yo o jang yo ke monna kgotsa ke mosadi? Tshegetsa ka (2)
lebaka.
15.6 Ke eng se se go bontshang gore dijo tsa gagwe di rokotsa mathe? (2)
(10)

TIRWANA 16: TIRISO YA PUO - MADIRI

99
Setswana HL Grade 11 - LG

Buisa temana e e fa tlase mme morago o arabe dipotso


Mo mosong Dimo a tlosa lentswe mme a otlolola mabogo a gagwe go
apaapaa gore a banna ga ba tswe le dinku le dipodi. Yulisile a leboga
Modimo Seuse fa a dirile gore Polefamase a tlhatlhele diphoko le diphelehu
tse dikgolo mo logageng lo. Diphelehu di ne di na le maboa a magolo. Mo
bosigong Yulisile a bofelela monna yo mongwe le yo mongwe ka fa tlase ga
phelehu mme a golaganya phelehu e nngwe le e nngwe le dinku tse pedi. A
dira gore dinku tse di tsenye phelehu fa gare. O ne a dira jalo ka banna ba
barataro bao ba neng ba setse ka gonne ba bangwe ba ne ba jelwe ke
Dimo. Go ne go setse phelehu e le nngwe e kgolo e e neng e di feta tsotlhe
mme ene a itshwarelela ka boboa jwa yona ka fa tlase.
E rile fa dinku di tswa, Polefamase a di fophola tsotlhe ka fa godimo mme a
sirega go di fophola ka fa tlase. La bofelo ga tswa phelehu e kgolo. Dimo a
re:” Kee ng gompieno o tswa morago, e tswe ka metlha o etelela letsomane
pele. E kete o ka be o bua, wa be o mpolelela gore dinokwane tsele di
iphitlhile fa kae.’ Fa a sena go bua jaana a letlelela phelehu go feta.

16.1 Neela mefuta e mebedi fela ya madiri (2)


16.2 Neela mefuta e le meraro ya madirimatswa (3)
16.3 Mo mafoko a a mo masakaneng mo dipolelong tse di latelang
tlhopha lefoko le le tla dirang gore polelo e siame:
(a) Basimane ba (lomana, lomisa) ka meno. (1)
(b) Rakgadi o (rekiwa, rekisa) mesese e mentle. (1)
(c)Mme o roka borokgwe jo bontle gonne lesela le, le (rokega, (1)
rokela) sentle.
16.4 Bua gore mafoko a o a tlhophileng ke mofuta ofe wa madirimatswa (3)
16.5 Dirisa lefoko gotsa mo dipolelong tse pedi go supa bokao jo bo (2)
farologaneng.
16.6 Bopa lefoko le lešwa ka lefoko le le mo masakaneng le le tla dirang
gore polelo e siame:
(a) Tshimo e (lema) sentle gonne ga e a kolobela thata. (1)
(b) Modise o (rata) Mosidi gonne ka gale ba mmogo. (1)
15

Tirwana 17: Tiriso ya Puo - THUTAPUO


Buisa temana e e fa tlase mme morago o arabe dipotso
1 A leba tshupanako pele a re: “Mogatsake o fetetse kwa Hoopstad ka merero
ya tiro, mme o solofeditse go tla go ntsaya ka ura ya bone’. O ne a mo lotlegela
jaaka a ne a swelwa ke batsadi a sa le mmotlana, mme a godisiwa ke ba losika
ka go refosana. Bangwe ba ne ba mmogisa a ba a inaya naga. La bofelo a ipona
a fetogile ngwana wa mo mebileng. 5

2 E rile a le dingwaga di le lesomethataro, a iponela tiro kwa lapeng la ga rre le


mme Greenhoff ba Maesimane. O ne a nna kwa kamoreng e e kwa morago mo

100
Setswana HL Grade 11 - LG

segotlong sa Maesimane jaaka bommaarona ba ne ba dira mo metlheng ele e go


neng go direlwa basweu fela mo digaising tsa bona.

3 O ne a tswelela go tlhalosa jaaka bathapi ba gagwe ba ne ba setse ba mo 10


tsere jaaka ngwana wa bona ka ba ne ba ba tlhoka. O ne a ba lotlegela tsa
motsing ba neng ba tsamaile go jela malatsi a khunologo jaaka lelapa kwa
setlhakatlhakeng sa “Mauritius”.

4 Mmawena. E le la ntlha ke palama sefofane, e le la ntlha ke tswela ka kwa ntle


ga naga ya gaetsho e bile e le la ntlha ke utlwa monate wa botshelo. 15
[ E nopotswe go tswa mo go Ke go jetse eng? ka P. Tsheola]
17.1 Tlhopha karabo e e maleba.
Polelo e e thaletsweng mo meleng ya 14 le 15 ke …
A polelonolo
B polelotswako
C polelopate
D polelwanakutu (1)
17.2 Fetolela polelo e e ntshofaditsweng (mela 3 le 4) mo go tira (1)
17.3 Naya paka ya polelo e e thaletsweng. (mela 4 le 5) (1)
17.4 Nopola lediriletlhaedi mo moleng wa 10, o bo o le dirise jaaka lediritota
mo polelong. (2)
17.5 Naya sekao sa lediredi go tswa mo temaneng. (1)
17.6 Leinatswako “Mmawena” le bopilwe ka dipopego dife tsa puo? (2)
17.7 Dirisa lefoko “ntlha” mo polelong e o itlhametseng yona go supa bokao jo
bo farologaneng le jo bo mo temaneng. (2)
[10]

TIRWANA 18 TSHOBOKANYO
Buisa temana e e fa tlase ka kelotlhoko mme o sobokanye ka mafoko a gago. Boleele e nne mafoko a
a ka nnang 80-90. Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo.
“Bana ba gompieno ga ba na ditlhong tsa go isa batsadi ba bona diatla. Ke raya gore
ngwana o mo tsetse mme morago a go ise seatla! A matlhabisaditlhong!” Ga ikutlwatsa
Matshwenyego. Matlawe ga a ka a itlhaganelela go tswelela ka kgang, a ba letla go
kgakgauthana ka ntlha e a sa tswang go e tlhagisa. A kgatlhegela go bona difatlhego tse di
neng di sontse e kete motho a tsamaya a lebagane le letsatsi le le mogote o o ntshang
Tlhapi mo metsing, di phuthologile. Se a neng a se itumelela ke gore o ba tsentse mo a
batlang.

‘Bana ga ba itire fa ba dira jalo. Ba a bo ba tlhotlheleditswe ke rona batsadi. Tshwaro e e


maswe e tlisa letlhoo magareng ga ngwana le motsadi. Mme letlhoo le tsala ipusolosetso.
Bana ba ba tshwerweng makgwakgwa mo malapeng a bona ba mela mowa wa
ipusolosetso. Jaanong batsadi ikeleng tlhoko mo kgodisong ya bana. Se sulafatseng
matshelo a bona. Modimo o re neetse bana jaaka mpho e re tshwanetseng go e itumelela,
go ba godisa le go ba naya lorato lwa mmatota. A re se ba tshware jaaka makgoba, gonne
le kwa dikgolegelong go tsentswe mokgwa o o siameng wa setho wa go dirisana le
bagolegwa. A re inaakanyeng le diphetogo re tlogele go gatela kwa morago. Batsadi
bangwe ba re ba batla gore bana ba ba tlotle ka go ba gagamaletsa molao mo lelapeng. Go
na le pharologanyo mo go tlotleng le go tshabeng motho. E ke ntlha e bontsi bo sa e
lemogeng. Ke sa boeletsa. Ke monnye fela ka re a re se nyatse dikgakololo tsa bana ka
gonne ke bona ba ka re fatlhololang.”

101
Setswana HL Grade 11 - LG

A digela kgang ya gagwe.


“Re go lebogela matsapa le dikeletso tsa gago. Ruri o re lemositse dilo tse re neng re sa di
elelelwe. Ke ne nka itumela fa lo ne lo ka bitsa pitso ya batsadi mme la ba lemosa dintlha di
tshwana le tse o di buileng.” Seo se ka thusa go tokafatsa tirisano magareng ga bana le
batsadi; le go godisa bana ka tsela e e amogelesegang.
[E nopotswe go tswa go Motho ga a itsiwe, S M Mabuse]

Tirwana 19: Leboko le le sa tlhaolwang


Buisa leboko le le latelang mme morago o kwale tlhamo ka diteng tsa lona ka mafoko a gago. Boleele
jwa tlhamo ya gago e nne mafoko a a ka nnang 250-300.

NGWANAKA, O TSETSWE – GK SETOU

1 Ke go tlisitse mo lefatsheng
2 Ke le tshokolong le tshotlegong,
3 Ka go adimela ka ke se mengatong,
4 Go fitlha o tsena kgagabong,
5 Ka e tshwara bogaleng, ka re ngwana o ntswa mpeng.

6 Ke ne ke le kobo di magetleng,
7 Ka go isa thutong ya sešwa tlhabologong,
8 Ka go kotlopisetsa ka go kgobokanyetsa letsogong,
9 Ka bo ka ineela go ratharatha lenaong
10 Go na le gore o boe sekolong.
11 O ne o nkitse ke le monyo o nyang marigeng.

12 Ke ne ka go itshokela ngwanaka,
13 Ka mephato ka nna ka go tlhatlosa,
14 Ka tshepo ya gore nna kgakakgolo ga ken a mebala,
15 Mebala ke tshepile e le mo go wena,
16 Gona jaanong o khwekhwentha seeng,
17 O lebala fa ke go tsetse ka Setswana.

18 Tsona diatlanyana tse di tsofetseng tse,


19 Ona matsogonyana a a tsutsubanyeng a
20 A go godisitse; a go dirile ke-a-thaisa.
21 O lebetse fa rraago a ikhuditse malobeng,
22 A bolaiwa ke serame se mo tsene marapong,
23 Serame ka ntlha ya go bapalela tsetse.

24 Ke eng kajeno ke lejwa ke mang?


25 Ka le dikala tsa mobudu di setse di bonala,
26 Ka lela dikeledi tsa madi e seng tsa mathe,
27 Ka re ngwanaka nkutlwa, nkgadime, nkgotsofatse la bofelo.
28 Ka re tlogela legaagaa le mahumo a lefatshe.
29 Ka tsotlhe e le mogokitla o o tlileng go dutla.
[10]

102
Setswana HL Grade 11 - LG

Tirwana 20: Dipotsotherisano


Kwala potsotherisano ya mafoko a a ka nnang 180 -200 ka NNGWE fela ya ditlhogo tse o tla di
newang ke morutabana wa gago.
Morutabana a neele barutwana ditlhogo di le pedi tse di farologaneng tsa
dipotsotherisano mme ba tlhophe se le sengwe fela. [25]

Tirwana 21: Tiriso ya Puo -


Buisa temana e e fa tlase mme morago o arabe dipotso
1 Matlhatso ka mampa a podi, dikgwedi tse tshela morago ga bolwetse jo
jwa ga Diarona, ba ala mapae mo motlhong go reetsa seyalamowa sa ga
Dan: e le Diarona, Maria le Dan. Gangwe le gape ba latlhela lefoko mo go
ena go mo tsibosa mo bodutung jo o neng a tlhola mo go jona a ba a araba
ka lefoko kgotsa ka tidimalo. Maria a gakologelwa gore ga a ise a mmolelele ka
5
ga lenyalo la boStella.

2 E ne e le kgang e ba sa bolong go e suga: gore a ba mmolelele, kgotsa nnyaya. E le


tshwana ya mošate, ba sa itse gore o tlaa tsaya mafoko a jang. Fa a rototse matlho,
ka dintshi e keteng boditse jwa pitse, ntshi e ka tsena mo leitlhong ya ba ya tswa
a
sa utlwa sepe. A phirimile mogopolo, a jele baleanye.
10

3 Dan a gana go bolelelwa gonne a bona fa letlhoo la ga Stella e le lona le sa ntseng


le
mo tshwere, le kitso ya gore ga go na go ba senyetsa sentlhaga sa bona. A lemoga
gore fa a ka itse gore di bekere, go tlaa bo go sa tlhole go le sepe se se mo
tshwereng.
14
[E nopotswe go tswa go Mosadi Mooka: DPS Monyaise ]
21.1 Leina “tidimalo” le dirisitswe jang mo moleng wa 5? (1)
21.2 “Maria a gakologelwa gore ga a ise a mmolelele ka ga lenyalo la boStella” ke (1)
mofuta wa polelwana efe?
21.3 Fetolela polelo e e ntshofaditsweng mo temaneng ya 2 mo kganetsong (2)
21.4 Fetolela polelo e e latelang mo tirweng;
Letlhoo la ga Stella le ne le sa ntse le mo tshwere. (2)
21.5 Leinatswako “seyalemowa” le bopilwe ka dikarolopuo dife? (2)
21.6 Feleletsa polelo e: Ke tshwana ya mošate, wa … (2)
[10]

Tirwana 22: SETSHWANTSHO


Leba setshwantsho se se latelang ka kelotlhoko mme morago o arabe dipotso.

103
Setswana HL Grade 11 - LG

22.1 Batho ba ba mo setshwantshong ke bomang? (1)


22.2 Goreng ba apere ka mokgwa o? (1)
22.3 Naya megare efe e mebedi e e aparelwang kwa mokgwa o. (2)
22.4 Ke dirutwa dife tse pedi tsa marematlou tse di maleba tse di tshwanetse-
ng gore o bo o di ithutile go dira tiro e e fa godimo?
(2)
22.5 A ke ntlha kana kakanyo gore botshelo jwa motho mo polaneteng ya rona
bo tla nyeletswa ke mogare? Fatlhela. (2)
22.6 Naya ditsela di le pedi ka mo re ka itshireletsang kgatlhanong le megare. (2)
[10]

Tirwana 23: Papatso


Sekaseka papatso e e latelang mme morago o arabe dipotso tse di e tlhatlamang.

104
Setswana HL Grade 11 - LG

23.1 Go bapatswa eng go ya ka papatso e e fa godimo? (2)


23.2 Go ya ka setshwantsho se se fa godimo dithuto di tlaa simolola neng? (1)
23.3 Neela malepa kgotsa ditogamano tsa papatso di le pedi fela, tse di
akareditsweng mo papatsong e? (2)
23.4 Ke ka ntlha ya eng go dirisitswe malepa a o a neetseng mo godimo a
papatso? (2)
23.5 Ke dintlha dife tsa botlhokwa tse di tlhaelang mo papatsong e? (2)
23.6 Dithuto tse di tla gasiwa ke seteishene sefe sa kgaso? (2)
23.7 Nopola moono wa seteishene se. (1)
[12]

TIRWANA 24 POKO Leboko le le sa tlhaolwang


Buisa leboko le le latelang, mme o arabe dipotso
SEETEBOSIGO – LD Raditladi

1 Rra, se ole bosigo, o tlaa gatsela.


2 Ngwana, o tlaa gadipana monwana,
3 Dikeledi matlhong di tlaa elela,
4 Dinko di tlaa tshologa lemina.
5 Naka borwa e tlhabile go rena,
6 Bonang tse dingwe ga di a tlhalefa,
7 Le ngwedi ga a phatsime, o a boifa.

8 Ga gona le motho o gatang sekau,


9 Re tsofetse jang go tsweng maloba,
10 Dinao tsa rona ke maroo a tlou,
11 E kete banana ba maloba,
12 Tsa batho bas a bolo go tshaba,
13 Lobelo lo ba remile dinao,
14 Ba gata e kete ba dira dinyao.

15 Serepoding ntšwa e a ngunanguna,


16 E ntse e roromisa le dirope,
17 O ka re e ka lopa Tintibana
18 A e bipa mmele ka morogo wa thepe.
19 Godimo a e rulelela mogope
20 Kwa sekgwameng sele sa matlhware,
21 Tlhareng di tlhotlhoregang matlhare

22 Matlhare a phaphasela godimo,


23 O ka re dinku di fula phefong.
24 Le ditlhare di supa mmopamo,
25 Ke matlharapana fela a dikgong.
26 Ditsitsiri ga di yo dikobong,
27 Madi a batho tota ga di a senke,
28 Di maname tsotlhe, ga di a mmake.
24.1 Kgangkgolo ya leboko le, ke efe? (2)

105
Setswana HL Grade 11 - LG

24.2 Tlhalosa mola 1 go ya ka diteng tsa leboko. (2)


24.3 Naya sekapuo se se mo moleng 8 le mosola wa sona. (2)
24.4 Go ya ka ditemana tse di fa godimo, o ithutile eng ka ga kgwedi e ya
seetebosigo? (2)
24.5 Ke maikutlo afe a a tlhagiswang ke mmoki, o bo o tshegetse karabo ka
lebaka. (2)
[10]

106

You might also like